Jump to content

Henock Kankoshi

Go tswa ko Wikipedia

Henock Tangeni Kankoshi (o o tshostweng ka Lwetse a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 1965) ke mopolotiki wa kwa Namibia. O berekile e le molaodi wa kgaolo ya Oshikoto, a tlhatlhama Penda Ya Ndakolo ka 2015. Fa lobaka lwa gagwe lo wela ka Moranang 2020, Ya Ndakolo o ne a nna molaodi wa Oshikoto gape.[1][2]

Kankoshi o tsholetswe kwa kgaolong ya botlhophi ya Onyaanya a ya sekolong kwa Ondangwa. O tsene sekolo se segolwane sa Ongwediva College of Education ka 1984 go tsena 1985, a nna morutabana. Ka 2004 Kankoshi o ne a tlhophiwa mokhanselara wa kgaolo ya Onyaanya. O ne a tlhophiwa go emela kgaolo kwa khanseleng ya lefatshe.[3]

Kankoshi o ntse a tsaya karolo mo SWAPO fa e sale pele ga boipuso. O berekile e le morulaganyi wa phathi kwa kgaolong ya Oshikoto go tswa ka 2002 go tsena 2004, o berekile gape mo komiting ya legare ya phathi eo. Kankoshi o kwadile buka ya Ampundja ya Kula Nahe Ambambi Ya Putuka nayina e e gatisitsweng kwa Namibia.[3]

  1. "President announces governors". The Namibian. 10 April 2015. Archived from the original on 14 April 2015. Retrieved 21 October 2025.
  2. Nawatiseb, Engel. "Oshikoto governor creates awareness". pp. New Era. Archived from the original on 16 August 2016. Retrieved 21 October 2025
  3. 1 2 "Who's Who, Kankoshi, Henock Tangeni - Swapo". Namibian Institute for Democracy. Archived from the original on 5 May 2012. Retrieved 21 October 2025