Jump to content

History of Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Tholego ya Botswana e akaretsa tholego ya bogologolo jwa naga le ditso tsa merafe ya kgaolo eo, puso ya bokolone ya ga Mmamosadinyana e bitswa Bechuanaland, le lefatshe la gompieno la Rephaboliki ya Botswana. Batho ba ntlha ba mo nakong ya sejoale-joale go nna mo Botswana e ne e le Basarwa, mme temo e simolotse go tlhabologa dingwaga di ka nna 2,300 tse di fetileng. Batho ba Bantu ba ntlha ba gorogile ka c. 200 AD, mme Batswana ba ntlha ba ne ba goroga dingwaga di ka nna makgolo a mabedi morago ga moo. Batswana ba ba ne ba ikgaoganya go nna merafe e e farologaneng mo dingwageng tse di sekete tse di latelang fa go fuduga go ne go tswelela mo kgaolong eo, go felela ka Mfecane mafelong a ngwaga wa bo 1800. Batho ba kwa Yuropa ba ne ba simolola go kopana le bone ka 1816, mme seo se ne sa dira gore go nne le tumelo ya Sekeresete mo kgaolong eo.

Ka ntlha ya matshosetsi go tswa kwa lefatsheng la Jeremane ba German South West Africa le ma Afrikaner, dikgosi tsa Batswana tse di neng di na le maatla a magolo di ne tsa buisana ka go kopa tshireletso kwa go Mmamosadinyana ka ngwaga wa 1885. Mmamosadinyana o ne a ne a kgaoganya Botswana ka dikgaolo tsa semorafe gore kgaolo e nngwe le nngwe e busiwe ke kgosi ya yone, a naya dikgosi tse maatla a a fetang a di neng di na le one pele, mme ka tsela nngwe ba ne ba na le taolo e e lekanyeditsweng fela ya ka tlhamalalo mo nageng e ba neng ba e sireletsa. Puso ya Mmamosadinyana e ne ya nna le seabe se segolo go simolola ka bo1930. Botswana e ne ya tshegetsa go nna le seabe ga Mmamosadinyana mo Ntweng ya Lefatshe ya Bobedi mme bontsi jwa bone ba ne ba lwa e le karolo ya African Auxiliary Pioneer Corps.

Go ne ga nna le ngangisano ya bogosi ka dingwaga tsa bo1950 fa kgosi ya Bangwato, Seretse Khama, a ganetsana le mmusimogolo wa gagwe, Tshekedi Khama. Lenyalo la ga Seretse le mosadi wa lekgoa, Ruth Williams Khama, le ne la dira gore Baesemane ba mo thibele go tsena mo nageng e e neng e ba sireletsa. O ne a boa ka 1956 a engwe nokeng ke bontsi jwa batho, mme merafe e ne ya simolola go nna le puso e e itlhophelwang go bopiwa puso ya batho ka batho. Palamente ya bosetšhaba e ne ya tlhongwa ka 1961, abo mekgatlho ya sepolotiki ya simolola go tlhamiwa. Seretse o ne a nna moeteledipele wa Bechuanaland Democratic Party, e e neng ya amogelwa ke puso ya ga Mmamosadinyana go etelela pele morago ga boipuso, mme e ne ya bona tshegetso e kgolo mo ditlhophong tsa ntlha ka 1965. Naga ya Botswana e ne ya fiwa boipuso jo bo feletseng ka 1966.

Ka taolo e e nonofileng, Seretse le mokgatho wa gagwe ba ne ba tsenya mo tirisong puso ya batho ka batho abo ba simolola go tlhabolola mafaratlhatlha mo go se e neng e le nngwe ya dinaga tse di humanegileng thata mo lefatsheng. Go ne ga bonwa diteemane tse dintsi ka 1969, mme seo se ne sa dira gore itsholelo ya Botswana e rulaganngwe sesha ka tsela e kgolo yeo. Kompone ya meepo ya Debswana e ne ya tlhamiwa ka 1978, mme Botswana e ne ya nna lefatshe la itsolelo e e golang ka bonako go gaisa mafatshe tsotlhe mo lefatsheng. Leroborobo la HIV/AIDS le ne laa apara ne lefatshe la Botswana ka dingwaga tsa bo1980, mme dingwaga tsa bo1990 di ne tsa tla ka go tsenngwa ga makoko a sepolotiki morago ga matlhabisaditlhong a sepolotiki a Khomišene ya Kgabo. Lekoko la Botswana Democratic Party le ne la nna lekoko le le busang go tloga ka boipuso go fitlha fa Umbrella for Democratic Change e fenya ditlhopho tsa kakaretso tsa 2024.

Hisetori Pele Ga Bokoloniale

[fetola | Fetola Motswedi]