Idris Alkali
Major General Idris Alkali | |
|---|---|
| Leina la tsalo | Mohammed Idris Alkali |
| Maina a tshameko | Nuri |
| Buried | Mabitla a Gudu, Abuja, Nigeria |
| Allegiance | |
| Tiro/ | |
| Dingwag tsa a le mo tirong | 1983–2018 |
| Maemo | |
| Alma mater | Nigerian Defence Academy |
Mohammed Idris Alkali (1960–2018), yo gape a itsiweng jaaka Nuri, e ne e le General yo mogolo yo o rotseng tiro wa moNigeria yo o neng a itsisiwe gore o timetse ka 3 Lwetse 2018 mme a fitlhelwa a sule ka 31 Phalane 2018. Moragonyana go ne go tla senolwa morago ga dipatlisiso gore o ne a bolawa ke mongwe wa setlhopha sa borukhutlhi sa Bokeresete se se neng se na le ya go nna teng ga Bamoseleme. Ka nako ya tiro ya gagwe ya bosole, o ne a direla e le Moeteledipele wa Tsamaiso, kwa Ntlokgolo ya Sesole, kwa Abuja.
Botshelo jwa pele le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Mohammed Idris Alkali o ne a tswa kwa Potiskum, kwa lefelong la Yobe, kwa Nigeria. O simolotse dithuto tsa gagwe kwa Sekolong se se Potlana sa Central, kwa Potiskum.[1][2][3][4]
tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Fa a ne a tlhongwa, Alkali o ne a romelwa kwa Infantry Corps mme moragonyana a romelwa kwa Sesoleng sa tshedimosetso. O ne a le wa Khoso ya Ka metlha ya bo 34. Ka 28 Seetebosigo 1986, o ne a newa tiro ya go nna Motlhabani ka maemo a motsamaisi wa bobedi ka bogolo mo maemong a a tshwanang go tloga ka la bo 4 Phukwi 1983. Alkali e ne e le wa Nigeria Army Armor Corps mme a nna mogeneral yo mogolo ka 2014. O dirile jaaka molaodi wa Sekolo sa Sesole sa Nigeria sa Hemorad director merero ya bagale Bokaedi jwa Ntlokgolo ya Tshireletso le mookamedi wa tsamaiso, Ntlokgolo ya Sesole, Abuja. Alkali o rotse tiro mo Sesoleng sa Nigeria ka 7 Phatwe 2018 morago ga dingwaga di le 35 tsa tirelo.[5][2][4][6]
Go tlhasela le go bolaya Idris Alkali
[fetola | Fetola Motswedi]Go tlhasela le go bolaya
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 2 Lwetse 2018, banna ba ba sa itsiweng ba ba tshotseng ditlhobolo ba ne ba tlhasela lefelo la mabenkele kwa setšhabeng sa Lafande, kwa kgaolong ya Dura-Du, kwa Jos Borwa, kwa Plateau State. Fa tlhaselo e ntse e tsweletse, go ne ga bolawa batho ba le lesome le bongwe, fa ba bangwe ba le mmalwa ba ne ba gobala. Ka ntlha ya tlhaselo eo, banni ba lefelo leo ba ne ba simolola boipelaetso mo mosong o o latelang. Badiraditshupetso bontsi jwa bone e le basha, ba ne ba thibela ditsela ka nako ya boipelaetso mme mo mosong oo, Alkali o ne a tsamaya ka koloi ya gagwe ya Toyota Corolla go ya kwa polaseng ya gagwe a se na mokgweetsi wa gagwe mme ka thulaganyo, o ne a tsamaya go tswa kwa Abuja go ya kwa Bauchi State ka tsela ya Jos. MoGeneral o ne a emisiwa mme morago ga go ba ikitsise, o ne a tlhaselwa le go bolawa ke baipelaetsi, fa megala ya gagwe, madi le laptop di ne tsa utswiwa.[7][8]
Dipatlisiso le go tshwarwa
