Jump to content

Ineza Umuhoza Grace

Go tswa ko Wikipedia
Ineza Umuhoza Grace
Senepe sa ga Ineza se se dirisiwang mo National Geographic Explorer
Tsalo1996
TiroMolweladitshwanelo tsa bomme, moitseanape wa tikologo, molweladitshwanelo wa tsa seemo sa loapi
Notable work
The Green Protector
MaranyaneThe Green Protector

Ineza Umuhoza Grace (o o tshotsweng ka 1996) ke molweladitshwanelo tsa bomme, tsa loapi le tikologo go tswa kwa Kigali, Rwanda. Ke moeteledipele wa The Green protector,[1] morulaganyi wa bokopano jwa banana jwa Loss and Damage[2], le mothusa mosekaseki wa thulaganyo ya CCLAD.[3] E ne e le mofenyi wa seetsele sa Global Citizen ka 2023.[4]

Botshelo jwa a le mmotlana le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Grace o tsholetswe a bo a godisiwa kwa Kigali, Rwanda. Morwalela o ne wa tsaya ntlo ya ga bone a le dingwaga di le tlhano, CNET e mmega fa a na le maiphitlhelo a tatlhegelo le tshenyegelo;[5][6] dibetsa tsa tlholego di tshwana le merwalela di tlwaelesegile thata kwa Rwanda.[5] Grace o tlhamile setshwantsho sa motshikhinyego - ka thuso ya madi ya ba National Geographic Society - go rutuntsha banana ka dikgang tsa phetogo ya seemo sa loapi.[7]

Grace o alogile ka Bachelor's Degree ya tsa metsi le tikologo ka 2018 kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of Rwanda.[8] Morago ga go aloga, o ne a ithutela ditherisano tsa seemo sa phetogo ya loapi kwa sekolong sa United Nations Institute for Training and Research (UNITAR) le tsa kgwebo kwa African Women Enterprise Cooperation.[9][10]

Grace o simolotse go nna le kgatlhego mo ditirelong tsa tekatekano ya lefatshe, jaaka tshomarelo ya letšha la Congo, ka nako ya fa e le mongwe wa baemedi ba banana kwa bokopanong jwa United Nations jwa go kganela go nna sekaka (UNCCD), le e le moithuti wa thulaganyo ya Moremi ka 2017.[11][12] O ne a tlhama The Green Fighter[13] ngwaga o o, e morao e neng ya fetolwa leina go nna The Green Protector,[13] ka go tlhaloganya botlhokwa jwa go akaretsa banana.[14]

Pele, The Green Protector[13] e ne e ikaelela go phutha banana mo lekalaneng la tshireletso tikologo go tlhama tikologo e e sireletsegileng botoka mo setšhabeng. Maikaelelo a lekgotla le ga a fetoga, mme jaanong a diriwa lefatshe ka bophara.[15] Lekgotla la The Green protector[13] le rotloetsa go tlhamiwa ga dirala tsa magokanyane a banana, go akarediwa, go akanya ka go tlhama, dikgato tsa seemo sa loapi le thuto ya tsa tikologo, le amana le dikolo tse di farologaneng di le masome mabedi le botlhano le tse dikgolwane tsa ithutelo ditiro.[16] Le dirile gore Grace a kgone go bereka le banana ba ka nna dikete di le tharo, makgolo a matlhano, fa godimo ga go rulaganya letsatsi la go phepafatsa, go tlosa polaseteke mo setšhabeng le go tshwara dipuisano ka maranyane gareng ga baithuti ba sekolo se segolwane sa University of Rwanda le sa South-West University kwa China ka diphetogo tsa seemo sa loapi.[17]

Ka ngwaga wa 2018, Grace e ne e le mmueledi wa phetogo ya seemo sa loapi wa baemedi ba Rwanda kwa bokopanong jwa United Nations, kwa a berekileng e le monana o o ka buang ka dintlha tsa botlhokwa di tshwana le phetogo ya seemo sa loapi mo pusong.[8] Maiphitlhelo a ga Ineza a pele a UNITAR a mo thusitse mo maemong a.[10] Ka ngwaga wa 2019, o ne a nna monana wa boeteledipele mo Aforika mo setlhopheng sa masome a mararo le botlhano, kwa a neng a rutelwa go nna moeteledipele wa tlhwatlhwa mo Aforika a nna motho o o nang le thotloetso e kgolo mo setlhopheng sa Kigali.[18] Maemo a a ne a mo letla go kopana le baeteledipele kwa Kigali go rotloetsa melao ya thuto, phiro, botsogo le tikologo.[8] Ka ngwaga wa 2020, Grace o ne a fiwa dithuso tsa madi tsa JWH[19] - o ne a dirisa madi a go tsaya karolo mo ikatisetso tiro kwa Global Green Growth Institute, kwa a neng a thusa go tlhama dithulaganyo fa a eme nokeng go nna le seabe ga banana mo tikologong ya Rwanda le melao ya phetogo ya seemo sa bosa.[8]

