Jump to content

Hugh Norman-Walker

Go tswa ko Wikipedia
Sir Hugh Norman-Walker
KCMG OBE KStJ
Setshwantsho:Sir Hugh Norman-Walker.jpg
Governor of Hong Kong
In office
19 October 1971  19 November 1971
MonarchElizabeth II
Colonial SecretaryHimself
Pele Ga GagweSir David Trench
Morago Ga GagweSir Murray MacLehose
24th Colonial Secretary of Hong Kong
In office
29 March 1969  29 September 1973
MonarchElizabeth II
GovernorSir David Trench
Sir Murray MacLehose
Pele Ga GagweSir Michael Gass
Morago Ga GagweSir Denys Roberts
16th Governor of the Seychelles
In office
February 1967  1969
MonarchElizabeth II
Pele Ga GagweThe 2nd Earl of Oxford and Asquith
Morago Ga GagweSir Bruce Greatbatch
2nd Queen's Commissioner in Bechuanaland
In office
1965  30 September 1966
MonarchElizabeth II
Pele Ga GagweSir Peter Fawcus
Morago Ga GagweIndependence as the Republic of Botswana
Ka Ga Ena
O tsetswe17 December 1916
London, United Kingdom
O Tlhokafetse28 Phatwe 1985(1985-08-28) (aged 68)
Farley, Wiltshire, United Kingdom
TiroColonial official

Sir Hugh Selby Norman-Walker KCMG OBE KStJ (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Sedimonthole e thola malatsi ale lesome le bosupa ka ngwaga wa 1916 – abo a tlhokoafala ka kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi ale masome a mabedi le boherabobedi ka ngwaga wa 1985) e ne e le motlhankedi wa bokoloniale wa Borithane. O ne a direla kwa India go simolola ka ngwaga wa 1938 go fitlhelela  ka ngwaga wa 1948. Fa a ne a tsenela Ofisi ya Bokolone ka ngwaga wa 1949, o ne a dira ka go latelana jaaka Motlhankedi wa Tsamaiso le Mothusa Mokwaledi kwa Nyasaland, mme a romelwa kwa Kabineteng ya Mokgatlho wa Rhodesia le Nyasaland ka ngwaga wa 1953.O ne a boela kwa Nyasaland go ya go nna Mokwaledi wa tsa Tlhabolologo ka ngwaga wa 1954,le Motlatsa Mokwaledi wa tsa Madi ka ngwaga wa 1960 a nna gape Mokwaledi wa Letlole la Matlotlo ka ngwaga wa 1961. O ne a nna mo pusong go fitlhelela ka ngwaga wa 1965 fa Nyasaland e tla tsaya boipuso jwa yone go nna Malawi ka ngwaga wa 1964.Ka ngwaga wa 1965, Sir Hugh o ne a romelwa kwa Tshireletsong ya Bechuanaland go nna Mokhomišenara wa ga Motlotlegi. O ikanisitswe ka ngwaga wa 1966, ka Lwetse wa one ngwaga oo o ne a bona Botswana e tsaya boipuso jwa yone. Mo ngwageng o o latelang, Norman-Walker o ne a romelwa kwa Seychelles ka maemo a go nna Mmusi le Molaodi-Mogolo mme nako ya gagwe mo maemong ao ya nna khutshwane ka ane a tlotlomatswa go tsaya maemo a ga Rre Michael Gass, yo ka nako eo a neng a tlhomiwa go nna Mokhomišenara yo Mogolo wa Mo-Pacific Bophirima, a bereka ele Mokwaledi wa Bokolone wa Hong Kong ka ngwaga wa 1969. O kile a nna le magatwe a go nna ntlhopheng yo o tlhomilweng go tsena mo maemong aga Rre David Trench ele Mmusi wa Hong Kong, mme go ise go ye kae magatwe ao a ne a tsena ka lenga la seloko fa tiro eo e ne ya tsewa ke Rre Murray MacLehose, modipolomate wa tiro, ka ngwaga wa 1971.