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 5 Lwetse 2018, mosadi wa Alkali, Salamatu Alkali o ile a tlhagisa masole a Nigeria ka go nyelela ga monna wa gagwe . Go ya ka mosadi, monna o ne a mo leletsa mo tsamaong ya loeto lwa gagwe mme a bolela fa a fetile Jos mme a le mo tseleng a ya kwa Bauchi State. Fa ba tsibogela go nyelela ga gagwe, Sesole sa Nigeria se ne sa ikgolaganya le MTN le GLO, se kopa direkoto tsa megala ya mogeneral. Fa dipatlisiso di ntse di tsweletse, megala ya gagwe e ne ya latedisiwa go ya kwa kgaolong ya Du.[9] Ntlokgolo ya sesole e ne ya laela karolo ya ntlokgolo ya boraro kwa Rukuba, Bassa, Plateau State e e neng e eteletswe pele ke Molaodi wa Garrison wa Lephata la boraro la Dibetsa, general Brigadier Umar Muhammad go dira tiro ya go batla le go falotsa kwa Sedikeng sa Dura-Du go fitlhela mogeneral yo o rotseng tiro a sule kgotsa a tshela. Ntlokgolo ya sesole e neile setlhopha sa go batla le go namola tiro ya go batla koloi ya mogeneral mme fa e le gore o bolailwe, ba tshwanetse go batla le go sekisa ba ba nang le maikarabelo. Fa letsholo leno le ne le tsweletse, go ne ga tlhagisiwa dikgang tsa go tshwarwa le go tlhaselwa ga batho ba sa ba tlhaole , boitshwaro jo bo seng jwa seporofešenale, go gataka ditshwanelo tsa batho le go tshwenngwa le go tshosediwa mme sesole sa Nigeria se ne sa ganela gore ga se a dira phoso epe. Setlhopha sa go batla le go namola se ne sa dirisana le Operation Safe Haven, Sepodisi sa Nigeria, batho ba ba thumang mo metsing ba mo lefelong leo ka nako ya fa ba ne teng ba ne ba dira tiro.[10]
Ka 20 Lwetse 2018, setlhopha se bolela gore tshedimosetso ya sephiri e ne ya senola gore koloi ya ga Alkali e latlhetswe mo mosimeng o o tlogetsweng wa meepo kwa Dura. Fa setlhopha se dira maiteko a go ntsha metsi mo mosimeng, banni, bomme botlhe ba apere bontsho ba ne ba simolola boipelaetso ba batla go ba thibela go ntsha metsi mo letangwaneng. Basadi ba ba neng ba dira ditshupetso ka makgolokgolo a bone ba ne ba bolela fa go ntshiwa ga metsi mo letangwaneng go tla ama bana ba bone semoyeng, go dira gore ba lwale mme go felele ka loso lwa banna ba bone. Setlhopha se ne sa itlhokomolosa baipelaetsi mme sa tswelela go ntsha metsi.[11]
Morago ga dibeke di le pedi tsa go ntsha metsi mo letangwaneng, koloi ya mogeneral, sekipa se sesweu se se neng se tletse madi se se nang le letshwao la Sesole sa Nigeria le leina la mogeneral le le kwadilweng mo go sone le para ya ditlhako tsa letsela tsa mogeneral di ne tsa fitlhelwa mo koloing, mmogo le dikoloi tse dingwe tse pedi tse di neng di tsweletse ka 29 Lwetse. Ka 3 Phalane 2018, malatsi a le mmalwa morago ga gore koloi ya mogeneral e bonwe, babelaelwa ba le masome a mararo, go akaretsa le mosadi yo o imileng ba ne ba tshwarwa kwa kgaolong ya Dura-Du ke sesole mme ba bewa kwa matlong a masole a Rukuba, morago ga moo ba ne ba neelwa mapodisi morago ga go botsolodiwa.[12][13]Ka di Phalane a tlhola malatsi ale lesome le bosupa ka 2018, babelaelwa ba le lesome le boraro ba ne ba kgaphelwa kwa tlhoko ke sesole mme morago ga moo ba neelwa mapodisi. Sesole se senotse gore bangwe ba babelaelwa ba le lesome le boraro ba ba neng ba neelwa mapodisi, ba ne ba na le ditlhobolo ba sena teseletso mme ba bangwe ba ne ba utlwa le go bona dikebekwa tse di neng tsa tlhasela mogeneral kwantle ga go begela makgotla a tshireletso.[14][15]
