Jump to content

Ishmael Noko

Go tswa ko Wikipedia

Ishmael Noko (yo o tshotsweng ka 1943) ke moruti wa Lutere wa Aforika borwa yo e neng e le Mokwaledikakaretso wa Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Lutere (LWF) go tloga ka 1994 go fitlha ka 2010.[1]

Baekerafi

[fetola | Fetola Motswedi]

O tshotswe ka Phalane e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borobabongwe ka 1943 kwa Rhodesia ka nako eo (e jaanong e bidiwang Zimbabwe), Noko o amogetse thuto ya gagwe ya sekolo se se potlana le se segolwane mo lefelong la gaeno. O ne a tsweledisa dithuto tsa gagwe tsa thutabomodimo kwa mmadikolo a Aforika Borwa kwa Pretoria, le kwa mmadikolo wa Zululand. O weditse degree ya gagwe ya Bachelor of Arts ka 1971, a ithuta thutabomodimo e e rulagantsweng, hisitori ya kereke le dithuto tsa baebele.

Morago ga go tlhomiwa ka 1972, o ne a ithutela masters degree kwa Sekolong sa Thutabomodimo sa Lutere, kwa Saskatoon, Saskatchewan, kwa Canada, mme a wetsa ka 1974 ka patlisiso e e buang ka "Kopano ya Baitshepi go tswa mo Ponong ya Aforika."

Go simolola ka 1974 go fitlha ka 1977, Noko o ne a ithuta kwa mmadikolo wa McGill kwa Quebec mme a bona Ph.D. ka patlisiso ya bongaka e e bidiwang "Kgopolo ya Modimo mo Thutabomodimong ya Bantsho: Go Anaanela Modimo jaaka Mogolodi le Mopoelani."

Ka nako ya dithuto tsa gagwe kwa Canada, Noko o ne a dira jaaka mokaedi wa mmadikolo, mmogo le moruti wa pharishe kwa Kerekeng ya Lutere ya Modisa yo o Molemo kwa Saint-Lambert, QC. Mo bofelong jwa ngwaga wa 1977, o ne a amogela go nna mokaedi kwa mmadikolo wa Botswana, morago ga dingwaga di le pedi, a neng a tlhomiwa go nna moeteledi pele wa Lephata la Thutabomodimo/Dithuto tsa Bodumedi. Gape o ne a direla dingwaga di le tharo e le Modini wa Legoro la Dithuto tsa Batho.

Ka 2018 Noko o ne a newa Boporofesa jo bo Tlotlegang jwa UC mo Dithutong tsa Kagiso go tswa kwa mmadikolo wa Cambodia ka ntlha ya go rotloetsa kagiso le tlhabololo le ka ntlha ya go kgaratlhela go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa baagi mo lefatsheng lotlhe.[2]

Tirelo ya Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Lutere

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Motsheganong 1982, Noko o ne a bidiwa go tswa kwa mmadikolo wa Botswana go ya go tsenela Lephata la Tirelo ya Lefatshe la Lutheran World Federation (LWF), kwa a neng a direla ditirelo tsa batshabi tse di amanang le dikereke, Mokhomišenara yo Mogolo wa Batshabi wa Ditšhabakopano, Mokgatlho wa Kutlwano ya Aforika le mekgatlho e mengwe.

Ka Seetebosigo 1994 Noko o ne a tlhomiwa go nna mokwaledikakaretso wa LWF, mme a nna Moaforika wa ntlha go nna mo maemong ao.

Lekgotla la Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Lutere le ne la tlhopha gape Moruti Ngaka Ishmael Noko mo pakeng ya gagwe ya bobedi ya dingwaga di le supa jaaka Mokwaledikakaretso wa LWF, ka nako ya kopano ya boditšhabatšhaba e e neng e tshwerwe kwa Geneva, Switzerland, ka 1 Lwetse 2004.[3]

Moruti Noko o ne a tsaya karolo mo dipuisanong tsa thutabomodimo tse di neng tsa dira gore go bewe monwana Kgoeletso e e Kopanetsweng ya Thuto ya go Siamisiwa.[4]

Ka 2009 Noko o ne a amogela go tlhomiwa ga ga Jana Jeruma-Grinberga go tlhatlhama Walter A. Jagucki jaaka mobishopo wa Kereke ya Lutere kwa Boritane e Kgolo,[5]mobishopo wa ntlha wa mosadi kwa UK.

  1. Schjørring, Jens Holger; Prasanna Kumari; Norman A. Hjelm; Viggo Mortensen (August 1997). From Federation to Communion: The History of the Lutheran World Federation. Fortress Press. p. 518. ISBN 978-0-8006-3110-9. Retrieved 27 May 2011.
  2. "The Distinguished Lecture from Dr. Ishmael Noko, the awarding of the UC Professorship in Peace Studies". The University of Cambodia. Retrieved 20 september 2025.
  3. Information provided by the Lutheran World Federation
  4. Press statement
  5. "LWI 2009-005 Lutheran Woman Bishop Jeruma-Grinberga Succeeds Jagucki in Great Britain". archive.wfn.org. World Faith News archive. 29 January 2009. Retrieved 20 september 2025