Jump to content

Irene Mogaka

Go tswa ko Wikipedia

Irene Mogaka Kemunto (o tshotswe ka kgwedi ya Ferikgong e le lesome (10) ka ngwaga wa 1985) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o gaisanang mo lebelong la marathone.

O simolotse go taboga mo maemong a bosetšhaba ka ngwaga wa 2005 mme a tsaya maemo a bobedi kwa dikgaisanong tsa go kgabaganya naga tsa Kisii mo ngwageng oo.[1] O ne a dira mmarathone wa gagwe wa ntlha kwa Mmarathoneng wa Boditšhabatšhaba wa Nairobi mme a fetsa mo maemong a bolesome ka nako ya 2:48:27.[2]O ne a tokafatsa nako ya gagwe go nna 2:41:12 ka go nna mo maemong a botlhano kwa kgatisong ya ngwaga wa 2007 ya Marathone wa Mumbai.[3] O ne a rwesiwa serwalatlhogo sa mmampodi wa porofense ya dimitara di le 5000 wa Porofense ya Nyanza ka kgwedi ya Seetebosigo ngwaga oo.[4]O ne a taboga kwa Mmarathoneng wa Rock 'n' Roll wa Las Vegas kwa bokhutlong jwa ngwaga mme a nna wa bobedi morago ga Sylvia Skvortsova, a tsaya nako ya gagwe e e gaisang ya 2:36:15.[5]

Setlha sa gagwe sa ngwaga wa 2008 se ne sa tlhomololwa ke go taboga ka nako ya 2:38:22 go bona maemo a botlhano kwa Marathone wa Toronto.[5]O ne a tlhoma mogopolo fela mo marathoneng ka ngwaga wa 2009 mme a simolola ka go nna mo maemong a boraro kwa Mumbai Marathon ka kgwedi ya Ferikgong.[6] O ne a kgwathisa metsotso e le merataro ya mmarathone wa gagwe o o gaisang kwa Mmarathoneng wa Los Angeles go rekota 2:30:10 go bona maemo a botlhano.[7]Marathone wa gagwe wa boraro wa ngwaga e ne e le wa Singapore Marathone mme lobelo lwa gagwe lo ne lo le bonya mme o ne a fetsa mo maemong a borobongwe.[5]

O ne a taboga kwa Halofo ya Mmarathone wa Berlin kwa tshimologong ya ngwaga wa 2010 mme a tlhoma nako e e kwa godimo ya halofo ya marathone ya 1:11:38 mme a nna mo maemong a borataro ka kakaretso.[8]O ne a taboga lebelo la bobedi le le bofefo go gaisa mo botshelong jwa gagwe kwa Marathone wa Toropo ya Vienna ka Moranang, a taboga ka nako ya 2:31:28 go fetsa e le wa bobedi morago ga Hellen Kimutai.[9] O ne a tabogela Kenya kwa Metshamekong ya Kgweranoditšhaba ya ngwaga wa 2010 mme o ne a etelela pele lobelo mo dikgatong tsa bofelo. Le fa go ntse jalo, moagi ka ene Irene Jerotich Kosgei o ne a mo feta mo dikilometareng tse tharo tsa bofelo mme Mogaka o ne a fetsa metsotswana e le lesome le bongwe a le kwa morago ga gagwe go kwala nako ya 2:34:43 le go gapa mmentlele wa selefera.[10]O ne a gaisana gape kwa India kwa Mumbai Marathon ka kgwedi ya Ferikgong ngwaga o o latelang, mme a kgona go tsaya maemo a borobedi fela mo lobelong.[11]

E ne e le ene fela Mokenya yo o neng a tsenela Marathone wa Basadi wa Osaka mme a nna mo maemong a bosupa ka kakaretso.[12]

  1. Okoth, Omulo (2005-12-10). Omwanza successful in Kisii cross country. IAAF. Retrieved on 2010-10-17
  2. Okoth, Omulo (2006-10-29). Commanding debut run by Hosea Kiprop Rotich in Nairobi. IAAF. Retrieved on 2010-10-16.
  3. Krishnan, Ram. Murali (2007-01-27).Unheralded Yang, Kenyan Kelai the winners in Mumbai. IAAF. Retrieved on 2010-10-17.
  4. Njenga, Peter (2007-06-09). Heated distance battles galore - Kenyan Provincial Championships roundup. IAAF. Retrieved on 2010-10-17.
  5. 1 2 3 Mogaka, Irene. Marathon Info. Retrieved on 2010-10-17.
  6. Krishnan, Ram. Murali (2009-01-18). Mungara and Kebebush take Mumbai Marathon titles . IAAF. Retrieved on 2010-10-17.
  7. ‘One sandwich’ Korir takes LA title in 2:08:24. IAAF (2009-05-26). Retrieved on 2010-10-17.
  8. Half Marathon 2010. IAAF (2010-10-16). Retrieved on 2010-10-17
  9. Beating the winds, Sugut and Kimutai take Vienna Marathon titles. IAAF (2010-04-18). Retrieved on 2010-10-17.
  10. Rowbottom, Mike (2010-10-14). Double marathon triumph for Kenya ends athletics programme at Commonwealth Games. IAAF. Retrieved on 2010-10-16. Archived 2010-10-16 at the Wayback Machine
  11. Krishnan, Ram. Murali (2011-01-16). Assefa and Yal take down course records in Mumbai. IAAF. Retrieved on 2011-01-19.
  12. Nakamura, Ken (2012-01-29). Shigetomo takes Osaka as favourite Fukushi falters. IAAF. Retrieved on 2012-02-01.