Jump to content

Hinda Déby Itno

Go tswa ko Wikipedia
Hinda Déby Itno
Mohumagadi wa Chad
In office
Phalane a le malatsi a mabedi ngwaga wa 2005 – Moranang a le masome mabedi ngwaga wa 2021
PresidentIdriss Deby
Pele Ga GagweHadja Halime
Morago Ga GagweDahabaya Oumar Souni
Mohumagadi wa African Union
In office
Firikgong a le malatsi a a masome mararo ngwaga wa 2016 – Firikgong a le masome a mararo ngwaga wa 2017
PresidentIdriss Deby
Pele Ga GagweGrace Mugabe
Morago Ga GagweDjene Kaba Condé
Ka Ga Ena
O tsetsweMoranang a le malatsi a matlhano ngwaga wa 1980
N'Djamena
Mo/BakapeloIdriss Déby
BanaBana ba le batlhano

Hinda Déby Itno (o o tshotsweng ka Moranang a le malatsi a matlhano ngwaga wa 1980) ke mohumagadi wa pele wa Chad, o o berekileng go tswa ka 2005 go tsena 2021. E ne e le mosadi wa ga tautona wa pele Idriss Déby.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Itno o tsholetswe kwa toropokgolo ya Chad N'Djamena ka 1980, ke ngwana wa ga Mahamat le Mariam Abderahim Acyl. Rraagwe e ne e le moemedi wa Chad kwa mafatsheng a mangwe o o berekileng kwa ofising ya kemedi ya Chad kwa Washington D.C. Ene e le mokwaledi wa lefatshe wa botsogo, pereko le selegae go tswa ka Phukwi ngwaga wa 1976 go tsena Lwetse 1978.[1] Rraagwe o ne a ithola marapo morago ga go bereka dingwaga di le dintsi e le mogakolodi kwa N'Djamena, mme o ne a thapiwa go nna moemedi wa Chad kwa Sudan ka 2010.[2]

Ka Phalane a le malatsi a mabedi ngwaga wa 2005, o ne a nna mosadi wa tautona wa Chad, a bidiwa mohumagadi, ka a ne a na le basadi ba bangwe.

Ka 2014, go ne ga tlhamiwa lekgotla la khansele ya basadi ka kemo nokeng ya gagwe. Achta Djibrine Sy o ne a nna mothusa autona wa lekgotla leo le le neng le lwantsha tlhaolele.[3]

Itno o ne a ratela Sy go bereka ka thata. Ka Phatwe a le lesome le motso ngwaga wa 2019, Sy o ne a thapiwa ke tautona wa Chad Idriss Deby Itno go nna tona wa dikgwebo le mehama, le maphata a a ikemetseng.[4][5]

Ka 2017, ka molao wa France, o ne a fiwa boagedi jwa France le bana ba gagwe ba batlhano, ba botlhe ba tsholetsweng kwa France. Lefatshe la Chad le letla banni ba lone go nna le boagedi jwa mafatshe a mabedi.[6]

Itno o thapilwe go nna moemedi o o faphegileng wa thibelo ya HIV ke lekgotla la UNAIDS le le ikaelelang go fedisa bolwetsi boo ka 2030.[7]

  1. ↑ "Tchad: L'incroyable biographie de Hinda Deby". tchadrevolution (in French). 25 January 2017. Retrieved 29 October 2025
  2. ↑ Alhadj Botouni ma Sandouk (2 March 2010). "Un succès story à la tchadienne: The Hinda family's". makaila.f (in French). Retrieved 29 October 2025
  3. ↑ "Site Officiel de la Présidence de la République du Tchad". presidence.td. Archived from the original on 15 November 2019. Retrieved 29 October 2025
  4. ↑ Achta Djibrine Sy, 12 November 2019, retrieved 29 October 2025
  5. ↑ "Tchad: Achta Djibrine Sy prête serment comme ministre du Commerce". Tchadinfos.com (in French). 20 August 2019. Retrieved 29 October 2025
  6. ↑ "Tchad : comment la première dame est devenue française". JeuneAfrique.com (in French). 27 January 2017. Retrieved 29 October 2025
  7. ↑ "First Lady of Chad Hinda Deby Itno, UNAIDS Special Ambassador for the Prevention of HIV and the Protection and Health of Adolescents". unaids.org. Retrieved 29 October 2025