Jump to content

Jay Anstey

Go tswa ko Wikipedia
Jay Anstey
Tsalo
Jessica Carly Anstey

(1991-02-13) 13 February 1991 (age 35)
Pretoria, South Africa
Alma materPretoria Technikon
TiroActress, Model
Dingwaga tsa a le mo tirong2006–present
BoleleTempolete:Convinfobox/pri3
Mosadi
    Jonathan Boynton-Lee
    (sep.)
      (m. 2021; sep. 2024)
      [1]
      Batsadis

      Jessica "Jay" Carly Anstey (o tshotswe ka Tlhakole a le lesome le boraro ka 1991), yo o itsegeng thata ka leina la Jay Anstey, ke modiragatsi le mmabontle wa Aforika Borwa.[2] O tumile thata ka dikarolo tsa gagwe mo difiliming, Sleeper's Wake, Farewell Ella Bella, Tremors: A Cold Day in Hell, Hell Trip.[3]

      Botshelo jwa gagwe

      [fetola | Fetola Motswedi]

      Jessica o tshotswe ka Tlhakole a le lesome le boraro ka 1991 kwa Pretoria, Aforika Borwa. Rraagwe Norman Anstey le ene ke modiragatsi mme mmaagwe Penny Anstey e ne e le sebini sa ballet kwa PACT ballet. Ka nako ya botshelo jwa sekolo, o ne a dira sentle thata mo pianong, mo go opeleng le mo go bineng mo ballroom.[4] O na le morwadiarraagwe a le mongwe: Amy, yo le ene e leng modiragatsi.

      O ne a na le botsalano jwa nako e telele le Jonathan Boynton-Lee, modiragatsi ka ene le mogasi wa Top Billing.[5][6][7][8] Gape ba ne ba tlhophiwa ke "You Spec" jaaka baratani ba ngwaga.[9][10] Le fa go ntse jalo, ba ne ba kgaogana ba umaka go sa buisane sentle le dithulaganyo tse di thulanang.[5] Mme ka 2017, o ne a ratana le Sean Kaplan.[11]

      Ka 2021, o ne a nyalana modiragatsi ka ene e bong Sean-Marco Vorster.[12][13]

      O ne a bona diploma ya gagwe ya bosetšhaba ya bodiragatsi jwa drama kwa Pretoria Technikon. Fa a sena go wetsa diploma ya gagwe, o ne a simolola go tlhagelela mo dipapatsong tsa Supersport, Red Berry, Yunibesithi ya Johannesburg le Edgars.[5]

      Ka 2006, o ne a dira filimi ya ntlha ka Catch a Fire mme a tshameka karolo ya "Katie Vos". Morago ga moo o ne a tlhagelela mo difiliming di le dintsi jaaka Two Worlds, Sleeper's Wake, Friend Request le Rakka.[5] Ka 2011, o ne a tlhagelela lekgetlho la ntlha mo thelebišeneng ka karolo ya "Charlie Holmes" mo filiming ya SABC3 ya Isidingo.[14] Seabe seno se ne sa nna phetogo e kgolo mo tirong ya gagwe ya bodiragatsi, koo a neng a tshameka seabe seno dingwaga di le supa ka go latelana go fitlha ka 2012. Ka 2012, Anstey o ne a tlhagelela mo filiming ya Canada ya Inescapable.[15] Ka 2013, o ne a tsenelela paka ya botlhano ya kgaisano ya reality ya SABC1 ya Tropika Island of Treasure jaaka mongwe wa bagaisani ba ba tumileng. Morago ga moo, mo go one ngwaga oo, o ne a tsenela le paka ya borataro ya kgaisano ya reality ya SABC3 ya Strictly Come Dancing. Go sa le jalo, o ne a tlhagelela mo thelebišeneng mo motseletseleng wa M-Net wa Snitch, Rhythm City mo e.tv le Young Leonardo ya BBC.[16]

