Jump to content

Ivory Coast

Go tswa ko Wikipedia
Republic of Côte d'Ivoire

République de Côte d'Ivoire
Flag of Ivory Coast
Folaga
Coat of arms of Ivory Coast
Sekano sa setshaba
Motto: 'Union – Discipline – Travail' (Script error: The function "name_from_code" does not exist.)
'Unity – Discipline – Work'

Lefatshe la Ivory Coast, le le itsegeng ka leina la Cote d'Ivore mme leina la lone la semmuso e le Republic of Cote d'Ivore, ke lefatshe le le mo lotshitshing lo lo kwa borwa lwa bophirima jwa Aforika. Toropokgolo ya lone ya Yamoussouko e kwa legareng la lefatshe, fa toropo e tona le boremelelo jwa itsholelo e le toropo ya Abidjan. Le tlhakanetse molelwane le lefatshe la Guinea kwa bokone-bophirima, la Liberia kwa bophirima, Mali kwa bokone-bophirima, Burkina Faso kwa bokone-botlhaba, Ghana kwa botlhaba le Gulf of Guinea kwa borwa. Lefatshe la Ivory Coast ka ngwaga wa 2024 le ne le na le banni ba le di milone di le masome a mararo le bongwe, se se dira gore e nne lefatshe la boraro ka bontsi jwa batho, mo bophirima jwa Aforika.[1] Teme e e tlhomamisistsweng semmuso ya lefatshe le ya French, le diteme tse dingwe tsa mo gae di akaretsa Bete, Baoule, Dyula, Dan, Anyin le Cebaara Senufo di a dirisiwa. Palo ya diteme tsotlhe tse di buiwang mo Ivory Coast ke masome a supa le boferabobedi. Lefatshe le le na le batho ba ditumelo tse difarologaneng di akaretsa Islam, SeKeresete le ditumelo tsa mo gae.[2][3]

Pele ga le busiwa ke mafatshe a mangwe, lefatshe la Ivory Coast le ne le na le dikgaolo di le dintsi di akaretsa ya Gyaaman, kong Empire le Baoule. Lefelo le le ne la nna ka fa tlase ga tshireletso ya la France ka ngwaga wa 1843 mme la akarediwa ele bontlha jwa France ka ngwaga wa 1893 fa go lwelwa Aforika. Le tsere boipuso ka ngwaga wa 1960, le eteletswe pele ke Felix Houphouet-Boigny, o o nnileng mo setilong go fitlhelela ka ngwaga wa 1993. Lefatshe le le itshetletse fa le tshwantshangwa le a mangwe mo kgaolong, le dirile botsalano jwa polotiki le itsholelo le mafatshe a a mo tikologong ya lone mo bophirima jwa Aforika fa le tsweleltse le agisana le mafatshe a a kwa bophirima bogolo jang la France. Go itshetlela ga lefatshe le go ne ga phirimisiwa ke go menolwa ga puso ga ngwaga wa 1999 le dintwa tsa selegae di le pedi tse di diragetseng go tswa ka ngwaga wa 2002 go tsena ka wa 2007[4] le ka 2010 go tsena ka 2011. Le dirile molamotheo o mosha ka ngwaga wa 2016.[5]

