Jenni Williams
Jenni Williams | |
|---|---|
| Tsalo | 1962 |
| Tiro | Molwela ditshwanelo tsa batho |
| Lephata | Women of Zimbabwe Arise |
| O fetheletse | Seetsele sa bomme ba ba pelokgale ka 2007
Seetsele sa Robert F. Kennedy sa ditshwanelo tsa setho ka 2009 Mpho ya Ginetta Sagan ka 2012 |
Jenni Williams (o o tshotsweng ka 1962) ke molwela ditshwanelo tsa batho wa kwa Zimbabwe le motlhami wa lekgotla la Women of Zimbabwe Arise (WOZA). Ke motho o a neng a itsege thata ka go nna kgatlhanong le puso ya ga tautona Robert Mugabe, pampiri ya dikgang ya The Guardian ka 2009 e ne ya mo tlhalosa fa e le bangwe ba batho ba ba tsentseng Mugabe dingalo.[1]
Botshelo jwa a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Williams o tsholetswe kwa Gwanda, Zimbabwe, o godisitswe thata ke maagwe ebong Margaret Mary o pele a neng a fana ka McConville, morwadie monna wa lotso lwa Irish o a neng a fudugetse kwa Rhodesia go tswa kwa County Armagh.[1] O ne a nna modupi wa gauta a nyala Mahlezi Moyo go tswa mo morafeng wa Matebele.[2] Rraagwe William o ne a tswa kwa Listowel, County Kerry.
Fa a le dingwaga di le lesome le borataro, Williams o ne a tswa mo sekolong se segolwane go ya go bereka gore mmaagwe a kgone go duelela bomonnawe sekolo.[1][2] Ka ngwaga wa 1994, kgaitsadie o motona o ne a tlhokafala ka ntlha ya AIDS.[1]
Go lwela ditshwanelo
[fetola | Fetola Motswedi]Go tswa ka ngwaga wa 1994 go tsena 2002, kompone ya tsa botsalano le setšhaba e e eteletsweng pele ebile e le ya ga Williams e ne ya emela bokopano jwa balemi barui ba Zimbabwe. Se se ne sa tsisa kgotlhang gareng ga kompone ya ga Williams le Mugabe ka ntlha ya molao wa gagwe wa go gapa masimo a batho basweu e le tsela ya go fetola seemo sa lefatshe.[1] Morago ga gore Mugabe a rotloetse masole a pele go gapa masimo a batho basweu ka dikgoka, Williams o ne a simolola go gwantela se a neng a se tlhalosa e le tiriso dikgoka mo ditshwanelong tsa batho. O ne gape a re masimo a tlhwatlhwa a neetswe ba ba dirisanang le Mugabe mo go tsa sepolotiki.[2] Mo go tshwenngweng ke mapodisi, Williams o ne a patelesega go tswala kompone ya gagwe.[1]
Ka ngwaga wa 2002, Williams o ne a nna mongwe wa batlhami ba WOZA, lekgotla la kganetso le le tlhamilwe e le go tsibogela go tlhoka go tsaya kgato ga borre ba Zimbabwe kgatlhanong le puso ya ga Mugabe.[2] Lekgotla le le ne le itebagantse le go gwanta ga batho ba le bantsi kgatlhanong le Mugabe, la gola go nna le maloko a le dikete di le masome a supa mo dingwageng tse di latelang.[1] Williams le baeteledipele ba bangwe ba WOZA ba ne ba baya molao wa gore baeteledipele ba tshwanetse go tsaya karolo mo megwantong e e borai: "Ga re ka ke ra re motho a dire se rona re sa ipaakanyetsang go se dira".[2]
Ka ngwaga wa 2008, Williams o ne a kile a tshwarwa makgetho a le masome a mararo le boraro ke puso ya ga Mugabe ka ditiro tsa gagwe le setlhopha sa gagwe.[2] Morago ga go tshwarwa ga gagwe ka 2003, lekgotla la Amnesty International le ne la re o tshwaretswe lotso lwa gagwe.[3] Lekgotla la Human Rights Watch le lone le ne la kgala go tshwarwa ga gangwe le gape ga ga Williams le moeteledipele wa WOZA Magodonga Mahlangu, ba re puso ya Zimbabwe e tshwanetse go golola bomme bao le go letla setšhaba go gwanta ka tshosologo.[4] Morago ga go tshwarwa mo gongwe ka ngwaga wa 2008 e le mo legareng, moemedi wa U.S James D. MCGee o ne a re a gololwe, a re Williams ke motho wa tlhwatlhwa o lentswe la gagwe le tshwanetseng go reediwa, melato kgatlhanong le ene e le matlhabisa ditlhong.[5] O ne a letlelelwa go emela tsheko kwa ntle letsatsi le le latelang.[6] Ka ngwaga wa 2012, o ne a tshwarwa e le ga masome a mane kwa mogwantong wa letsatsi la baratani wa ngwaga le ngwaga wa WOZA, o o neng o tshwaya dingwaga di le lesome tsa setlhopha seo.[7]
