Jump to content

Janet Rono

Go tswa ko Wikipedia

Janet Jelagat Rono (o tshotswe ka kgwedi ya Sedimonthole a le boferabongwe (9) ka ngwaga wa 1988) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o gaisanang mo metshamekong ya marathone. Rono o fentse dikgaisano di le dintsi tsa marathone go akaretsa Hong Kong Marathon wa ngwaga wa 2011, Cologne Marathon wa 2013 le Ljubljana Marathon wa ngwaga wa 2014. O na le rekoto ya gagwe ya diura di le 2:26:03 mo sekgaleng seo.

Rono o ne a simolola tiro ya gagwe ka go etela kwa Mexico. O ne a fenya ka ngwaga wa 2009 Gran Maratón Pacifico, o ne a nna mofenyi wa bobedi kwa Culiacán, Mexico City le Ciudad Juarez ka ngwaga wa 2010, mme a fenya ka go latelana kwa Panama City Marathon le Mexicali Marathon ka Sedimonthole wa ngwaga oo.[1] Le fa a ne a fenya marathone a le mararo e bile a na le rekoto ya gagwe ya diura di le 2:37:08, ga a ka a lalediwa go tsenela dikgaisano tse dikgolo. O ne a swetsa go duelela mosepele wa gagwe le go tsenela Hong Kong Marathon ka 2011 mme go ne ga mo tswela mosola, ka a ne a fenya lobelo ka nako e e gaisang ya gagwe ya diura tse 2:33:42 le moputso o mogolo wa US$34,000.[2]

O ne a nna mo kgaolong eo mme a nna mofenyi wa bobedi kwa Yellow River Estuary Marathon ka kgwedi ya Motsheganong. O ne a gaisana ka bonya mo dingwageng tse pedi tse di latelang, ka phenyo kwa Maratona Internacional Mauricio de Nassau ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2012 e le yone fela phitlhelelo e a e lemogileng (le fa e le nako e e bonya thata ya 2:48:59)[1] O ne a nna mofenyi wa bobedi kwa Taichung International Marathon ka kgwedi ya Seetebosigo ka ngwaga wa 2013 mme o ne a boa a tuma gape ka go fenya kwa Cologne Marathon. O ne a etelela pele go tswa kwa tshimologong ya lobelo mme a feleletsa a tokafaditse rekoto ya gagwe ka metsotso e le metlhano, a tsaya sekgele ka nako ya diura di le 2:28:36.[3]Se se ne sa dira gore a nne mongwe wa batabogi ba ba gaisang mo lefatsheng mme a amogela taletso ya go tsenela Tokyo Marathon wa ngwaga wa 2014, koo a neng a fetsa lobelo ka maemo a bone ka nako ya 2:26:03.[4]

O ne a fenya BIG 25 Berlin, mme a kgona go nna wa botlhano fela kwa Olomouc Half Marathon. O ne a boela kwa godimo ga podium kwa Ljubljana Marathon ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2014.[1]O ne a le kwa tlase mo maemong a borobongwe kwa Prague Half Marathon wa ngwaga wa 2015 mme a boela kwa toropong ya Prague International Marathon, koo le fa a simolotse ka bonako a neng a feleletsa a le mo maemong a bone. [5][6] Kgwedi morago ga moo o ne a nna le phenyo ya gagwe ya ntlha mo sekgaleng sa halofo ya marathone kwa Zwolle Half Marathon, a tlhoma rekoto e ntšhwa ya metsotso e le 71:10.[1]

Ditiragalo tse di di gaisang tsotlhe

[fetola | Fetola Motswedi]
  • 10K run – 35:37 min (2013)
  • 15K run – 51:04 min (2013)
  • Half marathon – 71:10 min (2015)
  • 25K run – 1:24:37 hours (2014)
  • Marathon – 2:26:03 hours (2014)
  1. 1 2 3 4 Janet Rono Chelegat. Association of Road Racing Statisticians. Retrieved on 2015-08-03
  2. Butcher, Pat (2011-02-20). Rono surprises in Hong Kong. IAAF. Retrieved on 2015-08-03.
  3. Mulkeen, Jon (2013-10-13). Rono and Chelimo score Kenyan double at Cologne Marathon. IAAF. Retrieved on 2015-08-03.
  4. Nakamura, Ken (2014-02-23). Chumba and Tsegaye break course records at Tokyo Marathon. IAAF. Retrieved on 2015-08-03.
  5. Wenig, Jörg (2015-03-28). Degefa dominates while Wanjiru wins in Prague. IAAF. Retrieved on 2015-08-03.
  6. Wenig, Jörg (2015-05-03). Melese wins third marathon in a row while Kandie surprises in Prague. IAAF. Retrieved on 2015-08-03.