Jump to content

Jacqueline Oble

Go tswa ko Wikipedia
Jacqueline

Anne Jacqueline Oble (yo o belegweng ka 1950), yo gape a itsegeng jaaka Jacqueline Lohoues-Oble, ke mmueledi wa kwa Ivory Coast le mopolotiki yo e neng e le mosadi wa ntlha go nna moemedi mo ditlhophong tsa boeteledipele.

Dithutego le Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Anne Jacqueline Lohoues o belegetswe kwa Dabou ka 1950,[1] mongwe wa bana ba le lesome le bongwe. O na le dikirii ya bachelor's mo molaong go tswa kwa University of Abidjan-Cocody (1975),[3] master's degree in Private Law go tswa kwa University of Paris II (1977) le PhD go tswa kwa University of Jean Moulin (1982).[ 1][4]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Oble ke mmueledi mme e ne e le porofesa wa ntlha wa molao mo Sub-Saharan Africa kwa Abidjan Law School mme a dira jaaka mogokgo wa lefapha la molao go tloga ka 1986 go fitlha ka 1989.[3] Ka 1984, o ne a kopana le Tautona ya Gabon Omar Bongo kwa khonferenseng ya molao wa lelapa mo Afrika, yo o neng a mo itsise go Tautona Félix Houphouët-Boigny. Ka 1990, Houphouët-Boigny o ne a mo tlhoma go nna Tona ya Bosiamisi le Motlhokomedi wa Dikano ka fa tlase ga Tonakgolo Alassane Ouattara.[ 2]

Morago ga loso lwa ga Houphouët-Boigny ka 1993, Oble e ne e le mongwe wa maloko a a simolotseng Rally of the Republicans le morwarraagwe Vincent Lohoues Essoh, yo morago a neng a nna Tona ya Kago le Togamaano ya Toropo ka fa tlase ga puso ya nakwana ya ga Robert Guéï.[ 2][3]

Ka 1995, Oble o ne a tlhophiwa go nna leloko la Kokoano Bosetšhaba ya Abobo. O ne a rola tiro ka 1999 morago ga go ganana le Ouattara mo ditlhophong tsa 2000 tsa Botautona. O ne a boela kwa yunibesithing mme a dira jaaka mogakolodi wa semolao wa Tonakgolo Charles Konan Banny go tloga ka 2006 go ya go 2007.[ 2]

Oble o ne a direla jaaka moeteledipele wa African Women Ministers and Parliamentarians le leloko la motheo wa Mokgatlho wa Baitseanape ba Basadi. Morago ga go tlhophiwa ga Ellen Johnson Sirleaf mo nageng e e gaufi ya Liberia ka 2005, basadi ba le bantsi ba ne ba mo rotloetsa go tsaya maemo a boeteledipele. Ka ngwaga wa 2010, o ne a nna moemedi mo ditlhophong tsa boeteledipele, mosadi wa ntlha go nna mo maemong ao. Le fa a ne a fenya ba le barataro mo go ba bangwe ba le 13 ba ba neng ba le mo ditlhophong, o ne a amogela fela dipesente di le 0,27 tsa diboutu. O ne a tlhopha go tshegetsa Laurent Gbagbo mo kgetlong la bobedi la ditlhopho. Morago ga go tlhophiwa ga gagwe, o ne a tlhophiwa go nna mmueledi wa gagwe, mme go tloga ka 5 Sedimonthole 2010 go fitlha ka 11 Moranang 2011, o ne a direla jaaka Tona ya Thuto mo pusong ya Gilbert Aké, e e neng e sa amogelwa ke setšhaba sa boditšhabatšhaba. Ka 18 Sedimonthole 2010, o ne a bua mo boemong jwa ga Gbagbo mme a kopa gore masole a UN le a Fora a tlosiwe ka bonako mo nageng,[6] a re UN e na le molato wa "go dira diphoso tse di masisi" le "go nyatsa" ditheo tsa naga.[3][7]Ka 11 Ferikgong 2011, European Union e ne ya baya Oble ka fa tlase ga dikotlhao jaaka leloko la puso ya Ake N'Gbo. Morago ga go tshwarwa ga ga Gbagbo ka 11 Moranang 2011, go tlisa bokhutlo jwa Ntwa ya Bobedi ya Selegae ya Ivory Coast, e ne e le ene fela tona yo a neng a sa tshwenngwe ke baeteledipele ba baša.[ 5]

Mekwalo ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Oble o ne a boela kwa tirong ya gagwe jaaka moithuta kwa Université Félix Houphouët-Boigny kwa Cocody mme a gana go tsenela ditlhopho tsa boporesitente tsa 2015. Ka 2013, o ne a direla jaaka leloko la Scientific Council ya International Union of Judicial Officers.[ 8]
  • Lohoues-Oble, Jacqueline (1999). "L'apparition d'un droit international des affaires en Afrique". Revue internationale de droit comparé. 51 (3): 543–591. doi:10.3406/ridc.1999.18250.
  • Oblé-Lohoues, Jacqueline (1984). Le droit des successions en Côte d'Ivoire: tradition et modernisme. Nouvelles Editions africaines.
  • Assi-Esso, Anne-Marie; Issa-Sayegh, Joseph; Lohoues-Oble, Jacqueline (2002). Droit des assurances. Bruylant. ISBN 9782802716181.
  • Issa-Sayegh, Joseph; Lohoues-Oble, Jacqueline (2002). Ohada - Harmonisation du droit des affaires. Bruylant. ISBN 9782802715702.
  • Lohoues-Oble, Jacqueline (2008). "Autonomy Of The Parties : The Supplemental Character Of The Provisions Of The Ohada Preliminary Draft Uniform Act On Contract Law". Unif Law Rev. 13 (1–2): 337–338. doi:10.1093/ulr/13.1-2.337.

Lohoues-Oble, Jacqueline (2009). "Le Traite Ohada Et L'Acte Uniforme Relatif Aux Procedures Simplifiees De Recouvrement Et Des Voies D'Execution: Esquisse D'Un Droit International De L'Execution". Romanian Journal of Compulsory Execution. 148.

[1] Taicher, Elèonore (10 February 2010). "Femmes africaines". Le Monde (in French). Retrieved 4 March 2017.

[2] "Présidentielle : Jacqueline Lohoues Oble, candidate au nom des femmes". Jeune Afrique. 24 October 2010. Retrieved 4 March 2017.

[3] Daddieh, Cyril K. (2016). Historical Dictionary of Cote d'Ivoire (The Ivory Coast). Rowman & Littlefield. pp. 350–351. ISBN 9780810873896.

[4] "Biographie Jacqueline Lohoues-Oble" (in French). Abidjan.net. 2010. Archived from the original on 2019-07-08. Retrieved 2017-03-04.

[5] "Côte-d'Ivoire engagement politique – Jacqueline Lohès Oble se met au " repos "". Connection Iviorenne (in French). 25 April 2015. Retrieved 4 March 2017.

[6] Konan, Venance (1 March 2011). "Côte d'ivoire. Les Ivoiriens ont de quoi cauchemarder". Courrier International (in French). Retrieved 4 March 2017.

[7] James (18 December 2010). "Gbagbo orders peacekeepers to leave Ivory Coast". BBC Newsfirst=John. Retrieved 4 March 2017.

[8] "A member of the Scientific Council of the UIHJ becomes Minister of Justice of Tunisia". UIHJ. 8 March 2013. Archived from the original on 9 July 2019. Retrieved 4 March 2017.