Jump to content

Humphrey Maud

Go tswa ko Wikipedia

Sir Humphrey John Hamilton Maud KCMG (o tshotswe ka kgwedi ya Moranang e le lesome le bosupa ka ngwaga wa 1934–o tlhokafetse ka kgwedi ya Ngwanatsele e le lesome ka ngwaga wa 2013) e ne ele modipolomate wa lefatshe la Borithane.[1]

Humphrey Maud ene ele ngwana wa modirelapuso gape ele modipolomate ebong Rre John Redcliffe-Maud, Baron Redcliffe-Maud le Mohumagadi wa gagwe, motshameki wa piano Mme Jean Hamilton[1] O tsene sekolo se segololwane sa Eton Kholetshe, kwa a neng a le morategi wa ga Benjamin Britten-Britten o kwaletse Humphrey le bo morwarraagwe The Young Person's Guide to the Orchestra - le fa rraagwe a ne a tsena kgathanong le go nna ka sebaka ga ga Humphrey kwa ga Britten ka malatsi a boitapoloso.[2]

Maud o ne a ithutela dibuka tsa bogologolo le ditso kwa Kholetsheng ya King, kwa Cambridge. Morago ga ngwaga one a ruta dibuka tsa bogologolo kwa Yunibesithing ya Minnesota, o ne a tsenelela Tirelo ya Mafatshe a Sele ka ngwaga wa 1959.[1]

Maud e ne e le Moemedi wa Borithane kwa Luxembourg go simolola ka ngwaga wa 1982 go ya go ko ngwageng wa 1985, le Moemedi wa Borithane kwa Argentina go simolola ka ngwaga wa 1990 go ya kwa ngwageng wa 1993.[3]Ka ngwaga wa 1993 o ne a nna Mothusa Mokwaledi-Mogolo wa Mafatshe a Selekane yo o nang le maikarabelo a merero ya itsholelo le tsa selegae[1], a nna mo maemong ao go fitlha a tlogela tiro ka ngwaga wa 1999.

  1. 1 2 3 4 MAUD, Hon. Sir Humphrey (John Hamilton)". Who's Who 2012. A & C Black. Retrieved 7 November 2012.
  2. John Bridcut, Britten's Children, Faber and Faber, 2006.
  3. British Ambassadors and High Commissioners 1880-2010" (PDF). Colin Mackie, Gulabin.com. Retrieved 2 October 2012.