Jump to content

Ivy Barley

Go tswa ko Wikipedia
Ivy Barley
Senepe sa ga Ivy Barley a emetse Developers in Vogue kwa rePublica ka 2018
ThutoKwame Nkrumah University of Science and technology

Ivy Barley ke mogwebi wa kwa Ghana, mmueledi wa basadi ba maranyane, le motlhami wa Developers in Vogue. Ka Firikgong 2022, GhanaWeb e ne ya tsenya Barley e le mongwe wa basadi ba Ghana ba le bararo ba ba mo maranyaneng ba itshupa mo go tsa pereko.[1] Ka 2017 le 2019, Barley o ne a kwalwa e le mongwe wa banana ba Ghana ba ba masome matlhano ba ba nang le thotloetso, mo Avance Media.[2]

Botshelo jwa a le mmotlana le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Barley o tsholetswe kwa Accra, Ghana, kwa a ntseng teng botshelo jwa gagwe a le ngwana. O tsene sekolo kwa Aburi, morago a ya go dira Bachelor's degree le Masters degree kwa Kwame Nkrumah University of Science and Technology.[3]

Barley ke motlhami wa Developers in Vogue,Kompone e e rutang, e tlhatlhelela e bo e batlela basadi ba Aforika ba ba berekang ka botegeniki ditiro. Seabe sa Developers in Vogue se lemogilwe kwa bokopanong jwa Berlin jwa basadi, jo bo neng bo tseneletswe ke Angera Merkel[4] le kwa ITU International.[5]

Seabe sa ga Ivy kwa Developers in Vogue[6][7] se tlhageletse mo diraleng tsa maranyane tse di farologaneng le dibuka di akaretsa ya Women in Tech ya lephata la itsholelo le tlhabololo la Germany[8][9], go rotloetsa basadi le basetsana go ikgolaganya le maranyane le dipalo, le buka ya Founding Women[10][11] go tlotlomatsa basadi ba Aforka ba ba dirang bojotlhe go aga dikgwebo tse di atlegileng tsa botegeniki.

Dietsele le tlotla

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Seetsele Metswedi
2021 Mofenyi wa Tech Enterpreneur - Basadi ba Aforika mo kgwebong le botlhami [12]
2020 Dietsele tsa She For Social Impact [13]
2019 Monana wa Ghana o o nnileng le thotloetso e ntsi mo maranyaneng [14]
  1. "Ghanaian 'Women in Tech' making strides on the international corporate scene". GhanaWeb. 11 January 2022. Archived from the original on 29 January 2022. Retrieved 27 October 2025
  2. Online, Peace FM. "50 Most Influential Young Ghanaians 2017 Revealed!". www.peacefmonline.com. Retrieved 27 October 2025
  3. "Ivy Barley | WSA". www.worldsummitawards.org. Retrieved 27 October 2025
  4. "Young Ghanaian, Ivy Barley Wins E-Skills for Girls Competition In Berlin, Germany".
  5. "International Girls in ICT Day 2018". ITU. Archived from the original on 28 January 2022. Retrieved 27 October 2025
  6. "Ivy Barley". www.tea-after-twelve.com (in German). Retrieved 27 October 2025
  7. "Impact Report 2017–2019, Make-IT in Africa" (PDF).
  8. Development (BMZ), Federal Ministry for Economic Cooperation and. "BMZ publication: Women in Tech – Inspiration, no fairytales | G20 #eSkills4Girls initiative - Challenging the gender digital divide". Archived from the original on 27 January 2022. Retrieved 27 October 2025
  9. "Women in Tech, Inspiration, Keine Marchen" (PDF).
  10. Ball, Eunice Baguma (26 September 2023). Founding Women Book. Africa Technology Business Network. ISBN 978-1999968908.
  11. "What Does a Tech Entrepreneur Look Like?". Movemeback Community. 4 August 2017. Retrieved 27 October 2025
  12. "2021 AWIEF AWARD WINNERS". AWIEF. Retrieved 27 October 2025
  13. "The She For Social Impact Awards – Honoring Impact-led Women". She For Social Impact Awards (in German). Retrieved 27 October 2025
  14. "Avance Media | Profiles: Avance Media 2019 50 Most Influential Young Ghanaians". Retrieved 27 October 2025