Sir Hugh o ne a tshwanetse go nna Mmusi wa Molefetenente wa Setlhaketlhake sa Man fa nako ya gagwe kwa Hong Kong e fela ka ngwaga wa 1973. Le fa go ntse jalo,go ne ga itsiwe gore mosadi wa gagwe o ne a ka se tsamaya le ene, mme a patlelesega go gana go amogela tiro eo. Sir Hugh o ne a seke a neelwe phatlha epe boemong jwa e ae tlhobositseng ka ntlha ya go ikgogela morago ga gagwe. O ne a fetsa nako ya gagwe ya go itlhola tiro kwa lefatsheng la Enyelane kwa a neng a tlhomiwa go nna modulasetilo wa Phanele ya Leano la Popego ya Kgaolo ya Wight ka 1976.

Tsa Botshelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Dingwaga tsa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Norman-Walker o tsholetswe kwa lefatsheng la Lontone ka kgwedi ya Sedimonthole e tlhola malatsi ale lesome le bosupa ka ngwaga wa 1916 ke Mokolonele J N Norman-Walker, CIE ya Tirelo ya Kalafi ya India mo Sesoleng sa India.[1][2] Norman-Walker fa a gola ga a nna thata le batsadi ba gagwe,ka ba ne ba berekela kgakala kwa India. O simolotse dithutego tsa gagwe tsa ntlha kwa Sekolong sa St Cyprian, kwa Eastbourne, mme morago ga moo a tsena kwa sekolong sa Sherborne kwa Dorset. Le fa a ne a nna kwa Enyelane, o ne a kgona go etela batsadi ba gagwe makgetlho a le mmalwa, ebile a setse a tlwaetse tsamaisa ya dilo kwa India.[1]

Fa a sena go aloga kwa Sekolong sa Sherborne, Norman-Walker o ne a tsena kwa Corpus Christi College,Cambridge, kwa a neng a le leloko mo setlhopheng sa diatlelete. Moragonyana o ne a aloga ka setankana sa Masetase mo go tsa bodiragatsi.[1][2]

Tiro ya bokolone

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1938, Norman-Walker o ne a latela dikgato tsa batsadi ba gagwe go ya kwa India mme a tsenela Tirelo ya Selegae ya India.[1] Mo nakong yotlhe ya tiro ya gagwe ya dingwaga di le lesome ale mo pusong ya India, o ne a dira ditiro tse di farologaneng mo maphateng a a farologaneng mo dikarolong tse di farologaneng. O ne a tswa kwa India ka ngwaga wa 1948, ngwaga morago ga boipuso jwa yone, mme o ne a nna le seabe sa nakwana mo go tsa madirelo a kgwebo kwa Enyelane.[1] Se, ga se a ka sa tsaya lobaka lo loleele ka gore boitseanape jwa gagwe jwa bodirela puso bo ne bo mo letla go tsenelela Tirelo ya Botsamaisi ya Bokoloniale jwa Ofisi ya Bokoloniale mo bogautshwaneng ka ngwaga wa 1949, e a neng a romelwa kwa Nyasaland mo go yone mo Aforika a tlhamilwe ele Motlhankedi wa Tsamaiso, mme o ne a tlhatlosiwa maemo go nna Mothusa Mokwaledi ka ngwaga wa 1953.[3]

Ka kgwedi ya Phatwe ngwaga ele wa 1953, fa kolone ya Borithane le ditshireletso tse pedi kwa borwa jwa Aforika, e bong Rhodesia Borwa, Rhodesia Bokone le mokgatlho wa Nyasaland di ne di kopanela go nna mokgatlho wa Rhodesia le Nyasaland, Norman-Walker o ne a romelwa ka nakwana kwa Ofising ya Kabinete ya mokgatlho go thusa go tsamaisa tiro ya yone.[3] Ka ngwaga wa 1954, o ne a boela kwa Nyasaland go ya go bereka ele Mokwaledi wa tsa Tlhabologo mo pusong. O ne a diragatsa boemong jwa Mokwaledi wa Matlole makgetlho a le mmalwa pele ga a tlhomiwa go nna Motlatsa Mokwaledi wa Madi ka 1960. Ngwaga moragonyana o ne a dirwa Motlhankedi wa Mokgatlho wa Puso ya Boritane mme a tlhomiwa go nna Mokwaledi wa Letlotlo moragonyana mo ngwageng.[2] Fa Nyasaland e ne e tsaa boipuso go bitswa Malawi ka 1964, Norman-Walker o ne a sala mo pusong mme a dirwa Molekane wa Mokgatlho wa St Michael le St George.[2]

