Jennifer Steyn
Jennifer Steyn | |
|---|---|
| Tsalo | 29 October 1961 George, South Africa |
| Alma mater | University of Cape Town |
| Tiro | Actress |
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 1985–present |
Jennifer Steyn (o tshotswe ka Phalane a le masome mabedi le boferabongwe 1961) ke modiragatsi wa Aforika Borwa.[1][2] O itsege thata ka dikarolo tse a di tshamekang mo difiliming tsa thelebišene jaaka; Madam & Eve, Jacob's Cross le Fallen.[3]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Steyn o tshotswe Phalane a le masome mabedi le boferabongwe 1961 kwa George, Aforika Borwa. Ka 1983, o ne a aloga kwa Yunibesithing ya Motsekapa (UCT) ka Diploma ya BA ya Modiragatsi mo Puong le Drama. O nyetse modiragatsi Nicky Rebelo.[4][3]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 2000, o ne a tshameka karolo ya "Tillie de Wet" mo motseletseleng wa difilimi tsa Onder Draai die Duiwel Rond. Morago ga moo o ne a tlhagelela mo motseletseleng wa Soul Buddyz a tshameka karolo ya ga Arlene.[3] Ka 2001, o ne a tsenelela metlae ya e.tv ya tshegiso ya Madam & Eve ka seabe sa "Marge".[4] Morago ga go tuma, o ne a boeletsa seabe sa gagwe mo pakeng ya bobedi. Ka 2005, o ne a tshameka mo motseletseleng wa thelebišene wa ditlhamane tsa maranyane wa Charlie Jade a tshameka karolo ya "Andrea Bridger". Ka 2006, o ne a dira karolo ya "Bodine" mo motseletseleng wa metlae wa SABC3 wa Shado's.[5]
Ka 2007, o ne a tlhagelela mo drameng ya metshameko ya e.tv ya Shooting Stars a tshameka karolo ya "Marjorie Goldstein". Mo ngwageng o o latelang, o ne a dira karolo e nngwe ya go tshegetsa ya "Gloria" mo pakeng ya boraro ya drama ya M-Net ya Jacob's Cross.[3] Nngwe ya dikarolo tsa gagwe tse dikgolo mo thelebišeneng e ne ya tla ka motseletsele wa metlae wa SABC1 wa Abo Mzala, kwa a neng a tshameka karolo ya "Mme Fleming".[1] O ne a tswelela go tshameka karolo eno dingwaga di le tharo ka go latelana go fitlha paka ya boraro e fela ka 2018. Fa nako e ntse e ya, o ne a bona tshono ya go tlhagelela mo motseletseleng wa drama wa SABC1 wa Fallen ka karolo ya "Deborah Churchill".[5][4][6]
Kwa ntle ga tsone, o ne a tlhagelela gape mo difiliming tse dintsi tsa thelebišene le mo difiliming tsa sesepa tse di jaaka; End of the Road, Jozi Streets, Justice for All, Jozi-H, The Human Family, The Principal, The Big Time, Clean Hands and Natural Rhythm. In the meantime, she made several notable appearances in the films across many genre such as: Cry the Beloved Country, Master Harold and the Boys, Gums and Noses, Goodbye Bafana, Red Dust, The Lovers, Merlin: The Return, Glory Glory, Pure Blood, Borderline, Duma, Free Fall, Windprints, Zimbabwe, Night Drive le Black Butterflies.[1][7] Ka 2005, o ne a tshameka mo filiming ya ditiragalo tse di sa tlwaelesegang ya Hollywood ya Duma e e neng e kaelwa ke Carroll Ballard. Ka 2007, Steyn o ne a tlhophiwa go bona Sekgele sa Modiragatsi yo o Gaisang ka ntlha ya seabe sa gagwe mo filiming ya Goodbye Bafana kwa Dikabong tsa Difilimi le Thelebišene tsa Aforika Borwa. (SAFTA).[5][3]
Ntle le difilimi le thelebišene, o ne a diragatsa mo metshamekong ya bobogelo ya Aforika Borwa: The Fall of the House of Usher, Under Milkwood, Angels in America, Anthony and Cleopatra, Macbeth, King Lear, The Woman Who Cooked Her Husband, Old Boys and Green Man Fishing.[8] Ka ntlha ya seabe sa gagwe mo drameng ya Green Man Flashing, o ne a tlhophiwa go bona Fleur du Cap ya Modiragatsi yo o Gaisang mme moragonyana ya Dietsele tsa Dalro.[3] Go sa le jalo, o ne a gapa gape sekgele sa Fleur du Cap sa Modiragatsi yo o Gaisang ka ntlha ya seabe sa gagwe mo motshamekong wa thelebišene wa Borithane wa Blue Remembered Hills. Jaaka motaki wa lentswe, o ne a ranolela lentswe la gagwe mo dipapatsong tse dintsi tsa thelebishene tsa matshwaoakgwebo; BMW, Exclusive Books, Land Rover, Stuttafords, MTN, FNB, Liberty Life, Staysoft, le Edgars.[5] Ka 2020, kwa Fleur de Cap, o ne a tlhophiwa go nna Modiragatsi yo o Gaisang wa The Goat or who is Sylvia le Modiragatsi yo o Gaisang wa Motshegetsi wa Aunty Merle it’s a Girl.[4]
Badiragatsi
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Filimi | Karolo | Genre | Ref. |
|---|---|---|---|---|
| 1992 | No Hero | Kim Curtis | Film | |
| 2000 | Onder Draai die Duiwel Rond | Tillie de Wet | TV series | |
| Soul Buddyz | Arlene | TV series | ||
| 2001 | Madam & Eve | Marge | TV series | |
| 2005 | Charlie Jade | Andrea Bridger | TV series | |
| Sorted | Guest role | TV series | ||
| 2006 | Shado's | Bodine | TV series | |
| 2007 | Shooting Stars | Marjorie Goldstein | TV series | |
| 2008 | Jacob's Cross | Gloria | TV series | |
| 2010 | Home Affairs | Prof Edwards | TV series | |
| 2011 | Abo Mzala | Mrs Fleming | TV series | |
| Fallen | Deborah Churchill | TV series | ||
| The Wild | Surgeon/Dr Winters | TV series | ||
| 2021 | Slumber Party Massacre | Kay Thorn |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 "Jennifer Steyn: APM". Artistes Personal Management. Archived from the original on 16 November 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "ACTOR FOCUS: Jennifer Steyn". The Next 48hOURS. 10 March 2016. Archived from the original on 16 November 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
- 1 2 3 4 5 6 "Jennifer Steyn - ESAT". esat.sun.ac.za. Archived from the original on 16 November 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
- 1 2 3 4 "Jennifer Steyn - CPT". Owen S Management. Archived from the original on 27 January 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
- 1 2 3 4 "Jennifer Steyn: TVSA". www.tvsa.co.za. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "A Conversation with Jennifer Steyn". Sarafina Magazine. 11 April 2017. Archived from the original on 9 November 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Jennifer Steyn". afternoonexpress.co.za. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Jennifer Steyn stars in Scenes from an Execution: Artsvark". Archived from the original on 16 March 2017. Retrieved 29 Phalane 2025.