Jackline Cherono
Jackline Cherono (o tshotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mabedi le botlhano (25) ka ngwaga wa 1998) ke motabogi wa marathone wa kwa Kenya.
Cherono o simolotse tiro ya gagwe jaaka motabogi wa Steeplechase ka ngwaga wa 2014 mme a gaisana mo dingwageng tsa moragonyana le mo mabelong a sekgala se se fa gare le a sekgala se seleele mo lebaleng.[1] Ka ngwaga wa 2022 o ne a nna le kotsi e mo go yone a neng a gobala thata mo leotong. O ne a boela kwa dikgaisanong tsa mo tseleng kwa Marathone wa Enschede wa ngwaga wa 2023 kwa a neng a fetsa mo maemong a bone gone.[2] Moragonyana mo ngwageng ka Diphalane, o ne a fenya kgatiso ya bo 100 ya Mmarathone wa Kagiso wa Košice kwa Košice, kwa Slovakia ka nako ya 2:24:43.[2]Kakgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2025, o ne a fenya Mmarathone wa Rotterdam kwa Rotterdam, kwa Netherlands ka nako ya 2:21:15 a feta Aminet Ahmed le Azemra Gebru ba kwa Kenya.[3][4][5]
O nyetse motabogi wa marathone wa Kenya e bong Patrick Ketter.[6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Jackline Cherono at World Athletics
- 1 2 "Keniaanse winst in 100ste marathon Kosice: Jackline Cherono en Philemon Rono". hardloopnieuws.nl (in Dutch). 3 October 2023. Retrieved 15 April 2025.
- ↑ "Kamworor en Cherono winnen marathon van Rotterdam, Tesfu en Luijten beste Nederlanders". NOS (in Dutch). 13 April 2025. Retrieved 15 April 2025.
- ↑ "Jackline Cherono komt als eerste vrouw over de finish bij de marathon van Rotterdam". RTV Rijnmond (in Dutch). 13 April 2025. Retrieved 15 April 2025
- ↑ "Rotterdam Marathon 2025". Olympics. 13 April 2025. Retrieved 15 April 2025
- ↑ "Marathon van Enschede is van start gegaan! Dit zijn de lopers waar je op moet letten". Algemeen Dagblad (in Dutch). 13 April 2025. Retrieved 15 April 2025.