Jalo ya thibelapelegi
Jalelo ya thibelapelegi ke tsela ya go fedisa boimana ka boikaelelo . E dirisiwa fa mosadi a sa batle go ima kgotsa a sa batle go tswelela ka boimana, mme e tshwanetse go dira ke ngaka kgotsa kwa bookelong. Jaaka dithibelapelegi tse dingwe, e thusa go laola pelegi le go fokotsa mathata a a ka tlhagelelang ka ntlha ya boimana jo bo sa rulaganyediwang.
Jalo ya thibelapelegi ke thulaganyo e e tsenngwang mo mmeleng wa mosadi go thibela boimana. E dira ka go golola homone ya progestin e e thibelang go ntsha lee. E tsenngwa mo letsogong mme nna teng. Ke mokgwa o mong o o sireletsegileng wa go thibela pelegi mme e bile o dirisa ke basadi ba le bantsi. Go nale mefuta mengwe e e farologaneng jaaka Implanon le Nexplanon.
Mefuta mengwe ya jalo ya thibelapelegi, go akaretsa le Nexplanon, e dira sentle go feta 99%. Melemo ya go jalelwa thibelapelegi e ikaegile ka metswako e e dirang. Go ikaegile ka mofuta wa sedirisiwa se se jaletsweng, melemo ya go jalelwa seno e ka akaretsa go nna le dipaka di le mmalwa, tse di botlhofo, matshwao a a tokafaditsweng a bolwetse jwa pele ga go bona kwedi, go nna lobaka lo loleele go fitlha go dingwaga di le tharo go ya go di le tlhano, le go nna motlhofo ga go sa tlhoke go gakologelwa go se dirisa letsatsi le letsatsi. Jalelelo eno e mosola gape le mo basading ba ba sa kgoneng go dirisa dithibelapelegi tse di nang le oestrogen. Jalelelo e ka tlosiwa gape nako nngwe le nngwe mme monono wa tlholego o tla boa ka bonako thata.
Fa jalo e tsenngwa la ntlha, go tlwaelegile go nna le mabadi mangwe, bonolo kgotsa go ruruga go dikologa jalo. [1] Mo maemong mangwe, go nna le go dutla madi ka tsela e e sa tlhomamang kgotsa go tlhoka go bona kgwedi . [2] Le fa go sa dutle madi ka metlha go ka nna mathata mo basading bangwe, seno gape se dira gore a kgone go dirisiwa mo kalafing ya go sa dutle madi, go tswa ga madi mo kgweding, le bolwetse jwa endometriosis . [2] Matshwao a a sa tlwaelegang a akaretsa go fetoga ga keletso ya dijo, go tshwenyega thata mo maikutlong, go nna le maikutlo a a sa siamang, go sa lekalekane ga dihoromone, mabele a a botlhoko, go nona, go tsewa ke sedidi, matshwao a boimana le go lapa . [3] [4] Le fa go sa tlwaelega, gape go na le kotsi ya gore go nne le mathata fa go tsenngwa kgotsa go tlosiwa jalo. [2] Mo maemong a a sa tlwaelegang, lefelo la letlalo le go tsentsweng jalo mo go lone le ka tshwaetsega, mme seno se ka tlhoka dibolayamegare. [1]
E begwa thata go tswa mo thulaganyong ya thibelapelegi ya LNG-IUG e e gololang levonorgestrel; go nna bonolo ga mabele, go opiwa ke tlhogo, go ruruga le go ruruga ga letlalo. Thibelapelegi gape e tsamaisana le go tsoga go sa le gale, go fetofetoga ga maikutlo kgapetsakgapetsa, go sa kgone go tlhoma mogopolo sentle le go ngomoga pelo. Go tshologa ga letlalo la popelo ka tsela e e sa tlhomamang ke selo se se tlwaelegileng mo badirising ba Norplant; fa seno se ka diragala se tla bonwa mo malatsing a ntlha a le 60 a tiriso mme se ka kokobela kgotsa sa nyelela fa nako e ntse e tsamaya. Implanon gape e na le ditlamorago tse di sa siamang tse di bakang go sa dutle madi a mantsi mo bosading, le go tlhoka go bona kgwedi mo go ba ka nnang 30–40% ba badirisi ba yone mo malatsing a a latelang a le 90 a go simolola go e dirisa.