Ka Phalane 2018, mapodisi a ne a bolela gore go batliwa babelaelwa ba bangwe ba le borobabobedibedi morago ga go botsolodiwa ka botlalo le babelaelwa ba le lesome le boraro.[16] Ka dipatlisiso tse dingwe, ka 26 Phalane 2018, sesole se senotse gore babelaelwa ba ba tshwerweng ba ne ba file tshedimosetso e e ka ikanngwang e e neng ya ba isa kwa lebitleng le le bulegileng le le seng boteng kwa lefelong le le bidiwang "No man's land" mo lefelong le le lengwe le setopo se neng se fitlhilwe kwa go lone,go ya ka patlisiso, mmele o ne wa epololwa moragonyana fa koloi ya gagwe e ne e bonwa. [17][18][19] Ka 31 Phalane 2018, mmele wa ga Alkali o o senang botshelo o ne wa bonwa mo sedibeng se se tlogetsweng kwa Guchwet, Shen, Jos South, morago ga gore metsi a ntshiwe ka jenereitara ya pompo ya metsi go dira gore go kgonege go tsena mo dikarolong tsa mmele wa gagwe.[20]
Ka 3 Ngwanaitseele 2018, masalela a mogeneral a ne a fitlhwa kwa Mabitleng a Gudu kwa Abuja go ya ka ditwaelo tsa Boiselamo.[21] Ka 4 Ngwanatsele 2018, babelaelwa ba le lesomerobongwe ba ne ba tsenngwa ke mapodisi. Babelaelwa ba le lesomerobongwe ba ba neng ba mogwantong ba akaretsa ba le lesome le boraro ba ba neng ba neelwa mapodisi go le pelenyana ke sesole le ba bangwe ba le barataro ba ba neng ba le gareng ga babelaelwa ba le borobabobedi ba ba neng ba itsisiwe gore ba batliwa ka 21 Phalane 2018. Go ya ka mapodisi, babelaelwa ba le babedi mo go ba le borobabobedi ba ba neng ba itsisiwe gore ba batliwa, ba ne ba palelwa ke go ipega.[22] Ka di 10 Ferikgong 2019, morago ga dipatlisiso tse dingwe, mapodisi a ne a bolela gore go batliwa babelaelwa ba bangwe ba le lesome le boraro. Babelaelwa ba ne ba na le banna ba le lesome le bobedi go tswa kwa motseng wa Dwei mo kgaolong ya Du le monna yo mongwe go tswa kwa motseng wa Gushen, Jos South.[23][24]
Thulaganyo ya molao
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 5 Ngwanatsele 2018, babelaelwa ba le lesomerobongwe ba ne ba sekisiwa ke mapodisi ka melato e mebedi e e amanang le go loga maano a bokebekwa le polao e e nang le molato fa pele ga Moatlhodi Daniel Longjin kwa Kgotlatshekelong e Kgolo ya Puso 5, Jos. Morago ga babelaelwa , botlhe ba ne ba ipolela gore ga ba molato mme moatlhodi o ne a emisa kgetsi go fitlha ka 10 Sedimonthole 2018 go e reetsa , fa babelaelwa ba ne ba le mo kgolegelong ya Jos. [25][26]Ka 7 Ngwanatsele 2018, basekisiwa ba ne ba tsenya kopo ya bone ya beili fa pele ga moatlhodi.[27] Kwa tshekong e e neng ya simolola gape ya kgetse eno ka 10 Sedimonthole 2018, Puso ya Plateau e ne ya dira kopo mme ya tsaya kgetse eno, fa e ntse e rapela gore kgotlatshekelo e ba neye nako ya go ba kgontsha go ithuta kgetse eo. Moatlhodi o ne a amogela dithapelo mme a busetsa kgetse morago go fitlha ka Sedimonthole a tlhola malatsi ale lesome le bosupa ka 2018.[28][29]
