Isabella ochichi
Isabella Bosibori Ochichi (o tshotswe ka kgwedi ya Phalane a le masome a maedi le boferabobedi (28) ka gwaga wa 1979, kwa Kgaolong ya Kisii) go tswa kwa Kenya e ne e le mofenyi wa metlele wa selefera mo kgaisanong ya basadi ya sekgala sa dimetara di le 5 000 kwa Metshamekong ya Diolimpiki ya Selemo sa ngwaga wa 2004 e e neng e tshwaretswe kwa Athene, kwa Greece. O ne a fetsa ka nako ya 14:48.19, mo e ka nnang metsotswana e le 2,5 morago ga mofenyi, Meseret Defar wa kwa Ethiopia.
Ka ngwaga wa 1997, fa a ne a na le dingwaga di le lesome le bosupa (17), o ne a tsenela dikgaisano tsa gagwe tsa ntlha tsa kwa moseja kwa Fora. O ne a tlhophiwa go emela Kenya kwa IAAF World Half Marathon Championships wa ngwaga wa 2001, kwa a fentseng a le wa borobedi. O ne a gaisana kwa IAAF World Cross Country Championships magareng ga ngwaga wa 2002 le ngwaga wa 2006, mme maduo a gagwe a a gaisang e ne e le dimetlele tsa boronse mo mabelong a makhutshwane ka ngwaga wa 2002 le ngwaga wa 2005.
Ka kgwedi ya Mopitlwe ka ngwaga wa 2006 o ne a fenya sekgala se se tshwanang kwa Metshamekong ya Commonwealth. Ka kgwedi ya Moranang wa one ngwaga oo o ne a gapa sekgele sa selefera mo kgaisanong ya ditlhopha kwa Dikgaisanyong tsa Lefatshe tsa Cross Country, a feditse a le 10 mo kgaisanong e khutshwane.
Le fa gone Ochichi a ne a le mo setlhoeng sa tiro ya gagwe, o ne a tlogela go taboga ka ngwaga wa 2006. O ne a boela gape mo kgaisanong dingwaga di le supa moragonyana ka ngwaga wa 2013. Mo lobelong lwa gagwe lwa go boa kwa Prague Half Marathon o ne a nna wa boraro ka nako ya 1:09:21 diura (e nngwe ya dinako tsa gagwe tse di bofefo). O ne a akgela jaana: "Ke itumetse thata go bo ke le fano morago ga dingwaga tseno tsotlhe. Ke ne ke solofetse go taboga sentle, mme ke ne ke sa akanye ka go fitlhelela maemo a boraro". [1]O ne a fenya halofo ya marathone ya Göteborgsvarvet ka Motsheganong. [2]O ne a simolola go taboga sekgala sa marathone ka kgwedi ya Phalane mme a kgona go tsaya maemo a botlhano kwa Amsterdam Marathon ya maemo a a kwa godimo, a beile rekoto ya gagwe ya nako ya diura tse 2:31:38.[3]
O nyetswe ke David Maina, yo le ene e leng motabogi e bile a gaisana mo mabelong a ditsela. O eteletswe pele ke Gwenaël Vigot mme a katisiwa ke Veronique Billat.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Cherono breaks course record in Prague as Tadese out-sprints team-mate. IAAF (2013-04-06). Retrieved on 2013
- ↑ May 2013 AIMS Results Archived 2016-05-20 at the Wayback Machine. AIMS. Retrieved on 2013-05-24
- ↑ Chebet breaks Amsterdam course record with third victory in a row. IAAF (2013-10-20). Retrieved on 2013-10-24