Jump to content

Jane Katjavivi

Go tswa ko Wikipedia
Jane Katjavivi
Tsalo1952
LesoPhatwe a robabongwe ngwaga wa 2022
LetsoNamibian
ThutoppUniversity of Sussex]] ppUniversity of Birmingham]]
TiroMokwadi, morulaganyi, mogatisi
MosadiPeter Katjavivi (go tswa ka 1981 go tsena ka 2022 fa a tlhokafala)

Rosemary Jane Katjavivi (o o tshotsweng ka 1952 a tlhokafala ka Phatwe a le malatsi a robabongwe ngwaga wa 2022) e ne e le mokwadi, mogatisi le morulaganyi wa kwa Namibia a tsholetswe kwa Britain.[1][2][3][4]

Katjavivi o berekile le lekgotla la South West Africa People's Organization (SWAPO) kwa London, a amana le dikompone le makgotla a kgatiso a Namibia. O neetswe tlotla ya go nna le seabe se segolo mo go thuseng go tlhabolola go gatisa ka puo ya Namibia le go somarela dibuka tsa Namibia[1]. O dirile gore go kgonagale gore batho ba namibia ba bale dilo tse di botlhokwa tse di ka bong di sa gatisiwa ka fa molaong kgotsa tsa balwa mo pusong ya tlhaolele.[5] Dipampiri tsa gagwe di beilwe kwa motlobong wa ditso wa Namibia.[6]

Botshelo jwa gagwe kwa England

[fetola | Fetola Motswedi]

Jane Katjavivi o tsholetswe kwa Leeds, kwa bokone jwa England.[3][4] Fa santse e le kgarejwana, o ne a tsaya karolo mo tirong ya bopelotlhomigi ya kereke e e neng e ema nokeng mafatshe a a sa tlhabologang.[4] O ne a ithutela tsa kgatiso le ditso tsa Aforika kwa University of Sussex, se se neng sa baka gore a amane le baithuti ba Aforika, se sa mo gwetlha go nna molweladitshwanelo kgatlhanong le tlhaolele kwa borwa jwa Aforika.[4] O dirile dithuto tsa masters kwa University ya Birmingham, kwa a neng a itebagantse le matshelo a batho ba Aforika. Patlisiso ya gagwe e filwe setlhogo sa boitlhomo jo bo kwa tlase ga jwa mmusomogolo kwa Aforika Borwa.[3]

Tiro ya ga Jane Katjavivi ya ntlha e ne e le o o abang madi a dithuso tsa thuto kwa lefelong la bopelotlhomogi la dithuso tsa thuto kwa London kwa World University Services ka 1975. [4]Fa a le mo maemong a, o ne a kgona go kgobokanyetsa baithuti ba borwa jwa Aforika ba ba neng ba tsuololwa ditshwanelo tsa bone tsa go rutega ka ntlha ya lotso lwa bone kgotsa phathi ya sepolotiki e ba amanang le yone madi. Batho ba Namibia ba ba akotseng dithuso tse ba akaretsa Jackson Kaujeua le moruti Colin Winter.[4]

O berekile e le wa tlhaeletsanyo kwa SWAPO kwa London ka dingwaga tsa 1976 go tsena 1978,[1] o berekile gape e le mmega dikgang le morulaganyi kwa London.[6] Ka 1981, o ne a tsena mo lonyalong le Peter Katjavivi, mopolotiki wa SWAPO le moitseanape wa ditso.[2][3]

Botshelo jwa gagwe kwa Namibia

[fetola | Fetola Motswedi]

Katjavivi o ne a fudugela kwa Namibia ka 1989[5] kgotsa 1990[3][4], a nna motho wa Namibia e se ka tlholego. O ne a amogela leina la Otjiherero la "Tuauana", le ka Sekgoa le rayang gore "re bangwe kgotsa re kopane".[5]

Morago ga boipuso jwa Namibia ka 1990[5], o ne a tlhama kompone ya kgatiso ya New Namibia Books. Dingwaga di le lesome e ne e itebagantse le go gatisa dibuka tsa Namibia.[1][7] Go tswa ka 2011 go tsena 2016, Katjavivi e ne e e le motlhami wa University of Namibia Press.[7] Ditiro tsa gagwe tsa go rulaganya di akaretsa dibuka tse di sekasekilweng ke beng ka bone mo go tsa diteme le ngwao, melao, ditso le sepolotiki le matshelo a batho.[7] Fa a ithola marapo ka 2016, o ne a tlhatlhamiwa ke Jill Kinahan kwa UNAM Press.[5]

