Jump to content

Isabell Masters

Go tswa ko Wikipedia

Isabell Masters (o tshotswe ka kgwedi ya Ferikgong e le boferabongwe (9) ka ngwaga wa 1913 abo a thokafala ka kgwedi ya Lwetse e le lesome le bongwe (11) ka ngwaga wa 2011[1]) wa Topeka, Kansas, e ne e le ntlhopheng wa lekoko la boraro (Lekoko le le Lebang Morago) la Tautona wa United States makgetlo a le matlhano.

Matsholo a matlhano a boTautona a ga Masters ke one a a fetang a mosadi ope mo hisitoring ya U.S.[2]E ne e le ntlhopheng ka ditlhopho tsa boTautona tsa ngwaga wa 1984, 1992 (diboutu di le 339), 1996, 2000 le 2004. Ka ngwaga wa 1996, o ne a le mo pampiring ya ditlhopho fela kwa Arkansas (mme gape o ne a amogela diboutu di le mmalwa kwa California le Maryland) (diboutu di le 752 ka kakaretso, 2000). Molekane wa gagwe wa ngwaga wa 1992 e ne e le morwawe, Walter Ray Masters, mme molekane wa gagwe wa ngwaga wa 1996 e ne e le morwadie, Shirley Jean Masters.

Baekerafi

[fetola | Fetola Motswedi]

Botshelo jwa motho ka namana

Isabell Masters o tshotswe e le Isabell Arch ka kgwedi ya Ferikgong e le boferabongwe (9),ka ngwaga wa 1913, kwa Oklahoma City, kwa Oklahoma, e le morwadia Cora McDaniels (Lewis) le Walter Arch. [2][3][4] Rraagwe, rakgwebo, e ne e le wa lotso lwa Maaforika a Amerika le Jeremane. [2]Masters o alogile kwa Sekolong se Segolo sa Douglas kwa Oklahoma City mme a amogela dikirii ya gagwe ya ntlha mo thutong kwa Yunibesithing ya Langston.[2] [5]Moragonyana o ne a bona dikirii ya bongaka kwa Yunibesithing ya Oklahoma.[5]Morutabana ka tiro, Masetase o ne a ruta kwa California, New York, Nevada le Kansas ka nako ya tiro ya gagwe.[5]O ne a bereka ka tlhamalalo kwa dikolong tsa kwa ditoropong tsa Amerika tsa Pasadena, Los Angeles, Las Vegas, Kansas City le Syracuse, New York.[2]

Masters o ne a nyala Alfred Masters, yo o neng a nna Moamerika wa ntlha wa Moaforika go ikwadisa mo sesoleng sa lewatle sa United States fa a ne a ikanisiwa ka Seetebosigo 1, 1942.[2][3]Ba ne ba nna le bana ba le barataro mmogo, mme lenyalo la bone le ne la phutlhama kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo 1940.[2]O godisitse bana ba le barataro e le mmè yo o sa nyalwang.[2]Masetase o amogetse dikirii ya gagwe ya masetase mo thutong e e kwa godimo kwa Yunibesithing ya California, kwa Los Angeles (UCLA).[2]Moragonyana o ne a bona dikirii ya bongaka kwa Yunibesithing ya Oklahoma ka nako ya fa a ne a le dingwaga di le 60.[2][5]

Matsholo a boporesidente

Ka ngwaga wa 2000 e ne e le ntlhopheng wa go kwadisa kwa Kansas mmogo le George W. Bush le Al Gore. Molekane wa gagwe wa go nna motlatsatautona e ne e le morwadie, Alfreda Dean Masters.

O dirile maiteko a le mmalwa a a sa atlegang a go fenya ditlhopho tsa ntlha tsa Repaboliki tsa go nna Tautona. Ka ngwaga wa 1996 o ne a le mo pampiring ya ditlhopho kwa Oklahoma mme a fenya diboutu di le 1,052 (Bob Dole o ne a fenya ka pharologano e kgolo).[6]

Mo godimo ga matsholo a gagwe a bo Tautona, Masters o ne a tsenela ditlhopho tsa lekgotla la toropo kwa Topeka, kwa Kansas, mme o kile a bo a le ntlhopheng wa go nna Ratoropo wa West Palm Beach, kwa Florida.[5]

Bana ba le barataro ba ga Masters ba akaretsa Moruti Thomas A. Masters Sr. wa Kereke ya New Macedonia Missionary Baptist kwa Riviera Beach, kwa Florida, ratoropo wa ga jaanong wa Riviera Beach yo e neng e le moeteledipele wa baagi yo o neng a ipelaetsa kgatlhanong le maiteko a setlhopha sa semolao sa ga George W. Bush a go emisa go bala gape ga ditlhopho tsa kwa Florida morago ga ditlhopho tse di neng tsa baka dikganetsano tsa Cor. yo o neng a nna mosadi wa bone wa ga Ratoropo wa pele wa Washington, D.C. Marion Barry ka ngwaga wa 1994, mme moragonyana ba ne ba tlhalana.[2]

Isabell Masters o ne a tlhokafala a robetse ka kgwedi ya Lwetse e le lesome le bongwe (11),ka ngwaga wa 2011, kwa lefelong la booki kwa Lake Worth, kwa Florida, a le dingwaga di le masome a borabongwe le boferabobedi (98).[7] O ne a nna le morwawe, Ratoropo wa Riviera Beach Thomas Masters, dingwaga di le nne tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe.[7]

  1. Notice of Isabell Masters' death
  2. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 11 "Isabell Masters obituary". The Daily Telegraph. September 25, 2011. Retrieved September 25, 2011.
  3. 1 2 Williams, Janette (September 20, 2011). "Political activist Isabell Masters, whose presidential ambitions started in Pasadena, dies at 98". Pasadena Star-News. Archived from the original on January 12, 2015. Retrieved October 8, 2011
  4. Havel, James T. (1996). The candidates. Macmillan Library Reference USA. ISBN 978-0-02-864622-0.
  5. 1 2 3 4 5 "Former presidential candidate Isabell Masters dies in Florida". News OK. The Oklahoman. September 20, 2011. Retrieved September 21, 2011
  6. Ballot Access News, Oklahoma State Election Board 1996 Republican Race for President Archived July 9, 2008, at the Wayback Machine
  7. 1 2 Thompson, Kevin D. (September 14, 2011). "Presidential candidate Isabell Masters, mother of Riviera mayor, dies". The Palm Beach Post. Retrieved October 8, 2011