Issoufou Assoumane
Issoufou Assoumane ke mopolotiki wa Nigeria yo e ntseng e le Tautona we Union of Nigerien Democrats and Socialists (Union des démocrates et socialistes nigériens, UDSN-Talaka) O ne a direla mo pusong ya Niger jaaka Tona ya Meepo le Maatla go tswa ka 1995 go ya go 1996 le jaaka Tona ya Tikologo go tswa ka 2000 go ya go 2001.
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Assoumane e ne e le Mokwaledikakaretso wa Democratic Union of Progressive Forces (UDFP-Sawaba) ka dingwaga tsa bo 1990. Mmogo le Mamadou Tandja, Tautona wa Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Tlhabololo ya Setšhaba (MNSD-Nassara), le André Salifou, Tautona wa Kopano ya Baratanaga ba Temokerasi le Kgatelopele (UPDP-Chamoua), Assoumane o ne a tshwarwa ka Moranang e tlhola malatsi ale lesome le bosupa ka 1994 kgatlhanong le puso morago ga boipelaetso[1]. Ka Ferikgong 1995 mo ditlhophong tsa palamente, kopano ya kganetso e ne ya gapa bontsi jwa manno, mme Assoumane o ne a direla mo pusong jaaka Tona ya Meepo le Maatla go tloga ka Tlhakole e tlhola malatsi ale masome a mabedi le botlhano ka 1995[2] go fitlha puso e tlosiwa ka menolopuso ya sesole ka Ferikgong e tlhola malatsi ale masome a mabedi le bosupa ka 1996.[3]
Morago ga menolopuso ya 1996, Assoumane e ne e le moeteledipele wa kganetso ka fa tlase gaTautona Ibrahim Bare Mainassara. Fa Mainassara a ne a leleka puso ka Ngwanatsele 1997, a bontsha tsholofelo ya tirisanommogo e kgolwane ya sepolotiki, Assoumane o ne a gana sesupo seo. A re ga gona sepe se se kwa tlase ga go phatlalatsa kokoano ya setshaba le go tshwara ditlhopho tse disha se se tlaa lekanang, mme a re lekokokganetso ga le kitla le tsaya karolo mo pusong e e tlang. Go ya ka Assoumane, tshwetso ya ga Mainassara e ne e "ikaeletse go goga boboa mo matlhong a baagi ba boditšhabatšhaba" mme e ne e ikaeletse go "tshwantsha kganetso jaaka e e ganang go tsaya karolo mo pusong ya gagwe". O ne a lemotsha gore le fa kganetso e ka tsaya karolo mo pusong, matona a yone a ka lelekwa mo tirong ka seipato sa nako nngwe le nngwe.[4]
Assoumane o ne a tshwarwa mo tshimologong ya Ferikgong 1998, mmogo le Hama Amadou le Mohamed Bazoum, ka ntlha ya go bo ba ne ba na le seabe mo leano la go bolaya Mainassara.[3][5]Ga a ise a ke a latofadiwe mme o ne a gololwa beke morago ga go tshwarwa ga gagwe.[3]
Moragonyana, morago ga polao ya ga Bare ka 1999, Assoumane o ne a tshegetsa bontlhopheng ba ga Mamadou Tandja mo tikologong ya bobedi ya ditlhopho tsa boTautona tsa 1999. Tandja o ne a fenya ditlhopho, mme Assoumane o ne a tlhomiwa mo pusong jaaka Tona ya Tikologo le Ntwa Kgatlhanong le go Nna Sekaka ka la bo Ferikgong e tlhola malatsi ale matlhano ka 2000.[6][7]O ne a direla mo maemong ao go fitlha ka Lwetse e tlhola malatsi ale lesome le bosupa ka 2001, fa a ne a tlogela puso.[8] O tlhomile UDSN-Talaka, lekoko la sepolotiki, ka Phalane 2001.[9]
Le fa UDSN-Talaka e ne e le karolo ya kopano ya bontsi jwa botautaona e e neng e tshegetsa Tautona Tandja, Assoumane o ne a tlhagisa kganetso mo maitekong a ga Tandja a go bitsa referantamo ka ga molaotheo o mošwa o o neng o tla mo letla go tsenela ditlhopho gape ka 2009.[10] Moragonyana, morago ga katlego ya referantamo, o ne a le teng kwa kopanong ya kganetso kwa Niamey ka Sedimonthole e tlhola malatsi ale lesome le boraro ka 2009. Mo tiragalong eo, o ne a bolela gore ke thato ya batho gore Tandja a tlogele tiro ka Sedimonthole a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bobedi , paka le letsatsi la gagwe e neng e rulaganyeditswe go fela ka lone kwa tshimologong.[11]
Fa e sale ka 2010
[fetola | Fetola Motswedi]Assoumane o ne a tshegetsa bontlhopheng ba ga Mahamadou Issoufou mo ditlhophong tsa botautona tsa Ferikgong–Mopitlwe 2011; o ne a dira letsholo mmogo le Issoufou ka nako ya tikologo ya ntlha[12] mmogo le ya bobedi.[13] Morago ga gore Issoufou a fenye ditlhopho mme a tsene mo maemong a go nna Tautona, o ne a tlhoma Assoumane go nna Mogakolodi yo o Kgethegileng waTautona, ka maemo a Tona, ka la bo Moranang a tlhola malatsi ale masome a mabedi ka 2011.[14]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "3 in opposition arrested in Niger", Associated Press (Boston Globe), 18 April 1994.
- ↑ Africa Research Bulletin: Political, Social, and Cultural Series, volumes 32–33 (1995), page 1,781.
- ↑ 3.0 3.1 3.2 "Country Report on Human Rights Practices 1998 - Niger", United States Department of State, 26 February 1999.
- ↑ "Radio reports opposition comment on Niger government dismissal", Africa No. 1 radio, 0730 gmt 25 November 1997.
- ↑ "Niger Police arrest three opposition leaders", BBC News, 3 January 1998.
- ↑ Africa Contemporary Record: Annual Survey and Documents, volume 27 (2004), page B-159 and B-161.
- ↑ "Le gouvernement du Niger formé le 5 janvier 2000" Archived 2004-10-28 at the Wayback Machine, Afrique Express website (accessed 4 June 2011) (in French).
- ↑ Africa Research Bulletin: Political, Social, and Cultural Series, volume 38 (2001), page 14,591 (in French).
- ↑ "Niger: New political party formed", Africa No. 1 radio, 22 October 2001.
- ↑ Boureima Hama, "Niger president dissolves parliament", AFP, 26 May 2009.
- ↑ "Niger: l'opposition insiste sur le départ du président Tandja fin décembre", Agence France-Presse, 13 December 2009 (in French).
- ↑ Mahaman Bako, "Elections législatives et présidentielles 1er tour : le candidat du PNDS-Tarayya, M. Mahamadou Issoufou accueilli par une marée humaine à Tahoua", Le Sahel, 27 January 2011 (in French).
- ↑ "Meeting du candidat du PNDS-Tarayya à Maradi : forte mobilisation des militants des partis de la coalition qui soutiennent la candidature de Mahamadou Issoufou", Le Sahel, 9 March 2011 (in French).
- ↑ "Le Chef de l'Etat signe plusieurs décrets de nomination", Le Sahel, 22 April 2011 (in French).