Fa le morulaganyi le mogatisi, Katjavivi o ne a nna le seabe se setona mo bosweng jwa padi jwa Namibia. O dirile gore go kgonagale gore batho ba Namibia ba bale ditiro tsa botlhokwa tse di ka bong di sa gatisiwa ka nako ya tlhaolele. Ka jalo, ba ka golola ditlhaloganyo tsa bone, le bone ba ikgolola mo go dumeleng gore ba kwa tlase, e le selo se ba neng ba sa pateleditswe ke melao ya tlhaolele ya puso ya nako eo ya Aforika Borwa.[5]

Katjavivi e ne e le modulasetilo wa makgotla a mangwe a akaretsa Association of Namibian publishers le Namibia Book Development Council. E ne e le moemedi wa borwa jwa Aforika mo lekgotleng la African Publishers Network. E ne e le leloko gape la komiti yabaeteledipele wa dibuka tsa Aforika.[1][7]

Jane Katjavivi e ne e le mokwadi wa buka ya Undisciplined Heart[8] le dipadi tse di khutshwane.[7] Buka ya gagwe e supilwe e le buka e e neng e bua thata ka loso, ka e ne e bua thata ka malwetse, botlhoko le loso.[9]

Fa godimo ga go gatisa le go kwala, Katjavivi o ne a ema nokeng ditirelo tsa tikologo le bojanala. Ka ngwaga wa 1992, e ne e le leloko la tlhamo ya Cheetah Conservation Fund (CCF), kwa Otjiwarongo, Namibia. Morago o ne a bereka e le mothusa modulasetilo wa CCF kwa Namibia. Go tswa ka 1999 go ya pele, o ne a ema nokeng lenaneo la CCF la go sireletsa loruo ka dintša.[10]

Katjavivi o tlhokafatse ka Phatwe a le malatsi a robabongwe ka 2022 a le mo tseleng go ya Windhoek, Namibia le monna wa gagwe.[1][11] Ba ne ba boa mo loetong lo ba neng ba lo tsere go ya United Kingdom.[12] Fa a tswa lolwapa matshidiso, tautona wa Namibia Hage Geingob o ne a re "morago ga boipuso ka 1990, Jane jaaka mokwadi le morulaganyi o o atlegileng, o ne a le botlhokwa mo go ageng kgatiso mo Namibia."[1]

  1. 1 2 3 4 5 6 7 Heita, Julia (10 August 2022). "Namibia Mourns Iconic Publisher". Eagle FM. Retrieved 17 October 2025.
  2. 1 2 "At home with Peter Hitjitevi Katjavivi - Grandfather par excellence". Truth, for its own sake. Retrieved 17 October 2025
  3. 1 2 3 4 5 Katjavivi, Jane. "Jane Katjavivi, World University Service UK". World University Service UK. Retrieved 17 October 2025
  4. 1 2 3 4 5 6 7 Vale, Helen (1 October 2010). "Jane Katjavivi and her "Undisciplined Heart"". Sister Namibia. 22 (3): 14–16.
  5. 1 2 3 4 5 6 "The contribution of Jane Katjavivi to Namibia's literary landscape". Africa in News. 25 August 2022. Archived from the original on August 29, 2022. Retrieved 17 October 2025
  6. 1 2 "Preliminary Findaid 2/84 A.0745 Jane Katjavivi 1991-2003". National Archives of Namibia.
  7. 1 2 3 4 5 "Jane Katjavivi | Modjaji Books". Retrieved 17 October 2025.
  8. Katjavivi, Jane (2010). Undisciplined Heart. African Books Collective. ISBN 978-1-920397-04-3.
  9. Tjiramanga, Alexandra; Pasi, Juliet (2016). "Thanatographical narration in Jane Katjavivi's memoir Undisciplined Heart". Journal of Namibian Studies. 20: 63–78.
  10. Marker, Laurie (11 August 2022). "Memorial for Jane Katjavivi • Cheetah Conservation Fund". Cheetah Conservation Fund. Retrieved 17 October 2025.
  11. Tjitemisa, Kuzeeko (12 August 2022). "Katjavivi recalls last moments with wife". Truth, for its own sake. Retrieved 17 October 2025.
  12. Mothapo, Moloto (9 August 2022). "Media Statement: Parliament Saddened by Passing of Namibian National Assembly Speaker's Wife, Mrs Jane Katjavivi". Retrieved 17 October 2025.