Mabapi le go thusa basadi go aroganya boimana jwa bone ka tshwanelo, go na le kganetsano nngwe ka ga nako e e atlegang thata ya go tsenya dithibelapelegi morago ga boimana. Go ka direga gore go tsenngwa ga implant ka bonako morago ga pelegi go oketse palo ya badirisi ba implant morago ga pelegi fa go bapisiwa le fa go tsenngwa ga implant go diragala dibeke di le nne go ya go di le thataro morago ga pelegi (ka gonne balwetse bangwe ga ba boele go tla go tlhatlhobiwa dibeke di le thataro). Le fa go ntse jalo, go ka nna le pharologanyo e nnye kgotsa e e seyong fa gare ga go tsenngwa ka bonako le go diega go ya ka tiriso e e tswelelang ya dijalo mo dikgweding di le thataro kgotsa go ya ka kgotsofalo ya basadi, le fa dipatlisiso dingwe di fitlhetse dikelo tse di kwa godimo tsa go tswelela mo dikgweding di le thataro fa jalo e ne e tsenngwa ka bonako morago ga pelegi. Di-progestin tse di nang le dijalo (bogolo jang etonogestrel) di babalesegile go ka tsenngwa ka bonako mo bathong ba ba setseng ba belegile le ba ba setseng ba senya mpa.
Sedirisiwa se se tsenngwang mo popelong (IUD) ke sedirisiwa se sennye sa go thibela pelegi, se gantsi se bopegileng jaaka T, se se tsenngwang mo popelong. Di ka nna tsa dihomone kgotsa tse di seng tsa dihomone, mme di dira nako e telele, di ka busediwa morago . [5] Go tloga ka 2011, di-IUD ke tsone tse di dirisiwang thata mo lefatsheng lotlhe dithibelapelegi tse di ka busediwang morago. [6] Mo mefuteng ya thibelopelegi tsone, mmogo le dijalo tsa thibelopelegi, di felela ka kgotsofalo e kgolo mo gare ga badirisi. [7] Di-IUD le tsone di na le go nna nngwe ya mekgwa e e somarelang madi thata ya go thibela pelegi mo basading. [8] Dikotsi tsa didirisiwa tsa mo teng ga popelo, fela jaaka go jalelwa, ke go tlhokega ga moitseanape yo o katisitsweng wa tlhokomelo ya kalafi go tsenya le go tlosa.
Matshwaokgwebo a akaretsa: Paragard, Kyleena, Liletta, Mirena, le Skyla. [9]
Di-IUD tsa dihoromone di na le horomone ya levonorgestrel e e leng porojestin. Gantsi, ditlhagiswa di tsenngwa dingwaga di le 5, go di letla go golola selekanyo se se kwa tlase sa dihomoune mo pakeng eo. [2] Mokgwa wa go dira ga di-IUD tsa dihoromone le tse di senang dihoromone o a tshwana, mmogo le molemo o o oketsegileng wa progestin o o dirang gore mamina a molomo wa popelo a nne bokima. [10]
- 1 2 "Contraceptive implant". nhs.uk (in English). 21 December 2017. Retrieved 2023-08-24.
{{cite web}}: CS1 maint: unrecognized language (link) - 1 2 3 4 Graves, Gillian. "Contraception". login.uml.idm.oclc.org. Retrieved 2021-11-21. Cite error: Invalid
<ref>tag; name ":011" defined multiple times with different content - ↑ "Birth Control Methods - Implant". National Campaign to Prevent Teen and Unplanned Pregnancy. February 2016. Retrieved 17 March 2016.
- ↑ "What is the Effectiveness of the Birth Control Implant?" (in Sekgoa). www.plannedparenthood.org. Retrieved 2021-12-03.
- ↑ Winner, B; Peipert, JF; Zhao, Q; Buckel, C; Madden, T; Allsworth, JE; Secura, GM (2012). "Effectiveness of Long-Acting Reversible Contraception". New England Journal of Medicine. 366 (21): 1998–2007. doi:10.1056/NEJMoa1110855. PMID 22621627. S2CID 16812353.
- ↑ U.N. Department of Economic and Social Affairs, Population Division (December 2013). "Trends in Contraceptive Methods Used Worldwide" (PDF). United Nations. Retrieved 17 March 2016.
- ↑ Committee on Adolescent Health Care Long-Acting Reversible Contraception Working Group, The American College of Obstetricians and, Gynecologists (October 2012). "Committee opinion no. 539: adolescents and long-acting reversible contraception: implants and intrauterine devices". Obstetrics and Gynecology. 120 (4): 983–8. doi:10.1097/AOG.0b013e3182723b7d. PMID 22996129. S2CID 35516759.
- ↑ Duke, J.; Barhan, S. (2007). "Chapter 27: Modern Concepts in Intrauterine Devices". In Falcone, T.; Hurd, W. (eds.). Clinical Reproductive Medicine and Surgery. Elsevier Health Sciences. pp. 405–416. ISBN 978-0-323-07659-3. Retrieved 12 March 2016.
- ↑ "IUD Birth Control | Info About Mirena & Paragard IUDs". www.plannedparenthood.org (in Sekgoa). Retrieved 2021-12-03.
- ↑ Whelan, Anne Marie. "Contraception". login.uml.idm.oclc.org. Retrieved 2021-11-25.