Idah Nabayiga
| Motlotlegi Idah Nabayiga | |
|---|---|
| Moemedi wa mme wa kgaolo ya Kalangala | |
| Assumed office 2016 | |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Ngwanatsele a le lesome le bone ngwaga wa 1979 Kgaolo ya Kalangala Uganda |
| Mokgatlho | National Resistance Movement |
| Alma mater | Sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa Makerere University; Uganda Management Institute; Law Development Centre |
| Tiro | Mopolotiki, Morutabana |
| Tiro | Mmereki wa tlhabololo magae, mookamedi wa babereki |
| Itsege ka | Go nna kgatlhanong le lekgetho la madi a megala ya lotheka le selekanyo sa dingwaga tsa bo tautona |
| Dikomiti | Komiti ya thuto le metshameko |
Idah Nabayiga (o o tshotsweng ka Ngwanatsele a le lesome le bone ngwaga wa 1979) ke mopolotiki wa kwa Uganda gape e le moemedi wa mme wa kgaolo ya Kalangala kwa palamenteng ya Uganda ya lesome. Ke leloko la phathi ya National Resistance Movement e a neng a emetse ditlhopho tsa lefatshe tsa 2016 ka yone.
Botshelo jwa a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Idah Nabayiga o tsholetswe kwa kgaolong ya Kalangala.
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Idah Nabayiga o tsene sekolo se sebotlana sa Memere Primary. Ka ngwaga wa 1994, o ne a ya kwa go se segolwane sa St. Henry sa Buyege go dira legato la thuto la O le la A. Morago o ne a ya go tsena kwa go sa ithutelo ditiro sa Makerere University ka 2003 go dira degree tsa botaki. Idah Nabayiga gape o na le setlankana sa molao wa tsamaiso se a se dirileng kwa Law Development Centre ya Uganda ka ngwaga wa 2008. Ka ngwaga wa 2011, o ne a aloga ka diploma tsa phiro le kokamelo babereki go tswa kwa Uganda Management Institute. Gompieno, o dira dithuto tsa di Master tsa Public Administration le bookamedi e ntse e le kwa Uganda Management Institute.[1]
Tsa pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Pele ga a tsenelela ditlhopho tsa boemedi, Idah Nabayiga o ne a bereka e le wa tsa tlhabololo magae a le ka fa tlase ga puso ya selegae go tswa ka ngwaga wa 2006 go tsena 2012. Morago, ka ngwaga wa 2012 go tsena 2015, o ne a bereka e le mookamedi wa babereki a ntse a le ka fa tlase ga batsamaisi ba o.
Idah Nabayiga o ithutetse borutabana, mo palamenteng ya Uganda ya lesome o bereka mo komiting ya thuto le metshameko.[2]
Manganga le go lwela ditshwanelo
[fetola | Fetola Motswedi]Idah Nabayiga o inotswe e le mongwe wa mapalamente a National Resistance Movement a a neng a le kgatlhanong le tautona Yoweri Kaguta Museveni ka lekgetho la madi a megala ya lotheka ka 2018.[3]
Patlo maikutlo ya pampiri ya dikgang ka 2017, e ne ya supa fa Idah Nabayiga e le mongwe wa mapalamente a a neng a tlhophile kgatlhanong le go tlosiwa ga molao wa selekanyo sa dingwaga tsa bo tautona.[4] Go begiwa fa a ganeditse tlhopho eo ka a ne a tshaba go bolawa ke batlhophi ba gagwe.[5]
O kile a tlhagelela gape a kganetso ya gore sesole sa Uganda se dikgoka mo go ba ba tshwarang ditlhapi kwa nokeng ya Victoria, ga puso ya Uganda. [6][7]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Idah Nabayiga o nyetswe.[2]
Ka ngwaga wa 2016, o ne a falola kotsi ya koloi fa koloi e a neng a e pagame e pitokologa.[8]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Parliament of Uganda". parliament.go.ug. Retrieved 29 April 2026
- 1 2 "Parliament of Uganda". parliament.go.ug. Retrieved 29 April 2026
- ↑ Ocaido, Patrick. "NRM MPs Who Defied Museveni on Mobile Money Tax Listed – theinsider.ug". Retrieved 29 April 2026
- ↑ Team, Observer. "Age limit battle: Who is winning?". The Observer – Uganda. Retrieved 29 April 2026
- ↑ Reporter, Our. "Afraid of being lynched, NRM MPs abandon age limit | edge". Archived from the original on 8 December 2020. Retrieved 29 April 2026
- ↑ "Govt Denies UPDF's Involvement in Brutality Against Fishing Communities". Online news from Uganda and the East African region – SoftPower News. 8 October 2018. Retrieved 29 April 2026
- ↑ "Parliamentarians want UPDF out of fishing communities". Capital FM. 26 September 2018. Retrieved 29 April 2026
- ↑ "Kalangala Woman MP in motor crash". Daily Monitor. Retrieved 29 April 2026