Ka di 17 Sedimonthole 2018, babelaelwa ba bangwe ba le borobabongwe ba ne ba sekisiwa fa pele ga kgotlatshekelo, mme seno sa tlhatlosa palo ya babelaelwa go nna masome a mabedi le borobedi.Gape melato eo e ne ya fetolwa go tswa go bobedi go ya kwa go botlhano , fa go ntse go okediwa ka go phutlha batho go se ka fa molaong, go boloka tshedimosetso le go gana go ganetsa setopo. Moatlhodi o ne a naya babelaelwa ba le masome a mabedi beili ka madi a a kana ka ₦1 milione mongwe le mongwe, mmogo le netefaletso ya maemo a moeteledipele wa morafe yo o tla ikanang ka sesupo se go ikaniwang le go supa mongwe le mongwe wa basekisiwa. Moatlhodi o ne a busetsa kgetse morago go fitlha ka 25 Ferikgong 2019 go tsaya tshwetso ka kopo ya beili ya babelaelwa ba ba setseng ba le borobabobedi.[30][31]
Ka 20 Sedimonthole 2018, The Muslim Rights Concern, MURIC e ne ya kgala beili e e neng ya newa babelaelwa ba le masome a mabedi, ba e tlhalosa e le "tsamaiso ya tshiamiso",ba ne ba oketsa gape ka gore beili "e na le tlhaolele tlhaolele ya lotso le ya bodumedi", fa gape ba e bitsa "tsamaiso ya boatlhodi e e sa siamang ".[32].Ka 25 Ferikgong 2019 , moatlhodi o ne a re katlholo ya ba ba neng ba batla go gololwa ka beile e ne e ise e siame , a tlhalosa gore o tla sesaseka mabaka mme a bo a siametse katlholo ka Tlhakolw 2019. Ka nako ya kgetse, puso ya porofense ne ya dira kopo ya molomo ya go baakanya ditatofatso ka go fokotsa palo ya babelaelwa ba ba latofadiwang go tswa go masome a mabedi le borobabedi go ya ko go masome a mabedi le bone , go tshwara ditlhobolo e se ka fa molaong mo kgetsing e ntšha. Morago ga moo moatlhodi o ne a busetsa katlholo morago go ya go di 13 Tlhakole 2019.[33]
Ka di 13 tsa Tlhakole 2019, moatlhodi o ne a naya babelaelwa ba le supa beili ka madi a a kana ka dimilione di le ₦5 mongwe le mongwe, mmogo le motlhokomedi yo o tshwanetseng go tsenya setankana sa gore o nna mo setsha se se mo taolong ya kgotlatshekelo. Moatlhodi o ne a busetsa kgetse morago go ya go di 16 le di 18 Moranang 2019.[34] Ka di 18 tsa Phukwi 2019, moatlhodi yo o okametseng, Daniel Longji o ne a ikgogela morago mo kgetsing eo, a tlhalosa mabaka a a neng a dira gore a nne le nako e e lekanyeditsweng le go tlogela tiro. Morago ga moo Kyari Gadzama o ne a tlhagelela kwa kgotlatshekelo jaaka tlhogo ya mmueledi wa bosekisi mmogo le babueledi ba bangwe ba le bararo mme a tsaya marapo go tswa mo lephateng la bosiamisi la kwa Plateau. Morago ga moo moatlhodi o ne a romela kgetse kwa moatlhoding yo mogolo gore a e abele moatlhodi yo mongwe.[35] Ka Ngwanatsele 2019, moatlhodi wa kgotlatshekelokgolo ya borataro, Arum Ashom o ne a abelwa kgetse mme morago ga moo a tlhomamisa 29 Ferikgong 2020 gore e tswelele.[36]
