Jump to content

Hendrik Witbooi (mopolotiki)

Go tswa ko Wikipedia
Hendrik Witbooi
Mothusa tonakgolo ya Namibia
PresidentSam Nujoma
Pele Ga GagweLibertina Amathila
Tona wa tsa pereko
Ka Ga Ena
O tsetsweFirikgong a le malatsi a supa ngwaga wa 1934
Gibeon,Hardap
O TlhokafetsePhalane a le lesome le boraro ngwaga wa 2009
Windhoek
Mosetshaba waNamibian
TiroMopolotiki

Hendrik Witbooi (leina la gagwe la setso !Nanseb IGabemab; o o tshotsweng ka Firikgong a le malatsi a supa ngwaga wa 1934 a tlhokafala ka Phalane a le lesome le boraro ngwaga wa 2009) e ne e le mopolotiki wa kwa Namibia ebile e le kgosi ya bosupa ya morafe wa IKhowesin.[1] E le leloko la SWAPO go tswa ka ngwaga wa 1976 go fitlhelela a tlhokafala, Witbooi o ne a tla le merafe e e farologaneng e le mmalwa ya Nama mo lekgotleng leo la kgololesego.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

A kile a isiwa kgolegelong makgetho a le mantsi a nako ya ntwa ya boipuso ya Namibia, Witbooi o tlhophilwe pele go nna mothusa tautona wa SWAPO ka ngwaga wa 1984, a tlhophiwa gape labofelo ka ngwaga wa 1997. E le leloko la palamente ka 1989 go tsena 1990, Witbooi o berekile mo palamenteng go fitlhelela a ithola marapo ka 2004, o kile a nna mo fa bosupi gape go tswa ka 1990 go tsena 1995 fa a le tona wa tsa pereko le tlhabololo babereki.[2]

Witbooi o ne a nna mothusa tonakgolo wa Namibia wa ntlha ka 1990. O nnile mo maemong ao go fitlhelela ka 2005.[3]

Ka Phalane ngwaga wa 2009, Witbooi o ne a itemogela mathata a tsa botsogo a idibala kwa sepateleng sa roma sa kwa Windhoek.[4] O tlhokafetse ka Phalane a le lesome le boraro ka ntlha ya kankere.[5]

Witbooi e ne e le kokomane ya ga Hendrik Witbooi, moeteledipele o a neng a goga ba ba mosetseng morago kgatlhanong le bokolone jwa Yuropa.[1]

  1. 1 2 Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, W". klausdierks.com. Retrieved 02 October 2025
  2. Official biography from the National Assembly of Namibia Archived September 19, 2003, at the Wayback Machine
  3. "Former Deputy Prime Ministers". OPM - Office of the Prime Minister of Namibia. Archived from the original on 2022-12-06. Retrieved 02 October 2025.
  4. Christof Maletzky (13 October 2009): Witbooi critical. The Namibian
  5. Luqman Cloete, Christof Maletzky (14 October 2009): Reverend Witbooi passes. The Namibian