Jump to content

Jan Jonker Afrikaner

Go tswa ko Wikipedia
Jan Jonker Afrikaner
Kgosi ya morafe wa Orlam Afrikaners
Jan Jonker Afrikaner
Reign1863 go tsena Phatwe a le lesome ngwaga wa 1889
PredecessorChristian Afrikaner
TsaloPhatwe a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1820
LesoPhatwe a le lesome ngwaga wa 1889
Gamsberg

Jan Jonker Afrikaner ( o o tshotsweng ka Phatwe a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1820 a tlhokafala ka Phatwe a le malatsi a le lesome ngwaga wa 1889) e ne e le morwa Jonker Afrikaner le Beetje Boois wa bobedi. O ne a nna kgosi ya borataro ebile e le ya bofelo ya morafe wa Orlam Afrikaners kwa South West Africa, a tlhatlhama mogolowe ebong Christian Afrikaner ka 1863.[1] O ne a nyala Mietje Hendrik kwa Bethanie ka Morule ngwaga wa 1842.

Morafe wa Orlam ka nako eo ba ne ba nna ba gotlhagotlhana le BaHerero ba lwela lefatshe le dikgomo mme ba sena kemo nokeng ya bagwebi ba Yuropa kwa Otjimbingwe, bogolo jang Charles John Andersson le Frederick Thomas Green. Ba ne ba bona ntwa e sa siamela kgwebo, ba thusa go rulaganya le go etelela pele sesole sa BaHerero. Ka jalo, BaHerero ba ne ba le mo tshaimelong ba felela ba tsaya taolo ta sesole.

Ka Seetebosigo a le malatsi a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1864, go ne ga nna le ntwa e mo go yone sesole sa ga Jan Jonker Afrikaner se neng sa fenngwa ke Maharero. O ne a tswelela a nna moeteledipele wa morafe wa Afrikaner mme ba ne ba latlhegelwa ke maemo a bone a go etelela pele sepolotiki mo kgaolong e gompieno e bidiwang Namibia.[1] Ka Morule ngwaga wa 1867 o ne a tshabela kwa Walvis Bay morago ga go retelelwa ke go tlhasela Otjimbingwe. Ka Ngwanatsele ngwaga wa 1881 Jan Jonker, le ditsala tsa gagwe, ba ne ba fenngwa ke Ovaherero mo ntweng ya osona. Jan Jonker o ne a tshabela kwa kgaolong ya Gamsberg.[2]

  1. 1 2 Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, A". Retrieved 03 October 2025.
  2. "The people behind our street names". The Namibian. 19 March 2018.