Temogo
[fetola | Fetola Motswedi]
Williams o ne a atswiwa ka seetsele sa puso ya US sa bomme ba mafatshefatshe ba ba pelokgale ka 2007, go bo a nnile sekao sa bopelokgale le boeteledipele ka go berekela phetogo le ditsela tse di seng makgwakgwa. Seetsele se ne se fiwa ke mokwaledi mogolo wa lefatshe Condoleezza Rice.[8] Morago ga dingwaga tse pedi, Williams le moeteledipele ka ene wa WOZA Magodonga Mahlangu ba ne ba atswiwa ka seetsele sa ditshwanelo tsa setho sa ga Robert F. Kennedy , se se neng se abiwa ke tautona wa US Barack Obama. Kwa moletlong, Obama o ne a re bobedi joo bo supeditse bomme ba WOZA le batho ba Zimbabwe gore ba ka fenya kgatelelo ya ba ba gatelelang ka maatla a bone, mo go abeng setsele seo, o ne a atla bomme bao.[9]
Ka letsatsi la bomme la mafatshefatshe ka ngwaga wa 2012, Williams o ne a atswiwa ka mpho ya Amnesty International ya Ginetta Sagan, e e lemogang bomme ba ba berekang go sireletsa matshelo a bomme le bana mo mafelong a go gataka ditshwanelo tsa batho go tlwaelesegileng.[10] Seetsele se abilwe ka ntlha ya tiro ya gagwe go rotloetsa le go ruta bomme go amogela le go netefatsa gore ba bona ditshwanelo tsa bone mo Zimbabwe.[11] Marina Schuster o ntse a tsibosa batho ka tiro ya ga William mo thulaganyong ya balweladitshwanelo tsa setho ya dipuso tsa Jeremane.
Lolwapa
[fetola | Fetola Motswedi]Williams o nyetswe ke rametlaklase, o ba nang le bana ba ba godileng ba le bararo le ene. Barwa Williams ba bababedi ba ne ba sala kgaitsadia bone morago go ya United Kingdom ka dingwaga tsa 2000 morago ga matshosetsi a go tsenya basimane bao mo sesoleng. Morago ga go kobiwa mo tirong gantsi monna wa gagwe o ne a sala bana morago go tswa kwa Zimbabwe. Williams o setse kwa Zimbabwe a salela go lwela tshiamiso le ntswa go tshwenngwa ke puso go ne go golela pele.[2] Ka nako ya gagwe Williams o batlisisa ka losika lwa gagwe lwa ditso tsa Irish le Matebele.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 6 7 Elizabeth Day (9 May 2009). "The woman who took on Mugabe". The Guardian. Retrieved 23 April 2026
- 1 2 3 4 5 6 7 Dugger, Celia W. (17 October 2008). "From Underground, Leading a March for Democracy". The New York Times. Retrieved 23 April 2026
- ↑ "Prisoner of conscience: Jenni Williams" (PDF). Amnesty International. Archived from the original (PDF) on 2 September 2011. Retrieved 23 April 2026
- ↑ "Zimbabwe: End Crackdown on Peaceful Demonstrators". Human Rights Watch. 28 October 2008. Retrieved 23 April 2026
- ↑ Jacobson, Celean (2 July 2008). "US calls for Zimbabwe to free rights activists". USA Today. Associated Press. Retrieved 23 April 2026
- ↑ "Woza Leaders Jenni Williams and Magodonga Mahlagu Released on Bail". Amnesty International. 4 July 2008. Archived from the original on 11 March 2011. Retrieved 23 April 2026
- ↑ "Still Fighting Despite the Odds". Amnesty International. 9 March 2012. Retrieved 23 April 2026
- ↑ Shoko, Bertha (8 June 2012). "US government honours WOZA's Jenny Williams". The Standard. Archived from the original on 10 January 2020. Retrieved 24 April 2026
- ↑ "Obama awards – and kisses – Zimbabwe women activists". BBC News. 24 November 2009. Retrieved 24 April 2026
- ↑ "The Ginetta Sagan Fund". Amnesty International. 2011. Retrieved 24 April 2026
- ↑ Hager, Sarah (26 March 2012). "Celebrating a Fearless Human Rights Defender, Jenni Williams". Amnesty International. Retrieved 24 April 2026