Ka ngwaga wa 2020, Grace e ne e le bontlha jwa setlhopha se se simolotseng tirisano mmogo ya Loss and Damage Youth Coalition,[2] bokopano jwa banana ba feta makgolo a marataro go tswa kwa mafatsheng a feta masome a marataro.[20] Maikaelelo a bone e ne e le go lebisa baeteledipele ba mafatshe seabe sa bone le go ba gwetlha go tsaya kgato mo go rarabololeng ditatlhegelo le ditshenyegelo tsa tikologo. The Green Protector[13] ke bontlha jwa lekgotla le le simolotseng bokopano jo.[12] Ka ngwaga wa 2022, Grace o ne a ya bokopanong jwa COP27 jwa mafatshefatshe jwa phetogo seemo sa loapi, kwa a neng a thusa go lemoga fa go na le letlhoko la madi a ditshenyegelo le ditatlhegelo ga balweladitshwanelo ba banana. Letsholo le le ne la atlega, ka baeteledipele ba mafatshefatshe ba ne ba dumalana go kolekela go namola mafatshe a a lebanweng ke mathata a mo ditshenyegelong le ditatlhegelo. [5]

Grace o tsweletse ka tiro ya gagwe kwa CCLAD (sepolotiki sa ditatlhegelo le ditshenyegelo tsa phetogo ya seemo sa loapi),[3] a tsibosa batho ka fa ditirelo tsa sepolotiki le tsa setho di amang tsamaiso e e tlwaelesegileng ya dikago, dipalamo le dikganetso[21]. O tsweletse gape ka go nna molweladitshwanelo kgatlhanong le phetogo ya seemo sa loapi ka tiro ya gagwe kwa The Green Protector[13], ebile a kwala mo maranyaneng a Twitter.[22]

Grace o amogetse dietsele dingwe ka maiteko a gagwe mo go lweleng ditshwanelo tsa bomme, seemo sa loapi le tikologo.

Leina la seetsele Ngwaga Lekgotla Lebaka
Dragon's Den:Community Based Adaptation 2020 IIED[23][8] Kakanyo ya gagwe ya go fetolela dithulaganyo tsa seemo sa loapi go nna dithulaganyo tse di ka nnang le maduo[23]
Young Explorer 2020 National Geographic[10][8] Seabe sa lekgotla la gagwe, The Green Protector[13], ga mmogo le tiro ya gagwe mo bokopanong jwa ditatlhegelo le ditshenyegelo,[2] UNFCCC le setlhopha sa masome mararo le botlhano[10]
Banana ba bateledipele ba le lekgolo ba Aforika ba tshomarelo 2021 Banana ba bateledipele ba le lekgolo ba Aforika ba tshomarelo[24][8] Tiro ya gagwe ka lekgotla la gagwe la The Green Protector[13], le tsotlhe tse le kgonneng go di fitlhelela. O itebaganya le tikologo, tshomarelo le phetogo ya seemo sa loapi ka tsela e e farologanneg e e letlang banana go ithulaganya go tsaya karolo mo phetogong ya ditšhaba tsa bone.[24]
Seetsele sa Global Citizen 2023 Global Citizen[25] Go lwela ditshwanelo tsa bomme mo ntweng ya tshiamo ya seemo sa loapi le boeteledipele jwa gagwe mo tatlhegelong le tshenyo.[25]
  1. "The Green Protector". The Green Protector.
  2. 1 2 3 "Loss and Damage Youth Coalition". Loss and Damage Youth Coalition.
  3. 1 2 "Climate Change Loss and Damage". Climate Change Loss and Damage.
  4. "Global Citizen Prize". Global Citizen.
  5. 1 2 3 "This ecofeminist inspires young people to take action". Impact. 2023-03-08. Archived from the original on March 11, 2023. Retrieved 2026-01-27
  6. Collins, Katie (January 11, 2022). "'Heartbreaking' loss: Climate crisis spurs push for compensation in 2022". CNET.
  7. What Is An Eco-feminist? Explorer Ineza Umuhoza Grace, National Geographic UK, retrieved 2026-01-27
  8. 1 2 3 4 5 6 7 "Ineza Umuhoza Grace: Curriculum Vitae". CCLAD. Retrieved 2026-01-27
  9. "African Women Entrepreneurship Cooperation". African Women Entrepreneurship Cooperation.
  10. 1 2 3 4 "Explorer Directory: Ineza Umuhoza Grace". explorer-directory.nationalgeographic.org. Retrieved 2026-01-27
  11. "Moremi Initiative". Moremi Initiative.
  12. 1 2 Mbabazi, Joan (29 March 2023). "One environmentalist's drive to get youth to be climate actors". The New Times. Retrieved 27 January 2026
  13. 1 2 3 4 5 6 7 8 Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named :0
  14. https://www.unesco.org/en/articles/ineza-grace-umuhoza-impact-driven-leader-elevating-youth-climate-engagement
  15. "Ineza Umuhoza Grace". #ThinkLandscape. Retrieved 2026-01-27
  16. "Our Story – The Green Protector". Archived from the original on 2023-04-17. Retrieved 2026-01-2026
  17. Mbabazi, Joan (2023-03-29). "One environmentalist's drive to get youth to be climate actors". The New Times. Retrieved 2026-01-27
  18. "Global Shapers- Kigali Hub". Global Shapers- Kigali Hub.
  19. "JWH Initiative- Ineza Grace". JWH Initiative.[permanent dead link]
  20. EWTN. "Make Youth "active stakeholders in the fight against climate change": Global Youth Leader". ACI Africa. Retrieved 2026-01-27
  21. "About". CCLAD. Retrieved 2026-01-27
  22. "Twitter- Ineza Grace". Twitter- Ineza Grace.
  23. 1 2 CBA14 Dragons Den: Ineza Grace, retrieved 2026-01-27
  24. 1 2 "Grace Umuhoza Ineza". Young African Conservation Leaders. Archived from the original on 2023-04-17. Retrieved 2026-01-27
  25. 1 2 "Global Citizen Prize Winner Ineza". Global Citizen.