Norman-Walker o ne a nna mo pusong ya Malawi go fitlhelela ka ngwaga wa 1965 fa a ne a tlhomiwa Mokhomišenara wa Motlotlegi wa Tshirelotso ya Bechuanaland ka kgwedi ya Seetebosigo.[2][4] Pele ga a tla tlhamiwa, Tshirelotso e ne e ntse e le mo tseleng e e nonofileng go ya kwa go ikemeleng. Toropokgolo ya mosireletsi e ne ya fudusiwa kwa Mafikeng kwa Aforika Borwa go ya kwa Gaborone kgwedi ka Tlhakole 1965. Morago ga kgwedi go ipusa go ne ga neelwa basireletsi. Norman-Walker e ne e le Mokhomišenara wa bofelo wa Tshirelotso ebile o ne a le teng fa go ipaakanyetswa boipuso, le fa a ne a sena tiro e a ka e dirang ee kalo. O ne a dirwa Molaodi wa Mokgatlho wa St Michael le St George mo Lenaaneng la Ditlotla la Ngwaga o Mosha wa 1966 ebile a nna le bopaki jwa boipuso jwa Repaboliki ya Botswana ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi ale masome a mararo ka ngwaga wa 1966.[2]

Morago ga boipuso jwa Botswana, Norman-Walker o ne a romelwa kwa Seychelles ka kgwedi ya Tlhakole 1967 go ya go tlhatlhama Lord Oxford le Asquith go nna Mmusi le Molaodi-Mogolo,[5] Tona wa Dikhansele tsa Khuduthamaga le tsa Peomolao tsa Seychelles le Mokhomišenara wa naga ya lewatle la Borithane le India.[2] Le fa go ntse jalo, puso ya gagwe e ne ya thulana le go wela tlase ga itsholelo ga ditlhaketlhake tseo.Mo kgatong ya go tsosolosa itsholelo, o ne a dumelana le dithulaganyo tsa boradipolotiki ba selegae jaaka Rre James Mancham go rotloetsa bojanala mo ditlhaketlhakeng ebile e ne e le motshegetsi yo o tlhoafetseng wa thulaganyo ya kago ya Boemeladifofane jwa Boditšhabatšhaba jo bošwa jwa Seychelles.[6] Leano le lesha la boemela-difofane e ne e le boitlamo jo bogolo jwa Seychelles ka nako eo. Fa e tla bulwa ke Queen Elizabeth II ka ngwaga wa 1972, e ne ya nna nngwe ya boemela-difofane jo bo botlhokwa thata mo kgaolong eo.

Ntle le seo, Norman-Walker o ne a tshegetsa ka tsela e e siameng phetogo ya sepolotiki ka nako ya puso ya gagwe ya go nna mmusi ka go naya Lekgotla la Peomolao go tlhopha batho ba bagolo mo lefatsheng lotlhe ka kgwedi ya Sedimonthole ngwaga wa 1967, e leng kgato e e botlhokwa e e neng ya tsenya tsela ya go ipusa e e neng ya neelwa moragonyana ka 1970.[6]

Mokwaledi wa Bokolone wa Hong Kong

[fetola | Fetola Motswedi]

