Jane Kiptoo
Jane Jepkosgei Kiptoo (o tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e le boferabobedi (8) ka ngwaga wa 1982) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o gaisanang thata mo dikgaisanong tsa go taboga mo tseleng, go fitlha kwa sekgaleng sa marathone. E ne e le motshameki yo o neng a gapa sekgele sa selefera mo kgaisanong e khutshwane kwa IAAF World Cross Country Championships ka ngwaga wa 2002 ⁇ e ne e le ene fela motshameki yo a neng a tshameka mo Kenya. [1]O ne gape a gaisana mo go tabogeng mo setlheng sa ngwaga wa 2008 mme a nna wa boraro mo dimetareng tse 3000 kwa makgaolakgannyeng a 2008 IAAF World Athletics, le wa borobedi mo dimetareng tse 5000 ka nako e e gaisang ya botshelo jwa gagwe ya metsotso e le 15:03.80.[2]
O ne a simolola go gaisana mo mabelong a ditsela a kwa Yuropa ka 2000. Diphitlhelelo tsa gagwe di akaretsa go fenya kwa Groet Uit Schoorl Run (2003), U.S. 10K Classic (2003), Stadsloop Appingedam (2003), Humarathon (2008) le Stramilano (2010). O feditse mo maemong a mararo a a kwa godimo kwa Zwitserloot Dak Run, Marseille-Cassis Classique Internationale, Olomouc Half Marathon, Puy-en-Velay 15K, Crim Festival of Races, Lisbon Half Marathon, le Cooper River Bridge Run. Kiptoo o ne a simolola go taboga marathone ka 2013 mme a fenya Geneva Marathon ka ngwaga wa 2015 le ngwaga wa 2016. Ka ngwaga wa 2008 o ne a fenya Aranda de Duero Cross de la Constitucion le Cross Internacional de Soria di-cross country races kwa Spain.[3]
Dikgaisano tsa boditšhabatšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]| Year | Competition | Venue | Position | Event | Notes |
|---|---|---|---|---|---|
| 2002 | World Cross Country Championships | Dublin, Ireland | 17th | Short race | 14:11 |
| 2nd | Team | 34 pts | |||
| 2008 | World Athletics Final | Stuttgart, Germany | 3rd | 3000 m | 8:47.65 |
| 8th | 5000 m | 15:03.80 |