Jump to content

Ibrahima Wade

Go tswa ko Wikipedia

Ibrahima Wade (o tshotswe ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le marataro ka ngwaga wa 1968) ke motabogi wa Mofora yo o itsegeng ka dimitara di le 400. O ne a fetola naga ya gagwe go tswa kwa nageng ya gagwe ya botsalo ya Senegal ka ngwaga wa 2000.

Nako ya gagwe e e gaisang ke metsotswana e le 45.05, e e fitlheletsweng ka Phatwe ngwaga wa 1998 kwa Dakar. Ka metsotswana e le 45.76 go tloga ka Phukwi ngwaga wa 2004, o ne a tshwere rekoto ya Lefatshe ya Masters M35.[1] Rekoto e tokafaditswe gabedi fa e sa le ka nako eo, ke Alvin Harrison (DOM) ka 45.68 ka ngwaga wa 2009 le ke Chris Brown (BAH),ka 44.59 ka 2014.[2] mme ga go na epe ya matshwao ao e e iseng e amogelwe ke World Masters Athletics, ka jalo letshwao la ga Wade le sa ntse le eme jaaka rekoto ya semmuso.

O ne a fitlha kwa makgaolakgannyeng a Dikgaisano tsa Lefatshe ka ngwaga wa 1997 le 1999.

Diphitlhelelo

[fetola | Fetola Motswedi]
Year Tournament Venue Result Extra
1996 African Championships Yaoundé, Cameroon 1st 400 m
1997 Jeux de la Francophonie Antananarivo, Madagascar 1st 400 m
1998 African Championships Dakar, Senegal 3rd 400 m
1999 World Championships Seville, Spain 8th 4x400 m relay
Military World Games Zagreb, Croatia 1st 400 m
2000 Olympic Games Sydney, Australia 4th 4x400m relay
2002 European Championships Munich, Germany 3rd 4x400 m relay

Tse di kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "World Masters (Veterans) Best Performances"
  2. "Christopher BROWN | Profile | World Athletics"