Lefatshe la Ivory Coast le neetse tautona marapo. Le ne le le mogaka wa itsholelo mo bophirima jwa Aforika ka dingwaga tsa 1960 go tsena ka 1970 ka le ne le dira kofi le cocoa, mme le ne la itemogela go sa iketla ga itsholelo ka dingwaga tsa 1980, se se baka tlhakatlhakano mo polotiking go fitlha ka ngwaga wa 2011. Lefatshe le, le ne la nna le kgolo ya itsholelelo fa e sale kagiso le go itshetlela go boela mannong ka ngwaga wa 2011. Go tswa ka ngwaga wa 2012 go tsena ka wa 2023, itsholelo e godile ka 7.1% mo ngwageng, se se raya gore ke lefatshe la bobedi mo Aforika go itsemogela kgolo e e ntseng jaana, mme e le labone mo lefatsheng ka bophara.[6] Ka ngwaga wa 2023, lefatshe la Ivory Coast le ne le na le GDP ya bobedi kwa godimo, le setse morago la Cape Verde.[7] Le fa go ntse jaana, patlisiso ya ngwaga wa 2016, e supa fa 46.1% ya batho e tswelella ka go amiwa ke leuba. Ka ngwaga wa 2020, lefatshe la Ivory Coast e ne e le lone le le rekisang cocoa le dinawa go feta mafatshe otlhe mme la nna le dikamogelo tse di kwa godimo go fetisa a mangwe mo kgaolong.[8] Itsholelo e santse e ikaegile ka temothuo, mme temo e le yone e di gogang kwa pele.[9]

Go thata go supa gore batho ba simolotse go nna mo Ivory Coast leng ka gore masalela a batho ga a ka a bewa sentle mo seemong sa bosa sa lefatshe le. Mme le fa gontse jalo, masalela a dibetsa le didirisiwa di supilwe fa di ka tswa di supa palo ya batho e ntsi go tswa ka 15,000 go tsena ka 10,000 BC.[10]

Batho bantlha go nna mo Ivory Coast ba tlogetse masalela mo lefelong le. Baitseanape ba ditso ba dumela fa ba ne ba fudusiwa kgotsa ba tsewa ke bagolwagolwane ba banni ba gone jaana ba ba neng ba fudugela kwa borwa.[11] Ditlhopha tseo di akaretsa Ehotile, Zehiri, Ega le Dies.[12]

  1. Population Reference Bureau. "2024 World Population Data Sheet". Retrieved 24 February 2025.
  2. Institut National de la Statistique de Côte d'Ivoire (October 2022). "Recensement général de la population et de l'habitat 2021 - Résultats globaux définitifs" (PDF) (in French). p. 41. Retrieved 24 February 2025.
  3. "RECENSEMENT GENERAL DE LA POPULATION ET DE L'HABITAT 2021 RESULTATS GLOBAUX DEFINITIFS" (PDF). Institut National de la Statistique (INS) (in French). October 2022. Archived (PDF) from the original on 14 August 2023. Retrieved 24 February 2025.
  4. "Loi n° 2000-513 du 1er août 2000 portant Constitution de la République de Côte d'Ivoire" (PDF). Journal Officiel de la République de Côte d'Ivoire (in French). 42 (30): 529–538. 3 August 2000. Archived from the original (PDF) on 24 February 2025.
  5. "Ivory Coast backs new constitution in landslide vote, opposition cries foul". 2 November 2016. Archived from the original on 26 March 2023. Retrieved 24 February 2025.
  6. IMF. "World Economic Outlook database: October 2023". Archived from the original on 19 February 2024. Retrieved 24 February 2025.
  7. IMF. "World Economic Outlook database: October 2023". Retrieved 24 February 2025.
  8. "Ivory Coast country profile". BBC News. 18 November 2020. Archived from the original on 4 May 2020. Retrieved 24 February 2025.
  9. "Côte d'Ivoire". The World Factbook. CIA Directorate of Intelligence. 30 March 2022. Archived from the original on 9 January 2021. Retrieved 24 February 2025.
  10. Guédé, François Yiodé (1995). "Contribution à l'étude du paléolithique de la Côte d'Ivoire : État des connaissances". Journal des Africanistes. 65 (2): 79–91. doi:10.3406/jafr.1995.2432.
  11. Warner, Rachel (1988). "Historical Setting". In Handloff, Robert Earl (ed.). Cote d'Ivoire: a country study. Washington, D.C.: Federal Research Division, Library of Congress. OCLC 44238009. Archived from the original on 27 September 2021. Retrieved 26 February 2025.
  12. Kipré, Pierre (1992), Histoire de la Côte d'Ivoire (in French), Abidjan: Editions AMI, OCLC 33233462