Isabel V. Hull
Isabel V Hull | |
|---|---|
| Tsalo | 1949 |
| Letso | American |
| Alma mater | University of Michigan (BA) Yale University (PhD) |
| Tiro | Mokwadi, Motlhatlheleladithuto, moitseanape wa ditso |
Isabel Virginia Hull (o o tshotsweng ka 1949) ke motlhatlhelela dithuto tsa ditso wa pele wa kwa John Stambaugh, gape e le modulasetilo wa pele wa lephata la ditso kwa Cornell University. O itebagantse le ditso tsa Germany go tswa ka 1700 go tsena 1945, mme segolo a lebile tsa popego ya mapolotiki, sepolotiki, le bong. Fa e sale ka Firikgong ngwaga wa 2006,Hull o berekile mo lekgotleng la bokwadi jwa ditso tsa gompieno.
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Hull o amogetse BA ya gagwe go tswa University of Michigan ka 1970 le PhD kwa Yale University ka 1978. O ruta ka ntwa ya ntlha ya mafatshe, ditso tsa Germany go tswa 1648 go tsena gompieno le molao wa mafatshe.
Tshekatsheko
[fetola | Fetola Motswedi]Maemo a Hull a itseweng thata ka one, a a itshupang mo dibukeng tse pedi tsa gagwe tsa mo bosheng, ke gore lefatshe la Germany pele le ka nako ya ntwa ya ntlha ya mafatshe o ne a sa khathale ka molao wa mafatshe mo bagakeng le gore seabe sa bone mo go tsiseng ntwa se ne se feta sa ba bangwe. Ka 2014,Hull o ne a gatisa pamipitshana e e buang ka go dira le go roba molao ka nako ya ntwa, a tlhodumela go tswalelwa ga Germany. Buka e e ne ya kgalwa ke baitseanape ba bangwe ba ditso ka go bo e reteletswe ke go ela tlhoko setho le go tlhomamisa kganelo.[1][2]
Michael Geyer wa University of Chicago o ne a supile fa Isabel V Hull e le mongwe wa baitseanape ba ditso ba ba atlegileng thata, wa maemo a ntlha a kokomane ya gagwe, o supilwe mo dikganngnyeng tsa VICE fa e le mongwe wa baithuti ba ba di gogang kwa pele mo seabeng sa bosetšhaba mo ditsong.[3] Ke mofenyi wa seetsele sa Ralph Waldo Emerson le Leo Gershoy ka 1996, ke leloko la American Academy of Arts and Sciences ebile e nnile moithuti wa Guggenheim le wa ditshekatsheko wa Alexander von Humboldt-Stiftung. Ka ngwaga wa 2013, o ne a atswiwa ka mpho ya kemo nokeng ya ditshekatsheko tsa gagwe ke Max Weber Stiftung le Historisches Kolleg.
Dibuka
[fetola | Fetola Motswedi]- The Entourage of Kaise Wilhem II, 1888 go tsena 1918.: Cambridge University Press. 1982.
- Sexuality, State and Civil Society in Germany, 1700 go tsena 1815. Ithaca: Cornell University Press, 1996
- Absolute Destruction:Military Culture and the Practices of war in Imperial Germany. Ithaca:Cornell University Press, 2005.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Ziemann, Benjamin. "Rezension zu: I. Hull: A Scrap of Paper". H-Soz-Kult. Kommunikation und Fachinformation für die Geschichtswissenschaften
- ↑ Moyn, Samuel (June 5, 2014). "Book Review: 'A Scrap of Paper' by Isabel V. Hull". The Wall Street Journal. Retrieved 08 October 2025.
- ↑ Pearl, Mike (December 5, 2015). "We Asked a Fascism Expert if Donald Trump Is a Fascist". Vice News. Retrieved 08 October 2025.