Jump to content

Jandira Sassingui Neto

Go tswa ko Wikipedia

Jandira Sassingui Neto (o belegwe ka 28 Moranang 1983) ke moopedi le mokwadi wa dipina wa kwa Angola. O belegetswe kwa kgaolong ya Huambo e e leng kwa Central Region ya Angola mme o itsege thata ka leina la gagwe la setena la Pearl. [ 1][2]

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Pearl o tsholetswe kwa porofenseng ya Huambo ka 1983, mme mmaagwe ke ngaka ya kalafi. Rraagwe ke mmueledi e bile ke seopedi. Rraagwe, Manuel Sassingui (yo jaanong a tlhokafetseng) e ne e le leloko la setlhopha sa mmino sa Stars of the South. Fa a ne a na le dingwaga di le robongwe, ene le mmaagwe le bomonnawe ba bararo, ba ne ba tshwanelwa ke go fuduga kwa Huambo go ya Luanda ka ntlha ya Ntwa ya Selegae ya kwa Angola. Dingwaga di sekae moragonyana, ba ne ba ya kwa Windhoek, e leng motsemogolo wa Namibia. O ne a ithutela molao kwa Yunibesithing ya Pretoria, mo Afrika Borwa.

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O ne a nna le tshono ya gagwe ya ntlha e kgolo mo lefatsheng la mmino kwa Pretoria, a tlhotlheleditswe ke lenaneo la ditalente la Coca-Cola Pop Stars. O ne a tsaya karolo mo kgaisanong eo mme kgabagare o ne a se ka a tshwanelega ka gonne e ne e se Moafrika Borwa. Fa e sa le ka nako eo, o ne a nna moopedi yo o tumileng mme o kile a opela kwa Angola le kwa Portugal.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O na le ngwana wa mosetsana, Valentine, le Sérgio Neto, motsamaisi wa Semba Comunicação.[ 3][ 4]

[1] "Biografia: Jandira Sassingui". Pérola. 2013-11-07. Archived from the original on 2013-11-07. Retrieved 2017-11-07.

[2] "Pérola: Um novo album". O país em revista. 2013-12-28. Archived from the original on 2013-12-28. Retrieved 2017-11-07.

[3] "A feminista que tem Angola a seus pés". Notícias Magazine (in European Portuguese). 2015-08-10. Retrieved 2017-11-07.

[4] "Pérola : "Toda mulher angolana é batalhadora por isso somos Divas"". SAPO Lifestyle (in Portuguese). Retrieved 2017-11-07.