Janet Taylor Pickett
Janet Taylor Pickett (o tshotswe ka kgwedi ya diPhatwe ele lesome le boraro (13) ka ngwaga wa 1948) ke motaki wa kwa Amerika. Tiro ya ga Pickett e e tswakantsweng le metswedi ya tshedimosetso e tlhotlheleditswe ke maitemogelo a botshelo jwa gagwe jaaka mosadi wa Moafrika-Amerika.[1]
Botshelo le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Janet Taylor Pickett o belegwe ka ngwaga wa1948 kwa Ann Arbor, Michigan, koo a neng a bona dikirii ya bachelor le ya master mo go tsa botaki. O ne gape a ithuta botaki kwa Vermont Studio Center, Parsons School of Design, le Fashion Institute of Technology. [1]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Taylor Pickett o dira ka mekgwa e e farologaneng e e akaretsang go betla, go tsenya dilo, go taka, go kopanya dilo le go dira dikhololo. Tiro ya gagwe e tlhotlheleditswe ke botshelo jwa gagwe jaaka mosadi wa Moaforika-Amerika mme a sedimoseditswe ke dingwaga tsa gagwe tsemasome a mararo (30) a ruta kwa Essex County College kwa New Jersey. Go ya ka mafoko a gagwe, "Botsho jwa me ke polelo e e tlhalosang mo tirong ya me".[2]
Taylor Pickett e ne e le mongwe wa bataki bao tiro ya bone e neng ya bontshiwa ka ngwaga wa1986 mo pontshong ya setlhopha Progressions: Cultural Legacy kwa MoMA PS1.[3][4]
Kamala Harris ke motshehetsi wa mosebetsi wa Taylor Pickett. Nngwe ya ditshwantsho tsa motaki e ne ya bontshiwa kwa ofising ya palamente fa Harris e ne e le mosenatoro. [2]
Dipontsho tse di tlhomologileng
[fetola | Fetola Motswedi]Dipontsho tsa motho a le esi
Ka ngwaga wa 2021: Necessary Memories, Jennifer Baahng Gallery, New York, New York.[2]
Ka ngwaga wa 2016: Janet Taylor Pickett: The Matisse Series, Montclair Art Museum, Montclair, New Jersey [5]
Dipontsho tsa setlhopha
Ka ngwaga wa 2020: Riffs and Relations: African American Artists and the European Modernist Tradition, The Phillips Collection, Washington, DC [6]
Ka ngwaga wa 2017: African American Women Artists and the Power of Their Gaze, e e kwadilweng ke David C. Driskell Center For the Study of Visual Arts and Culture of African Americans and the African Diaspora, University of Maryland, Maryland [7]
Ka ngwaga wa 1986: Progressions: A Cultural Legacy, Museum of Modern Art, New York, New York[3]
Dikgatiso
[fetola | Fetola Motswedi]"And She Was Born", mixed media, 2017, The Phillips Collection, Washington, D.C.[8]
"Hagar's Dress", print, 2007, Studio Museum in Harlem, New York, New York, Pennsylvania Academy of the Fine Arts, Philadelphia, Pennsylvania, and the Telfair Museums, Savannah, Georgia[9][10]
- 1 2 "Janet Taylor Pickett". Create! Magazine. Archived from the original on June 8, 2020. Retrieved June 8, 2020.
- 1 2 3 "Janet Taylor Pickett's Moment to be Seen at Jennifer Baahng Gallery". ARTnews. September 24, 2021.
- 1 2 "Janet Taylor Pickett". Museum of Modern Art. Archived from the original on June 8, 2020. Retrieved June 8, 2020
- ↑ Dunning, Jennifer (February 28, 1986). "A CHANCE TO FIND IF ART OF WOMEN IS A SPECIAL ART". The New York Times
- ↑ "Janet Taylor Pickett: The Matisse Series". Artsy. Retrieved June 8, 2020.
- ↑ "Riffs and Relations: African American Artists and the European Modernist Tradition". The Phillips Collection. Retrieved June 8, 2020
- ↑ "Shifting: African American Women Artists and the Power of Their Gaze | the David C. Driskell Center".
- ↑ "Recent Acquisitions". www.phillipscollection.org.
- ↑ "From the Harvard Art Museums' collections Hagar's Dress". Harvard Art Museums. Retrieved June 8, 2020
- ↑ "Janet Taylor Pickett, "Hagar's Dress" (2007)". PAFA - Pennsylvania Academy of the Fine Arts. December 6, 2019. Archived from the original on June 8, 2020. Retrieved June 8, 2020