Norman-Walker o ne a direla kwa Seychelles dingwaga tse di kwa tlase ga tse pedi fa a tla goroga kwa Hong Kong ka kgwedi ya Mopitli e thola malatsi ale masome a mabedi le borobabongwe ka ngwaga wa 1969 a tla go bereka ele Mokwaledi wa Bokoloniale, a tsaya marapo go tswa mo setilong sa ga Rre Michael Gass yo ka nako eo a neng a tlhomiwa Mokhomišenara yo Mogolo wa Pacific Bophirima.[7] Go tlhoka go nna le boitseanape jo bo duleng diatla ga ga Norman-Walker mo setilong se a se neetsweng, e ne e le selo se se neng sa tshwenya kwa Hong Kong fa go tlhomiwa ga gagwe go ne go itsisiwe la ntlha. Norman-Walker o ne a ise a ke a direle kwa Botlhaba jo bo Kgakala. O ne a etetse kwa Hong Kong gangwe, a kotama ka bokhutshwane mo letlhakoreng la Kowloon, mme a ise a ke a ye kwa Setlhaketlhakeng sa Hong Kong. Batho ba lefelo leo tota le e leng badiredibagolo bangwe mo pusong ba ne ba tshwenyegile gore maitemogelo a gagwe a a lekanyeditsweng kwa Botlhaba jo bo Kgakala a ka nna a kgoreletsa tiro ya gagwe jaaka Mokwaledi wa Bokoloniale. Elsie Tu, Mokhanselara wa Ditoropo, o ne a ba a akgela ka gore tiro ya Mokwaledi wa Bokoloniale e tshwanetse go tshwarwa ke Mo-China wa lefelo leo.[8] Le fa go ntse jalo, go ne gape go na le dikakgelo tsa gore go tlhopha Norman-Walker boemong jwa motlhankedi yo mogolo go tswa mo teng ga puso ya Hong Kong go ne ga bontsha go tlhoka bontlhopheng ba ba tshwanetseng ba lefelo leo go tswa mo ntlheng ya puso ya Borithane.[9] Fa a araba megopolo eo, Norman-Walker o ne a ba bolela gore o diretse thata mo Afrika dingwaga di le dintsi mme o na le maitemogelo a a siameng mo tsamaisong ya puso. O ne a re o siametse kgwetlho eo mme o tla aga botsalano le batho ba China ba kwa Hong Kong.[10][11][12]

Mo maemong a gagwe a Mokwaledi wa Bokolone, Norman-Walker o ne a tlhomile mogopolo thata mo tlhabololong ya loago, ya madirelo le ya kgwebo. Ka ngwaga wa1970, a patilwe ke Rre Sik-nin Chau, o ne a etelela pele baemedi ba ba neng ba emetse Hong Kong kwa ditshupong tsa kwa Osaka, Japane.[13] Norman-Walker le ene e ne e le leloko la Makgotla a Khuduthamaga le a Peomolao a Hong Kong. O ne a tsamaisa puso makgetlho a le mmalwa fa mmusi a seyo. Ka kgwedi ya Phalane ka 1971, o ne a eme boemong jwa Mmusi yo o neng a amogela loeto lwa segosi lwa malatsi a le supa le le neng lwa etiwa ke Kgosigadi Anne.[14]

Magatwe a ne a tswelela kwa Hong Kong fa Norman-Walker, yo o neng a tlogela puso ya gagwe e e tumileng thata ya go busa kwa Seychelles, a ne a tsaya tiro ya Mokwaledi wa Bokoloniale. Go ne ga tswa dikgang tsa gore go dirilwe ditumalano tse di seng ka fa molaong magareng ga puso ya Boritane le Norman-Walker gore o tla tsaya tiro ya Mokwaledi wa Bokoloniale fela fa puso ya Boritane e ne e solofetsa go mo dira motlhatlhami wa ga Sir David Trench, Mmusi yo o mo maemong a Hong Kong. Le fa go ntse jalo, tshedimosetso eno ga e ise e ko e netefadiwe ke Norman-Walker.[15] Magatwe ano a ne a nyelela ka ngwaga wa 1971 fa Sir Murray MacLehose, yo e neng e le modipolomate wa tiro, a ne a itsisiwe ke puso ya Boritane e le Mmusi-moemedi.

