Isabelle de Charrière

Isabelle de Charrière (ka seFora: [izabɛl də ʃaʁjɛʁ]; pele e ne ele Isabella Agneta Elisabeth van Tuyll van Serooskerken; Phalane a le masome a mabedi ka 1740 – Sedimonthole a le masome a mabedi le bosupa ka 1805), gape a itsege ka Madame de Charrière le Belle van Zuylen (Dutch: [ˈbɛlə vɑn ˈzœylə(n)]) kwa Netherlands, e ne e le mokwadi wa moDutch le moSwiss wa nako ya Enlightenment yo a tsheletseng sephatlo sa bofelelo jwa botshelo jwa gagwe kwa Colombier, Neuchâtel, Principality of Neuchâtel. O itsege thata ka makwalo le dikwalo tsa gagwe, mme gape o ne a kwala dipampitshana, mmino le metshameko. O ne a na le kgatlhego e tona mo setshabeng le dipolotiki tsa nako ya gagwe, mme tiro ya gagwe ya nako ya Tsogologo ya Fora e tsewa e le e e kgatlhisang go fetisa.
Botshelo jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Isabelle van Tuyll van Serooskerken o tsholetswe kwa Zuylen Castle kwa Zuilen go bapa le Utrecht kwa Netherlands, e le ngwana wa ga Diederik Jacob van Tuyll van Serooskerken (1707–1776), le Jacoba Helena de Vicq (1724–1768). E ne e le yo mogolo mo baneng ba supa. Batsadi ba gagwe ba kaiwa ke mokwadi wa Scots, James Boswell, yo ka nako eo e neng e le moithuti wa molao kwa Utrecht le mongwe wa babatli ba gagwe, jaaka "mongwe wa batlotlegi ba bogologolo thata mo Dikgaolong tse Supa" le "mohumagadi wa kwa Amsterdam, yo o nang le madi a mantsi". Ka mariga ba ne ba nna kwa ntlong ya bone kwa toropong ya Utrecht.
Ka 1750, Isabelle o ne a romelwa kwa Geneva mme a tsamaya a ralala Switzerland le Fora a na le mmusi yo o buang seFora Jeanne-Louise Prevost, yo e neng e le morutuntshi wa gagwe go tswa ka 1746 go fitlha ka 1753. A ne a buile seFora ngwaga fela, o ne a tshwanelwa ke go ithuta seDutch seshwa fa a boela gae kwa Netherlands. Le fa gontse jalo, seFora se ne se tlaa nna teme ya gagwe e a e ratang segolo botshelo jwa gagwe jotlhe, se se thusang go tlhalosa gore, ka nako e telele, tiro ya gagwe e ne e sa itsege thata kwa lefatsheng la gagwe la matsalo ka fa go neng go ka solofelwa ka teng.
Isabelle o ne a bona thuto e e anameng go gaisa ya basetsana ba nako yeo, ka ntlha ya maikutlo a a gololesegileng a batsadi ba gagwe ba le bone ba neng ba mo letla go ithuta dithuto di tshwana dipalo, physics le dipuo di akaretsa Latin, Sentariana, Sejeremane le Sekgoa. Go ya ka gotlhe, e ne e le moithuti yo o neilweng. Go tsweng a na le kgatlhego mo mminong, ka 1790 o ne a simolola go ithuta morulaganyi Niccolò Zingarelli.[1]
Fa a le dingwaga di le lesome le bone o ne a gapiwa maikutlo ke morutwana wa moPolish wa Roma, Peter Dönhoff. O ne a sena kgatlhego mo go ene. Ka go swaba, a tswa kwa Utrecht dikgwedi tse lesome le boferabobedi.[2] Fa a ntse a gola, babatli ba le mmalwa ba ne ba iponatsa mme fela ba ganiwa ka gore ba ne ba solofetsa go mo etela, mme ba seke, kana ba ikgogela morago ka gore o ne a le fa godimo ga bone. O ne a bona lenyalo e le tsela ya go bona kgololesego mme gape a batla go nyalela lorato.
A laleditswe segolobogolo ke Anne Pollexfen Drake le mogatse, lieutenant general George Eliott go tla kwa legaeng la bone kwa Lontone kwa Curzon Street, Mayfair, Isabelle o ne a tla ka sekepe go tswa kwa Hellevoetsluis go ya kwa Harwich Ngwanaatsele a supa ka 1766 a patilwe ke kgaitsadie Ditie, motlhokomedi wa gagwe Doortje le mokgweetsi wa gagwe Vitel.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Flothius, Marius (2001). "Belle van Zuylen". Mo Sadie, Stanley; Tyrrell, John (eds.). The New Grove Dictionary of Music and Musicians (2nd ed.). London: Macmillan Publishers. ISBN 978-1-56159-239-5.
- ↑ "First letter to Count Dönhoff". Archived from the original on 7 December 2014. Retrieved Phukwi a le masome a mabedi le bone ka 2026.