How Brown Saw the Baseball Game
How Brown Saw the Baseball Game ke filimi e khutshwane ya Amerika ya metlae e e sa bueng e e dirilweng ka 1907 mme ya anamisiwa ke Lubin Manufacturing Company. Filimi eno e bua ka motshameki mongwe wa beisebolo yo o bidiwang Mr. Brown yo o nwang bobe pele ga motshameko wa beisebolo mme a bo a tagwa thata jaana mo motshameko o lebegang e kete o tsamaya ka tsela e sele. Ka nako ya go gatisiwa ga yone, go ne ga dirisiwa thekenoloji ya go tsaya dinepe e e neng e le maretshwa go fitlhelela se.
Filimi eno e ne ya gololwa ka Ngwanatsele 1907. E ne ya akgolwa sentle mo kgatisong ya 1908 ya The Courier-Journal e e neng ya bega gore filimi eno e ne e atlegile e bile e "tshegisa tota". Go fitlha ka 2021, ga go itsege sentle gore a kgatiso ya filimi eno e sa ntse e le teng. Ga go itsiwe gore batshameki le badiri ba filimi eo ke bomang.
Bakwalahisitori ba dibaesekopo ba lemogile gore go na le dilo tse di tshwanang ka kgang ya How Brown Saw the Baseball Game le How the Office Boy Saw the Ball Game. Ke filimi ya metlae e e neng ya dirwa ke Edwin S. Porter, yo o neng a gatisa How Brown Saw the Baseball Game ngwaga pele ga eo
Setshwantsho
[fetola | Fetola Motswedi]Pele ga motshameko wa beisebolo o simololwa mo setadiamong se se fa gaufi, motshameki wa metshameko e bong Rre. Brown o nwa dinotsididi di le mmalwa. O goroga kwa setadiamong go tla go lebelela motshameko, mme o tagilwe thata mo e leng gore o bona motshameko o ntse o le ka tsela e sele, batshameki ba tabogela kwa morago mme kgwele ya baseball e bo e boela gape mo seatleng sa motshameki yo o e tabogang. Fa motshameko o sena go fela, Rre. Brown o isiwa gae ke mongwe wa ditsala tsa gagwe. Fa ba goroga kwa ntlong ya ga Brown, ba kopana le mosadi wa gagwe yo o galefelang tsala ya gagwe mme a mo tlhasela, a dumela gore ke ene a dirileng gore monna wa gagwe a tagwe thata.[1]
Tlhaloso
[fetola | Fetola Motswedi]How Brown Saw the Baseball Game e ne ya dirwa ke Lubin Manufacturing Company,[2] e leng khampani e e tlhomilweng ke mmulatsela wa difilimi wa Mojeremane le Moamerika e bong Siegmund Lubin. Ka nako e How Brown Saw the Baseball Game e neng e dirwa ka yone, khampani e ne e dira le go anamisa difilimi di le tharo ka beke.[3]Ga go itsiwe gore motsamaisi le batshameki ba How Brown Saw the Baseball Game ke bomang. [4]
Ke filimi e e sa bueng e e tserweng ka mmala o montsho le o mosweu, mme selo se se feditsweng se ne se na le filimi ya dimetara di le 110 . Fa go ne go bontshiwa ditshwantsho tse di neng di diragetse kwa mabaleng a metshameko, batlhami ba baesekopo ba ne ba dirisa mokgwa wa go tsaya ditshwantsho tse di tsietsang go bontsha batshameki ba beisebolo ba taboga ka kwa morago. [5] Siegmund Lubin o ne a kopa tetla ya go gatisa filimi eo ka Phalane 26, 1907,[6]ka setlhogo sa How Jones Saw the Baseball Game[7]
go bolola le go bololwa
[fetola | Fetola Motswedi]How Brown Saw the Baseball Game e ne ya gololwa kwa dikhasinong ke Lubin Manufacturing Company ka di 16 Ngwanatsele 1907,[8] mme e ne e santse e bontshiwa go fitlha ka Ferikgong 1910.[9]Ka nako eno, filimi e ne e tlhagisiwa jaaka karolo ya filimi ya bobedi ya 1907 ya Neighbors Who Borrow, filimi e khutshwane ya metlae e e buang ka monna yo o adimang mo e ka nnang sengwe le sengwe se a nang le sone mo baagelaning ba gagwe go fitlha mosadi wa gagwe a boela gae a bo a mo kgalemelela go dira jalo. Dipapatso tsa baesekopo di ne di e bitsa "monate", mme Lubin ka boene o ne a rotloetsa baesekopo e le "tshekamelo e e tshegisang thata". [10]E ne ya amogela tshekatsheko e e siameng mo kgatisong ya Seetebosigo1908 ya The Courier-Journal e e neng ya tlhalosa filimi e le "e e tshegisang tota" le gore e itshupile e le "phitlhelelo e kgolo"
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Erickson 1992, p. 324;
- ↑ "How Brown Saw the Baseball Game". British Film Institute. Archived from the original on December 3, 2013. Retrieved November 13, 2013.
- ↑ Seiler & Seiler 2013, p. 34
- ↑ "How Brown Saw the Baseball Game". Silent Era. Archived from the original on March 19, 2019. Retrieved November 13, 2013.
- ↑ Elderman, Rob (Spring 2007). "The Baseball Film to 1920". Base Ball. 1 (1): 24.
- ↑ "How Brown Saw the Baseball Game". American Film Institute. Archived from the original on December 3, 2013. Retrieved November 13, 2013.
- ↑ Erickson 2016, p. 482
- ↑ "How Brown Saw the Baseball Game". American Film Institute. Archived from the original on December 3, 2013. Retrieved November 13, 2013.
- ↑ "Superior life motion pictures". Moberly Daily Monitor. January 31, 1910. p. 3 – via NewspaperArchive.
- ↑ Erickson 1992, p. 324