Le fa go ntse jalo, go ne ga latela magatwe a mangwe fa Mmusi MacLehose yo mosha, yo o neng a tlisa dipholisi tse dintsi tse disha kwa Hong Kong, go ne go twe o ‘dipolomate’ ka tsela nngwe mme a sa tsamaisanye sentle le bangwe ba badirimmogo le ene. Bangwe ba badiredibagolo ba ba neng ba le mo bokoloniale jwa thaloganyo ya bogologolo thata,jaaka (ba moragonyana) Donald Luddington go ne go bolelwa fa ba ne ba fitlhela go le thata go tswelela le Mmusi yo mosha mme go ise go ye kae ba ne ba romelwa kwa Hong Kong .Norman-Walker e ne e le mongwe wa “batlhankedi bano ba bokoloniale ba ba godileng” mme dikgang di ne tsa tlhagelela mo tshimologong ya ngwaga wa 1972 gore o tla tlogela tiro mo pusong fa ngwaga wa 1973 o simolola. Seno se ne sa se ka sa tlhomamisiwa go fitlha ka kgwedi ya Phukwi 1972 fa puso ya UK e ne e itsise gore paka ya Norman-Walker jaaka Mokwaledi wa Bokoloniale e tla atlolosediwa kwa letlhafuleng la 1973.[16] Ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa 1973, go ne ga itsisiwe gape gore Norman-Walker o tla nna Mmusi wa Molefetenente wa Setlhaketlhake sa Man.[17]

Jaaka badiredi ba fiwa dikatso tse di molemo, badiredipuso ba kwa moseja kwa Hong Kong ba ne ba na le tshwanelo ya go bona tsela e e sa duelelweng ya lewatle fa ba ne ba tswa mo tirong ka ntlha ya bogodi. Norman-Walker o ne a tshwanelega mme a tlhopha go itumelela dikatso tse di molemo fa a ne a tlogela kwa Hong Kong ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi ale masome a mararo ka ngwaga wa 1973. O ne a tshwanetse go tsena mo sekepeng sa lewatle jaaka balekane ba gagwe, mme go ne ga fitlhelwa gore gone go sena sekepeng sa lewatle se se neng se bitsa kwa Hong Kong ka nako ya fa a ne a tsamaya. Ka ntlha ya seo, o ne a patelesega go itumelela ditshwanelo tsa gagwe mo sekepeng sa dithoto.[18] Fa a tsamaya, mo pele ga maloko a Makgotla a Khuduthamaga le a Peomolao le badiredibagolo ba puso, Norman-Walker o ne a palama Lady Maurine go tswa kwa HMS Tamar mme a tsamaya go kgabaganya Boemakepe jwa Victoria go ya kwa letlhakoreng la Kowlon. Go tswa foo o ne a tsaya loeto go ya kwa Boemakepe jwa Kwantle kwa Kwai Chung mme a palama sekepe sa dithoto, se se neng se tsamaela Boritane.[19]

Lieutenant-Governor wa Kgogakgogano ya Setlhaketlhake sa Man

[fetola | Fetola Motswedi]

Norman-Walker o ne a tshwanetse go tsaya maemo a masha a dira ele Molefetenente-Mmusi wa Setlhaketlhake sa Man fa a boela kwa Enyelane. Mme go ne ga nna le bothata fa go ne go itsiwe gore mosadi wa gagwe o ne a ka seke a tsamaye le ene. Tsibogo ya Setlhaketlhake sa Man e ne e le e e sa itumediseng,Tynwald e ne ya gatelela gore Mohumagadi Norman-Walker o tshwanetse go tsamaya le monna wa gagwe go thusa Molefetenente Mmusi go dira ditiro tsa gagwe tsa selegae.[20] Tota e bile, e ne e se lekgetlho la ntlha Norman-Walker a tsaya maemo a masha a busa a sena Mohumagadi wa gagwe fa tlhoko. Fa a tla goroga kwa Hong Kong go tla go nna Mokwaledi wa Bokoloniale ka ngwaga wa 1969, mosadi wa gagwe o ne a se na ene. Go tlhoka mosadi wa gagwe ga go a ka ga ngoka go tshwaiwa phoso ka nako eo kwa Hong Kong, mme moragonyana one a goroga.[1]

