Hulda Shipanga
Hulda Kamboi Shipanga (o pele a neng a fana ka Ngatjikare; o tshotswe ka Phalane a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 1926 a tlhokafala ka Moranang a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2010) e ne e le mooki, mmelegisi, le mogakolodi wa matona mo lephatheng la botsogo la Namibia. Ke mooki wa ntlha yo montsho kwa Namibia go tlhatlosiwa maemo go nna mookamedi wa baoki, maemo a a kwa godimo.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]A tsholetswe kwa Aminuis, South West Africa, a tsene dithuto kwa Aforika Borwa, pele e le morutabana, a nna mooki, a boela kwa South West Africa (kwa e leng Namibia gompieno) go bereka kwa sepateleng sa legae sa kwa Windhoek. Shipanga o ne a ikoketsa dithuto go nna mmelegisi, tiro e a neng a e dira kwa sepateleng sa Old Location kwa Windhoek, lefelo le le neng le tlhaotswe e le la batho bantsho. Ka Morule a le lesome ngwaga wa 1959, letsatsi la tsuologo ya Old Location, e ne e le mongwe wa baoki ba bararo ba ba neng ba alafa dintho tsa ba ba gobetseng[1] fa dingaka (ba botlhe ba neng ba le basweu ka nako eo ka ntlha ya dikiletso tsa molao wa thuto ya batho bantsho) kwa dipateleng tsa Windhoek ba ne ba gana go ba thusa.[2]
Morago ga go nna mo maemong a go nna mooki wa kamore ya loaro a itebagantse le bana le marapo kwa United Kingdom, e ne e le moooki yo o nang le dithuto tse di kwa godimo mo malatsing ao a South West Africa[3] le ka nako ya puso ya nakwana ya Namibia. Morago ga boipuso jwa Namibia o ne a nna mooki wa ntlha yo montsho go tlhatlosiwa maemo go nna mookamedi wa baoki, pele tlhatloso maemo eo e ne e sa letlelelwe mo melaong ya tlhaolele. O berekile mo maemong a kwa sepateleng sa Katurura go fitlhelela a ithola marapo.[1]
Tautona wa pele Sam Nujoma o ne a mo thapa go nna mogakolodi yo o faphegileng wa lephata la botsogo wa ga tona Nickey Iyambo le ntswa Shipanga a ne a setse a godile a lekane go ithola tiro. Morago o ne a bereka gape ka fa tlase ga ga Libertine Amathila, tona wa bobedi wa botsogo kwa Namibia.[3]
A le dingwaga di le masome a supa le bone, o ne a boela kwa Aminuis go ya go lema. Shipanga o nyetswe gabedi, o ne a sena bana.[1] O tlhokafetse ka 2010 kwa Windhoek.[go tlhokega nopolo]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Sasmann, Catherine (7 May 2010). "Kamboi Hulda Shipanga: Namibia's first black matron (1926 to 2010)". New Era. Archived from the original on 16 July 2011. Retrieved 09 October 2025
- ↑ Dierks, Klaus. "Biographies of Namibia Personalities (Entry for Schimming-Chase, Nora)". Retrieved 09 October 2025
- 1 2 "First black Namibian nurse passes on". 30 April 2010. Archived from the original on 7 June 2011. Retrieved 09 October 2025.