Ka di 29 Ferikgong 2020, mmueledi wa bosekisi mo kgetsing eno o ne a bolelela kgotlatshekelo gore mmelaelwa yo mogolo yo o neng a le mo kgolegelong o tshwerwe, fa a ntse a kopa tetla go tswa kwa kgotlatshekelong go akaretsa mmelaelwa le go baakanya ditatofatso. Mmueledi wa bosekisi o tsweletse ka go bolelela lekgotla fa a ne a newa kopo ya beili ya bangwe ba babelaelwa, fa a ntse a kopa lekgotla go mo fa nako e ntsi go e feta le go tsaya tshwetso ya gore a o tlaa e ganetsa kgotsa nnyaa. Mmueledi wa bosekisi o ne gape a kopa lekgotla go busetsa kgetsi morago go di 24 le 25 Mopitlo 2020 gore go dirwe kopo ya beili, paakanyo ya ditatofatso le theetso ya kgetsi. Moatlhodi o ne a busetsa kgetse morago go ya go di 24, 25 le 26 Mopitlo 2020 tsa dikopo tsotlhe, ditatofatso tse di baakantsweng le go simolola tsheko.[37] Ka ntlha ya leroborobo la COVID-19 le le neng la felela ka gore dikgotlatshekelo di tswalwe kwa Nigeria, baatlhodi ba ne ba seyo kwa kgotlatshekelokgolo ya mmuso ka letlha le le buseditsweng morago la Mopitlo 2020 mme kgetse e ne ya tlhomiwa ka di 26, 27 le 28 Moranang 2020 gore go tswelediwe ka tshekoo ya kgang eno.[38]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Alhassan, Rayyan (12 September 2018). "Nigerian Army general missing few weeks after retirement, distraught wife sends SOS". Daily Nigerian. Retrieved 2025-03-11
- 1 2 "Tribute to Major-General Mohammed Idris Alkali". Daily Trust Newspaper. 16 November 2019. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "General Alkali to get befitting burial, says Army". P.M. News. 31 October 2018. Retrieved 2025-03-11
- 1 2 Samaila, Humaira (5 November 2018). "Takaitaccen tarihin Janar Idris Alkali". Legit.ng (in Hausa). Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Missing General: Nigeria army don see grave wia bad pipo bury Maj. Gen. Mohammed Idris Alkali". BBC News Pidgin. 26 October 2018. Retrieved 2025-03-11.
- ↑ "General Alkali to get befitting burial, says Army". P.M. News. 31 October 2018. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Ogbonna, Anthony (26 October 2018). "Breaking: Army discovers shallow grave where missing General was killed, buried". Vanguard Newspapers. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Ngbokai, Richard (18 July 2019). "Missing General: Community buried body secretly – Army". Daily Trust Newspaper. Retrieved 2o25-03-11
- ↑ "THE DISAPPEARANCE OF MAJ GEN MI ALKALI (RTD)". Nigerian Army | Official Website. Nigerian Army. 26 September 2018. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Audu, Usman (5 October 2018). "Missing General: Army dismisses rumour of corpses retrieved from death pond". Premium Times. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Audu, Usman (31 October 2018). "How body of missing Nigerian army general was 'found'". Premium Times. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Army arrest 30 suspects in connection with missing Major General Alkali". Vanguard Newspapers. 4 October 2018. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Missing General: How I was arrested, detained by soldiers - Journalist". Premium Times. 8 October 2018. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Olokor, Friday (18 October 2018). "Missing General: Army parades, hands 13 suspects to police". The Punch Newspaper. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Missing General: Army hands 13 suspects to Police". Vanguard Newspapers. 18 October 2018. Retrieved 2025-03-11.