Kwa tshimologong, Norman-Walker o ne a gatlelela gore o tla tsaya maemo a masha jaaka go rulagantswe go sa kgatlhalesege gore mosadi wa gagwe o na le ene kgotsa nnyaa. Le fa go ntse jalo, morago ga maiteko a le mmalwa a a paletsweng ke go tlhotlheletsa Tynwald, o ne a itlhaopa go ikgogela morago mo phatlheng ya maemo a masha ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi ale masome a mararo le bongwe ka ngwaga wa 1973. Molefetenente-Mmusi yo o ne ale mo maemong ebong Rre Peter Stallard, o ne a kopiwa go nna go fitlha puso ya Borithane e bona ntlhopheng yo mongwe.[21] Ka kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola malatsi ale mararo, Lady Norman-Walker o ne a araba tiragalo eno lekgetlho la ntlha. O ne a tlhalosa gore o ne a ntse a direla kwa ntle ga Boritane ka lobaka lo loleele thata jaanong a supa fa a ne a tlhoafaletse go nna kwa Enyelane gape. O ne a ba bolelela gore o ne a sena maikaelelo ape a go tlhoka maitseo mo bathong ba Manx. Morago ga kganetsano, Norman-Walker ga a ka a fiwa phatlha e nngwe ya pusetso mme tiragalo e, e ne ya nna yone go tshwaya tirelo ya gagwe ya kwa moseja.[22]

Dingwaga tsa morago

[fetola | Fetola Motswedi]

Norman-Walker o ne a itshelela botshelo jo bo didimetseng kwa Farley, Wiltshire fa a tlogela tiro.[2] Ka ngwaga wa 1976, o ne a tlhomiwa ke puso go nna modulasetilo wa Phanele ya Leano la Popego ya Setlhaketlhake sa Wight go bua le batho ba Setlhaketlhake sa Wight ka diphetogo tse di ka nnang teng tsa popego ya kgaolo.[23] Pele ga phanele e tlhamiwa, Isle of Wight e ne e rulagantswe go kopanngwa le Hampshire ka fa tlase ga Molao wa Pusoselegae wa 1972, mme leano leno le ne la ema fa le ne le ganediwa thata ke baagi ba lefelo leo . Phanele e e neng e eteletswe pele ke Norman-Walker ga e a ka ya fitlhelela kgatelopele epe e e kgetlhegileng,e ne e le ka ngwaga wa 1995 fa Isle ya Wight e felela e nna bogogi jo bo kopaneng.

Norman-Walker o tlhokafaletse kwa lwapeng la gagwe kwa Farley ka kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi ale masome a mabedi le boferabobedi ka ngwaga wa 1985, a le dingwaga di le masome a marataro le boferabobedi.[24] Loso lwa gagwe le ne la hutsafatsa puso ya Hong Kong,[25] badiri ka ene ba nako e e fetileng kwa Hong Kong, Mokwaledi yo Mogolo wa nako eo Sir David Akers-Jones. Moatlhodi yo Mogolo Sir Denys Roberts, le ene o ne a hutsafala ka ntlha ya loso lwa gagwe.[25]

Sir Hugh o ne a nyala mme Janet Baldock ka ngwaga wa 1948.[2] Dilo tsa ga Sir Hugh tsa go itlosa bodutu di ne di akaretsa go tsamaya ka sekepe, go thuntsha le borogo. E ne e le leloko la mokgatlho wa East India.[2]

Ditshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 3 4 5 6 〈新任輔政司羅樂民,定明日抵港履新〉,《工商日報》第六頁,1969年3月28日。
  2. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 Norman-Walker, Sir Hugh (Selby), (17 Dec. 1916–28 Aug. 1985)". ukwhoswho. 1 December 200
  3. 1 2 The Colonial Office list, Great Britain: Colonial Office, 1951
  4. "No. 43688". The London Gazette. 18 June 1965. p. 5869.
  5. "No. 44255". The London Gazette. 13 February 1976. p. 2077
  6. 1 2 〈羅樂民表示捨不得塞島,接受新職之前經濟幾番躊躇〉,《工商日報》第五頁,1969年3月27日。
  7. 〈塞舌爾群島總督羅樂民,將出任本港輔政司,祈濟時將調任西太平洋高級專員〉,《工商日報》第五頁,1969年1月6日。
  8. 〈羅樂民繼任本港輔政司,港督表示歡迎,大部高級官員感驚詫〉,《工商日報》第四頁,1969年1月7日。
  9. 〈英輿論認為,香港本地人才缺乏〉,《工商日報》第五頁,1969年3月27日。
  10. 〈候任輔政司羅樂民表示,香港有四百萬人口,如此城市不易處理〉,《工商日報》第五頁,1969年1月8日。
  11. 〈新輔政司羅樂民在英稱,願與香港華人建立良好友誼〉,《工商日報》第五頁,1969年3月27日。
  12. 〈新任輔政司羅樂民抵港宣稱,決盡力消除官民隔膜,願與華人為友瞭解一切〉,《工商日報》第四頁,1969年3月30日。
  13. 〈輔政司羅樂民與華德周錫年,代表港府赴大阪,出席世界博覽會〉,《工商日報》第六頁,1970年5月13日。
  14. "Her First Royal Visit", The Palm Beach Post, 28 October 1971
  15. 〈港督繼任人選,羅樂民爵士呼聲高〉,《工商日報》第四頁,1969年10月19日。
  16. 〈輔政司羅樂民,任期延長至明年底〉,《工商日報》第十二頁,1972年7月30日。
  17. 〈輔政司羅樂民,任萌島副總督〉,《工商日報》第十二頁,1973年5月12日。
  18. Roberts, Sir Denys, Another disaster: Hong Kong Sketches, London: The Radcliffe Press, 2006
  19. 〈羅樂民爵士昨離港,行前泛論本港當前重要問題〉,《工商日報》第八頁,1973年10月1日。
  20. Report of proceedings of Tynwald Court, Isle of Man, 12 July 2000.
  21. 〈羅樂民爵士表示,不接任曼島總督〉,《工商日報》第七頁,1973年11月1日。
  22. 〈羅樂民夫人解釋,希望在家鄉定居,故不隨丈夫履新〉,《工商日報》第八頁,1973年11月3日。
  23. "No. 47028". The London Gazette. 1 October 1976. p. 13364.
  24. "Sir Hugh Norman-Walker", The Times, 5 September 1985
  25. 1 2 〈羅樂民爵士逝世〉,《華僑日報》第二章第二頁,1985年8月30日。
  26. "No. 42231". The London Gazette (Supplement). 27 December 1960. p. 8912
  27. "No. 43343". The London Gazette (Supplement). 5 June 1964. p. 4940.
  28. No. 43854". The London Gazette (Supplement). 31 December 1965. p. 4.
  29. "No. 44346". The London Gazette. 20 June 1967. p. 6813.

Didiriswa tsa Sekgoa

[fetola | Fetola Motswedi]
  • The Colonial Office list, Great Britain: Colonial Office, 1951
  • "Her First Royal Visit", The Palm Beach Post, 28 October 1971. online version
  • "Sir Hugh Norman-Walker", The Times, 5 September 1985.
  • REPORT OF PROCEEDINGS OF TYNWALD COURT, Isle of Man, 12 July 2000. online version
  • Roberts, Sir Denys, Another disaster: Hong Kong Sketches, London: The Radcliffe Press, 2006. online version
  • Who's Who. London: A & C Black, 2008.

Dikgokagano tsa kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]