Jump to content

Hilda Kibet

Go tswa ko Wikipedia

Hilda Kibet (o tshotswe ka kgwedi ya Mopitlwe e le masome a mabedi le bosupa (27) ka ngwaga wa 1981 kwa Kgaolong ya Keiyo) [1]ke motabogi wa Mo-Dutch yo o tsholetsweng kwa Kenya. Ke kgaitsadie Sylvia Kibet le setlogolo sa ga Lornah Kiplagat. O ne a bona boagi jwa Mo-Dutch ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2007.

Molekane wa ga Kibet wa nako e telele ke motabogi wa marathone wa Mo-Dutch e bong Hugo van den Broek. Ba ne ba kgaoganya nako ya bone fa gare ga Iten, kwa Kenya le Castricum, kwa Netherlands.[2] Rakgadi wa gagwe yo mogolo, yo o mo fetang ka dingwaga di le thataro fela, ke motabogi ka ene Lornah Kiplagat.[2]

Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele

[fetola | Fetola Motswedi]

Hilda Kibet yo o fentseng kgaisano ya ngwaga wa 2012 ka nako ya 1:09:27.

O fentse motseletsele wa dikgaisano tsa go taboga mo tseleng ka 2007, go akaretsa le: Halofo ya Marathone wa Egmond, Halofo ya Marathone wa Toropo ya New York, Loop ya Toropo-Pier-City, Parelloop le Tabo ya London ya dikilometara di le 10 ya Borithane. Ngwaga o o latelang o ne a fenya New York Mini 10K, a tlhatlhama rakgadiagwe yo mogolo Lornah Kiplagat, mme a dira lekgetlo la gagwe la ntlha la Diolimpiki kwa Diolimpiking tsa ngwaga wa 2008 kwa Beijing, kwa a neng a le wa bolesometlhano mo dimitara di le 10 000. O ne a gapa sekgele sa basadi kwa Dikgaisanong tsa Yuropa tsa ngwaga wa 2008 tsa go Kgabaganya Dithaba kwa bokhutlong jwa ngwaga.

O ne a taboga kwa World 10K Bangalore ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa 2009 mme le fa e ne e le mongwe wa ba ba neng ba ratiwa thata pele ga lobelo, o ne a nna mo maemong a bone ka kakaretso.[3] O ne a boa ngwaga o o latelang, mme a kgona fela go nna mo maemong a borataro.[4]

O ne a simolola ngwaga wa 2010 ka go taboga go go gaisang ga gagwe ga 1:08:39 kwa Halofo ya Mmarathone wa RAK. Kibet e ne e le ene fela motabogi yo o neng a tlhophilwe go emela Netherlands kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa IAAF tsa ngwaga wa 2010 mme o ne a fetsa mo maemong a bolesome mo lebelong la bagolo.[5] Moragonyana mo pakeng o ne a taboga mo 10,000 m kwa Dikgaisanong tsa Diatleletiki tsa Yuropa tsa ngwaga wa 2010, mme o ne a foswa fela ke dimmentlele ka go fetsa mo maemong a bone morago ga Jéssica Augusto. O fentse Dam tot Damloop ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2010, a taboga ka bonako go gaisa tsotlhe tsa dimaele di le lesome (10) tsa paka (51:30), mme a fenya rakgadiagwe Lornah Kiplagat.[6]Kwa Marathone wa Frankfurt ka Diphalane o ne a taboga nako e e gaisang ya gagwe ya 2:26:23, e e neng e lekane fela go nna mo maemong a borataro mo lobelong lo lo bofefo.[7]

Lobelo lwa gagwe lwa ntlha lwa ngwaga wa 2011 e ne e le RAK Half Marathon gape, mme o ne a le bonya ka motsotso go feta ngwaga o o fetileng mme a nna mo maemong a borataro.[8]O ne a dira botoka thata kwa Marathone wa Rotterdam ka Moranang, koo a neng a nna wa bobedi ka go taboga ga diura di le 2:24:27 fela morago ga Philes Ongori.[9]E ne e le motabogi wa ntlha wa Mo-Dutch go fetsa kwa Montferland Run ka Sedimonthole, a tsaya maemo a boraro ka kakaretso.[10]

Kibet o ne a leka go fenya lekgetlo la boraro mo botshelong jwa gagwe kwa Egmond Half Marathone, mme a fetsa mo maemong a boraro.[11]O ne a fenya kwa Göteborgsvarvet ka kgwedi Motsheganong ka go taboga diura di le 1:09:27, [12]mme a tsaya maemo a boraro kwa New York Mini 10K kgwedi moragonyana. [13]O ne a tlhophiwa go taboga marathone kwa Diolimpiking tsa London tsa ngwaga wa 2012 mme o ne a kgona go tsaya maemo a bo masome a mabedi le bone (24) ka nako ya gagwe ya diura di le 2:28:52. Tabo ya gagwe e e gaisang ya paka e ne ya tla kwa Marathone wa Turin, kwa a neng a taboga ka 2:25:46 e le mofenyi wa bobedi morago ga Sharon Cherop, yo o neng a thuba rekoto ya khoso.[14]