      Ka 2018, o ne a tshameka karolo ya ketapele ya "Elle" mo filiming e e tshosang ya Farewell Ella Bella.[17] Filimi e ne ya supiwa kwa bobogelong kwa USA.[18] Ka 2020, o ne a tsenelela motseletsele wa thelebishene wa M-Net (DStv 101) wa Inconceivable.[19] Ka one ngwaga oo, o ne a tsenelela motseletsele o mongwe wa Legacy a dira seabe sa "Alexandra "Lexi" Price".[20]

      Ngwaga Filimi O dira e le Mohuta Ref.
      2006 Catch a Fire Katie Vos Filimi
      2006 Snitch Kylie Watts Motseletsele wa thelebishine
      2006 Heartlines Alice Anderson Filimi
      2007 Rhythm City Chrizette Motseletsele wa thelebishine
      2007 Les deux mondes Jana Filimi
      2008 Strictly Come Dancing Motseletsele wa thelebishine
      2011 Isidingo: The Need Charlie Holmes Motseletsele wa thelebishine
      2011 Leonardo Petronella Motseletsele wa thelebishine
      2012 Inescapable Muna Abdul-Kareem Filimi
      2012 Sleeper's Wake Jackie Venter Filimi
      2013 Tropika Island of Treasure Motseletsele wa thelebishine
      2014 Leading Lady Model 2 Filimi
      2015 Friend Request Girl 1 Filimi
      2015 Abo Mzala Jessica Motseletsele wa thelebishine
      2017 Heart Aka 4 Minutes Louis' Nurse Filimi e khutshwane
      2017 Harry's Game Hammer Filimi
      2017 Isibaya Susan Motseletsele wa thelebishine
      2017 Rakka Woman Bomber Filimi e khutshwane
      2017 Blood Drive Diane Motseletsele wa thelebishine
      2018 Tremors: A Cold Day in Hell Dr. D Setshwantsho sa motshikhinyego
      2018 Farewell Ella Bella Elle Filimi [21]
      2018 Hell Trip Emily Larson, Stunt performer Filimi
      2019 The Girl from St. Agnes Debbie Filimi
      2020 The Last Days of American Crime Female Terrified Officer Motseletsele wa thelebishine
      2020 Inconceivable Tamsin Watts Motseletsele wa thelebishine
      2020 Legacy Alexandra "Lexi" Price Motseletsele wa thelebishine
      1. "Hou vas jou hart". Tagged -. Retrieved 2024-09-25.
      2. Ndlovu, Andile. "The two-faced Jay Anstey is far from being fake". Tagged -. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      3. "Jay Anstey". MUBI. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      4. Mueni, Priscillah (27 May 2021). "Jay Anstey bio: age, partner, career, profiles, TV shows, net worth". Briefly. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      5. 1 2 3 4 "Wedding bells for Jay and Jonathan?". Channel. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      6. "Jono and Jay Anstey's horror film will be distributed in the US first". news24. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      7. "Jonathan Boynton-Lee and Jay Anstey's relationship in 6 pics". Channel. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      8. "Jaynathan is basically SA's answer to Brangelina". Channel. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      9. Thakurdin, Karishma. "Jonathan & Jay spark engagement rumours". Channel. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      10. "Jonathan Boynton-Lee spells out his love for Jay". Channel. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      11. "PIC: Have you seen this steamy snap of Jay Anstey and her new bae?". Channel. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      12. "New couple alert!". Retrieved 27 Lwetse 2025 – via PressReader.
      13. "'Legacy' star Jay Anstey is going to be a mom". The Citizen. 18 August 2021. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      14. "Twitter fingers the wrong actress for drug bust". news24. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      15. "3 local celebs who starred in international movies". Channel. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      16. "Jay Anstey: TVSA". www.tvsa.co.za. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      17. Zeeman, Kyle. "BTS on Jay and Jon's new horror flick". Channel. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      18. "5 things you need to know about Jay Anstey's new movie". Channel. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      19. "M-Net adds new local drama Inconceivable to its line-up". Channel. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      20. "Meet the Price sisters in M-Net's new telenovela Legacy". Channel. Retrieved 27 Lwetse 2025.
      21. Zietsman, Gabi. "Farewell Ella Bella". Channel. Retrieved 27 Lwetse 2025.