- ↑ "19 suspects paraded over killing of Alkali". Vanguard Newspapers. 4 November 2018. Retrieved 2025-03-11.
- ↑ Nanlong, Marie (3 November 2018). "General ALKALI: How body was found in a well after 2 months search". Vanguard Newspapers. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Nigerian Army finds car of missing General Idris Alkali in Jos pond". TODAY. 29 September 2018. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Vehicle of late Major General Idris Alkali found in Jos pond". Vanguard Newspapers. 29 September 2018. Retrieved 2025-03-11.
- ↑ Nanlong, Marie (1 November 2018). "Body parts of missing Army General found in well". Vanguard Newspapers. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Missing general: Remains of Alkali buried in Abuja". The Punch Newspaper. 3 November 2018. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Olokor, Friday (4 November 2018). "Missing General: Police parade 19 suspects". The Punch Newspaper. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Terfa, Danjuma (10 January 2019). "Police declare 13 more suspects wanted over General Alkali's murder". TODAY. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Nanlong, Marie (11 January 2019). "General Alkali: Police declare 13 more suspects wanted". Vanguard Newspapers. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Court Remands 19 Persons In Prison Over Army General's Death". Channels TV. 5 November 2018. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Pwanagba, Agabus (5 November 2018). "General Alkali: 19 suspects arraigned in court". Daily Post Nigeria. Retrieved 2025-03-11.
- ↑ Olokor, Friday (8 November 2018). "120 lawyers to defend suspected killers of Alkali". The Punch Newspaper. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Abraham, James (11 December 2018). "Plateau takes over prosecution of 19 suspects in Alkali's murder". The Punch Newspaper. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Alleged killing of General: 9 more suspects to be arraigned alongside 19 others – DPP". The Sun Newspaper. 10 December 2018. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Audu, Usman (17 December 2018). "BREAKING: Missing General: Court grants 20 accused people bail". Premium Times. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Kehinde, Opeyemi (17 November 2019). "Gen. Alkali: 20 granted bail, court to rule on others in January". Daily Trust Newspaper. Retrieved 2025-03-11.
- ↑ Nwachukwu, John Owen (20 December 2018). "Idris Alkali: MURIC blows hot as court grants suspected killers of army general bail". Daily Post Nigeria. Retrieved 25-03-11
- ↑ "Gen. Alkali: Court Adjourns Ruling On Bail Application Of 7 Suspects". Daily Trust Newspaper. 25 January 2019. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Gen. Alkali: Court Adjourns Ruling On Bail Application Of 7 Suspects". Daily Trust Newspaper. 25 January 2019. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Ebhota-Akoma, Eseohe (18 July 2019). "Judge Recuses Self From Gen. Alkali's Murder Case". Daily Trust Newspaper. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Gen Alkali: Justice Ashom Takes Over Murder Trial". Daily Trust Newspaper. 7 November 2019. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Gen. Alkali Murder: Principal Suspect Apprehended". Daily Trust Newspaper. 30 January 2020. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Murder: COVID-19 Stalls Trial Of Alkali's Suspected Killers". Daily Trust Newspaper. 26 March 2020. Retrieved 2025-03-11
- Mafatshe a Aforika
- Matsalo a 1960
- Dintsho tsa 2018
- Bagolwane ba Nigeria
- Batho ba ba tswang kwa Yobe State
- Baithuti ba nako e e fetileng ba Sekolo sa Tshireletso sa Nigeria
- Baithuti ba nako e e fetileng ba mmadikolo wa Balochistan
- Baithuti ba nako e e fetileng ba mmadikolo wa Tshireletso ya Bosetšhaba
- Baithuti ba nako e e fetileng ba Kholetšhe ya Ntwa ya Bosetšhaba
- Baithuti ba nako e e fetileng ba mmadikolo wa Westminster