Jump to content

Isaak Witbooi

Go tswa ko Wikipedia
Hendrik Witbooi a na le ngwana wa gagwe wa mosimane Isaak Witbooi le babereki ba Germany

Isaak Witbooi, ka puo ya Nama ǃNanseb ǂKharib ǃNansemab ( o tshotswe la Motsheganong a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 1865 a tlhokafala ka Phalane a le lesome le borataro ngwaga wa 1928) e ne e le kgosi ya bone ya morafe wa IKhowesin, o o ka fa tlase ga wa Orlam, kwa Gibeon kwa South West Africa (kwa e leng Namibia gompieno). Fa ka nako ya dintwa tsa BaHerero raagwe ebong Hendrik Witbooi, a ne a wa ka Phalane a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 1905, o ne a mo ja boswa jwa bogosi a tswelela a lwantsha sesole sa Jeremane, mme a ineela ka Tlhakole a le malatsi a mararo ngwaga wa 1906. Puso ya bokolone ya Germany e ne ya iletsa ditsamaiso tsa ngwao semmuso mme ya tsweledisa IKhowesin ba akaretsa Isaak Witbooi o a neng a tshwerwe kwa bokone jwa Namibia, a asa kgone go boela kwa Gibeon go fitlhelela masole a Germany a ineela ka nako ya ntwa ya ntlha ya mafatshe, go ya go tlhasela masole a Britain a Aforika Borwa ka 1915. Kwa Gibeon, Isaak Witbooi o ne a atlega mo go ageng sešha lekgotla la IKhowesin, le ntswa a ne a lemogwa e le kgosana fela ke batsamaisi ba Aforika Borwa.[1] O nnile mo setilong go fitlhelela ka ngwaga wa 1928 fa a tlhokafala, fa monnawe ebong David Witbooi a ne a mo tlhatlhama.[2]

  1. Kössler, Reinhart (2005). In search of survival and dignity: Two traditional communities in southern Namibia under South African rule. Windhoek: Gamsberg Macmillan (Namibia Publishing House). p. 184 ff. ISBN 9789991605982.
  2. Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, W". Retrieved 03 October 2025.