Jump to content

Ignatius Shixwameni

Go tswa ko Wikipedia

Ignatius Nkotongo Shixwameni ( o o tshotsweng ka Lwetse a le malatsi a mane ngwaga wa 1966 a tlhokafala ka Ngwanatsele a le lesome ngwaga wa 2021) e ne e le mopolotiki wa kwa Namibia. E ne e le moeteledipele wa phathi ya sepolotiki ya All People's Party.[1]

Botshelo Jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Shixwameni o tsholetswe kwa Shambyu, bogosi jwa ngwao kwa kgaolong ya Kavango, o alogile ka Master of Arts go tswa kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of Havana a dira matshelo a batho kwa gae.

Shixwameni e ne e le moeteledipele wa baithuti wa mokgatlho wa baithuti ba Namibia (Nanso) ka boipuso,[2] o nnile gape moeteledipele wa lekgotla la banana la SWAPO go tswa ka 1987 go tsena 1999, a nna gape leloko la komiti ya legare ya SWAPO go tswa ka 1992 go tsena 1997. O tlhophilwe go ya palamenteng ka 1999 e le leloko la phathi,o ne a nna leloko la phathi ya kganetso ya Congress of Democrats (CoD) ka 2000 e le moeteledipele wa yone.

Shixwameni o ne a ithola marapo mo phathing ya Congress of Democrats ka Morule 2007, ene le maloko a mangwe a le masome mabedi le motso.[3] O ne a tlhama phathi e ntšha ya All People's Party, e le lekgamu le le duleng mo Congress of Democrats kgwedi e e latelang. Ka Phalane 2009, o ne a tlhophiwa go nna ntlhopheng wa botautona wa phathi eo.[4]

O nea nyetse a na le bana ba babedi, a nna kwa Windhoek.

Shixwameni o tlhokafetse ka Ngwanatsele a le lesome ngwaga wa 2021, morago ga go wa kwa palamenteng.[5]

  1. Organization Details: All People's Party (APP)
  2. Veterans Act not inclusive and discriminates - Shixwameni Archived 5 November 2014 at the Wayback Machine. namibiansun.com, from 25 October 2012
  3. Shixwameni, 21 others quit CoD Archived 15 August 2007 at archive.today The Namibian, 17 December 2007
  4. Shixwameni won’t mind leaving Archived 4 January 2014 at the Wayback Machine. thevillager.com.na, from 1 May 2013
  5. Smith, Sonja (10 November 2021). "APP president dies". The Namibian. Archived from the original on 10 November 2021. Retrieved 14 October 2025.