Jakia Brown-Turner
Jakia Brown-Turner (yo o tshotsweng ka Tlhakole a le lesome le bobedi ka 2001) ke motshameki wa baseketebolo wa kwa Amerika yo o sa tswang go tshameka setlhopha sa Washington Mystics ya Women's National Basketball Association (WNBA). O ne a tshameka baseketebolo ya sekolo sa ithutelo ditiro sa NC State Wolfpack le sa Maryland Terrapins.
Botshelo jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Brown-Turner o tshotswe ka Tlhakole a le lesome le motso ka 2001, kwa Oxon Hill, Maryland.[1] O ne tsene sekolo se segolwane sa Bishop McNamara High School mme e ne e le motshameki yo mogolo wa setlhopha sa baseketebolo, a nna motlhophiwa mo setlhopheng sa ntlha sa all-conference gararo mme gape a nna mo maemong a lesome le botlhano a ba ba tshwanetseng go lebelelwa mo setshabeng ba ESPN.[2][3] Fa a ne a le kwa mogolwane, o ne a thusa sekolo go tlhoma rekote ya 21-7 mme gape a bidiwa kwa setlhopheng sa ntlha sa All-Met ke The Washington Post.[2]
Ka ngwaga wa gagwe wa bofelo, Brown-Turner o ne a thusa Bishop McNamara go nna mo maemong a bosetshaba a bolesome a a kwa godimo mo lefatsheng, a ba etelela pele go nna bommampodi ba Washington Catholic Athletic Conference ka rekote ya 31 - 4.[3][4] O ne a dira palogare ya dintlha di le 16.0 le go gapa kgwele gape (rebounds) tse 7.3 motshameko mongwe le mongwe, mme a amogela ditlotla di le mmalwa go akaretsa go tlhophiwa mo McDonald's All-American Game le Jordan Brand Classic, All-County le ya setlhopha sa boraro sa Naismith All-America , gape a nna Maryland Girls'basketball Player of the Year, Bishop McNamara female student-athlete of the year le Gatorade Maryland Player of the Year.[3][5][6] O ne a fetsa e le moeteledipele mo dintlheng tse di nositsweng mme a rurifatsa fa a tlaa tshameka motshameko baseketebolo ya dikolo tsa ithutelo tiro sa NC State Wolfpack.[3]
Tiro ya sekole sa ithutelo ditiro
[fetola | Fetola Motswedi]Brown-Turner o ne a tshameka metshameko yotlhe e le masome mararo le bobedi, a simolola e le masome mararo le bongwe, o ne a dira dintlha tse 9.4 le go tsaya kgwele gape ga 3.6 mme a tlhophiwa kwa setlhopeng sa Atlantic Coast Conference (ACC) All-Freshman.[6] O ne a nna le palogare ya dintlha tse 13.5 le go tsaya kgwele gape ga 5.0 mo setlheng sa gagwe sa bobedi, sa 2020 - 2021, seo se mofa go nna mosimolodi wa setlhopha sa All-ACC ebile a tlhophiwa ka tlotlo mo go sa All-American ke Associated Press.[7]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Jakia Brown-Turner WNBA Stats". Basketball-Reference.com. Retrieved 1 March 2025.
- 1 2 Olson, Dan (June 12, 2018). "NC State lands commitment from elite prospect Jakia Brown-Turner". ESPN. Retrieved 1 March 2025.
- 1 2 3 4 "Student-Athlete Jakia Brown-Turner '19: Gatorade Maryland Girls Basketball Player of the Year". Bishop McNamara High School. Retrieved 1 March 2025.
- ↑ Abraham, Scott (April 30, 2019). "Senior guard on Bishop McNamara resurging girls basketball team breaks records". WJLA-TV. Retrieved 1 March 2025..
- ↑ Bansil, Sapna (November 6, 2023). "Four years later, Jakia Brown-Turner has made her way home to Maryland". The Washington Post. Archived from the original on July 5, 2024. Retrieved August 1, 2024 – via archive.ph. Retrieved 1 March 2025.
- 1 2 "Jakia Brown-Turner". Maryland Terrapins. Retrieved 1 March 2025.
- ↑ "Maryland women's basketball adds NC State transfer Jakia Brown-Turner". The Baltimore Sun. April 6, 2023. Archived from the original on July 5, 2024. – via archive.ph. Retrieved 3 March 2025.