Isabellah Andersson
Isabellah Andersson (o tshotswe Isabellah Moraa Amoro ka kgwedi ya Ngwanatsele ele lesome le bobedi,ngwaga wa 1980) [1]ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Sweden-Kenya.[2] O nna kwa Vilshult kwa Sweden, mme go tloga ka Motsheganong 2009 ke moagi wa Sweden. O tshamekela setlhopha sa Hässelby SK.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Andersson o ne a nna mmamoratwa yo mosha wa marathone wa Sweden ka kgwedi ya Herikgong ele masome a mabedi le bobedi,ngwaga wa 2010 fa a ne a nna wa botlhano kwa Dubai Marathon ka nako ya 2:26:52.[3] Mo 2010 European Championship o ne a fetsa mo maemong a botlhano, mme o ne a tlhatlosediwa go nna wa boraro ka ngwaga wa 2012. Ka kgwedi ya Phalane ele masome a mararo le bingwe ngwaga wa 2010, o ne a fetsa mo maemong a bone mo Frankfurt Marathon ka nako ya diura di le 2:25:10, ka jalo a tlhoma rekoto e ntšha ya bosetšhaba. O fentse Stockholm Marathon ka makgetlo a le mane ka go latelana.[4] [5]O ne a siana kwa Dubai Marathon ka ngwaga wa 2011 mme a tla mo maemong a boraro, a tokafatsa rekoto ya gagwe ya nako go nna diura di le 2:23:41.[6]Kwa 2011 World Championships, o ne a nna wa bosupa.[7] Kwa metshamekong ya 2012 Summer Olympics, o feditse a le lesome le borobedi.[8]
Kwa tshimologong o ne a tla kwa Sweden go tla go ithuta go le gontsi ka motshameko wa go tsamaya ka dinao. Fa a le koo, o ne a kopana le Lars Andersson, yo e neng e le motho yo o ratang go tsamaya ka dinao e bile a rata go gaisana le ba bangwe. [9]Bobedi ba nyetse ka kgwedi ya kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2006 mme ba na le ngwana wa mosetsana Beyoncé (yo o tshotsweng ka ngwaga wa 2009), yo o teeletsweng ka moopedi wa kwa Amerika Beyoncé Knowles.[4] [10][11]Ka kgwedi ya Moranang ele lesome,ngwaga wa 2016, ka ntlha ya botlhoko jwa leoto, o ne a tshwanelwa ke go tlogela go tsaya karolo mo Rotterdam Marathon kwa Netherlands. Seno se ne sa dira gore a se ka a kgona go tsenela metshameko ya 2016 Summer Olympic Games kwa Rio de Janeiro, Brazil. [12]
Diphitlhelelo
[fetola | Fetola Motswedi]Etape Bornholm -- 2009 - phenyo le rekoto ya Sweden mo kgaisanong ya 10 km
Stockholm Marathon -- 2008 - phenyo; 2009 - phenyo; 2010 - phenyo;[4] 2011 - phenyo; 2013 - phenyo; 2014 - phenyo.
Göteborgsvarvet -- 2008 - 2nd place; 2009 - 2nd place; 2010 - 2nd place[13]
Terräng-SM/Cross country championships -- 2008 - e ne ya nna ya ntlha mo dikgannyeng tsa 4 km le 8 km [14]
Lidingöloppet - 2007 - o ne a nna wa ntlha mo kgaisanong ya 30 km [15]
2010 European Athletics Championships, Barcelona ⁇ in marathon, o ne a nna wa boraro mme a gapa bronze medal, ka nako ya 2:34:43
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "2012 Marathon Road : World Men". Arrs.net.
- ↑ [1][dead link]
- ↑ "Gebrselassie Prevails For Third Time in Dubai Marathon". Letsrun.com. 22 January 2009.
- 1 2 3 Hans Jansson hans.jansson. "Siktar på tredje raka maratonsegern". Dagens Nyheter
- ↑ Peter Wikström/TT (5 June 2010). "Lagat och Andersson snabbast i Stockholm Marathon". Dagens Nyheter.
- ↑ Butcher, Pat (21 January 2011). Barmasai and Mergia fight headwind to take Dubai Marathon wins. IAAF. Retrieved 21 January 2011.
- ↑ "13th IAAF World Championships in Athletics - Marathon - women". www.iaaf.org. IAAF. 27 August 2011. Retrieved 8 January 2015.
- ↑ "London 2012 - Women's Marathon". www.olympic.org. IOC. Retrieved 8 January 2015.
- ↑ Lasse Mannheimer (31 May 2008). "Isabellah Anderssons raketkarriär mot nya höjder". Dagens Nyheter.
- ↑ [2][dead link]
- ↑ "Artiklar - Mama". Mama.nu. Archived from the original on 24 July 2011.
- ↑ Gustav Orbring (10 April 2016). "Isabellah Andersson bröt – borta från OS" (in Swedish). SVT Sport. Retrieved 10 April 2016.
- ↑ "Goteborg Half Marathon 2010 Results – Kiprono, Gobena win". Runinfinity.com. 22 May 2010.
- ↑ "IFK Växjö friidrott". Archived from the original on 11 June 2008. Retrieved 4 June 2010.
- ↑ [3] Archived 26 August 2010 at the Wayback Machine