O ne a tlhoma selekanyo se sesha sa halofo ya mmarathone ka go taboga metsotso e le 67:59 go nna wa bone kwa Halofo ya Mmarathone wa Roma-Ostia ka kgwedi ya Tlhakole ka ngwaga wa 2013.[15] E ne e le moatlelete yo o bofefo go gaisa botlhe kwa Marathone wa Rotterdam ka go nna mo maemong a boraro ka diura di le 2:26:42.[16]

Dintlhakgolo tsa tiro

[fetola | Fetola Motswedi]
Dutch National Championships
2008 - Schoorl, 1st, 10 km
Other achievements
2004 - Groningen, 1st, 4 Mijl van Groningen
2004 - Brunssum, 1st, Parelloop
2005 - Breda, 1st, Bredase Singelloop
2005 - Manchester, 3rd, Great Manchester Run
2005 - Egmond aan Zee, 1st, Egmond Half Marathon
2006 - Tilburg, 2nd, Warandeloop
2006 - Groningen, 1st, 4 Mijl van Groningen
2006 - Egmond aan Zee, 2nd, Egmond Half Marathon
2007 - Egmond aan Zee, 1st, Egmond half marathon
2007 - The Hague, 1st, City-Pier-City Loop
2007 - Brunssum, 1st, Parelloop
2007 - London, 1st, British 10km London Run
2007 - New York City, 1st, New York City Half Marathon
2007 - Amsterdam – Zaandam, 2nd, Dam tot Damloop
2008 - Brussels, 1st, European Cross Country Championships
2008 - Montferland, 1st, Montferland Run
2009 - Amman, 6th, IAAF World Cross Country Championships
2009 - Amsterdam – Zaandam, 2nd, Dam tot Damloop
2009 - Amsterdam, 3rd, Amsterdam Marathon

Dilo tse di gaisang

[fetola | Fetola Motswedi]
Distance Mark Date Location
10 km 31:01 10 February 2008 Schoorl, Netherlands
15 km 48:03 19 September 2010 Zaandam, Netherlands
10 miles 51:21 20 September 2009 Zaandam, Netherlands
20 km 1:05:12 19 February 2010 Ras Al Khaimah, UAE
Half marathon 1:07:59 3 March 2013 Roma-Ostia, Italy
Marathon 2:24:27 10 April 2011 Rotterdam, Netherlands
  1. Hilda Kibet Archived 2 May 2013 at the Wayback Machine. London2012. Retrieved 4 March 2013
  2. 1 2 Clarey, Christopher (28 March 2009). "Hilda Kibet, Kenyan by Birth, Is Dutch Cross-Country Hope". The New York Times. Retrieved 28 March 2009.
  3. Krishnan, Ram. Murali (31 May 2009). "Merga and Mergia take thrilling 10km victories in Bangalore". IAAF. Archived from the original on 23 July 2009. Retrieved 9 June 2010
  4. Krishnan, Ram. Murali (23 May 2010). "Mbishei, Yimer the surprise winners in Sunfeast World 10K". IAAF. Retrieved 27 April 2016
  5. Henderson, Jason (27 March 2010). "IAAF hits back at World Cross criticism". Athletics Weekly. Archived from the original on 29 March 2010. Retrieved 30 March 2010
  6. van Hemert, Wim (20 September 2010). "Fast ten mile runs for Kibet and Mwangangi in Zaandam". IAAF. Retrieved 27 April 2016
  7. Edwards, Andy (31 October 2010). "Fast Kenyan double in Frankfurt; 2:04:57 and 2:23:25". IAAF. Retrieved 27 April 2016
  8. Hutchings, Tim (18 February 2011). "Keitany smashes Half Marathon World record in Ras Al Khaimah - UPDATED". IAAF. Retrieved 27 April 2011
  9. van Hemert, Wim (10 April 2011). "Chebet impresses with 2:05:27 victory in Rotterdam". IAAF. Retrieved 27 April 2016.
  10. van Hemert, Wim (4 December 2011). "Langat and Afework the big winners in 's Heerenberg". IAAF. Retrieved 27 April 2016
  11. van Hemert, Wim (9 January 2012). "In debut, Wolde sets course record at Egmond Half Marathon". IAAF. Retrieved 27 April 2016
  12. Elmrin, Nicklas (13 May 2012). "Isabellah en nöjd femma". Göteborgs-Posten. Archived from the original on 18 May 2012. Retrieved 14 May 2012
  13. "Kiplagat Owns Central Park at 40th Anniversary women's 10K". IAAF. 6 June 2012. Retrieved 27 April 2016
  14. Sampaolo, Diego (18 November 2012). "Cherop and Terer dominate in Turin". IAAF. Retrieved 14 February 2013.
  15. Sampaolo, Diego (3 March 2013). "Kiprop and Cheyech triumph in Roma-Ostia Half]". IAAF. Retrieved 4 March 2013.
  16. van Hemert, Wim (14 April 2013). "Regassa and Jelagat triumph in Rotterdam". IAAF. Retrieved 18 April 2013