Jeremia Nambinga
Jeremia Nambinga | |
|---|---|
| Tsalo | Morule a le lesome le boraro ngwaga wa 1946 |
| Letso | Namibian |
| O itsegi ka | Mr Nambinga |
| Mosadi | Hileni Namutenya Nambinga |
| Bana | Ba le barataro |
Jeremia Nambinga ( o o tshotsweng ka Morule a le lesome le boraro ngwaga wa 1946) ke mopolotiki wa kwa Namibia. Fa e sale ka 2008, Nambinga e ntse e le leloko la Rally for Democracy and Progress (RDP), e le tautona wa phathi go tswa ka 2015 go tsena 2018.
Tsa Pereko
[fetola | Fetola Motswedi]E le leloko la bogologolo la SWAPO, Nambinga e ne e le mothusa tona wa selegae le leloko la palamente ya Namibia go tswa ka 1995. Ka 2000, o ne a fudusediwa kwa lephateng la dikgolegelo kwaa nenga bereka e le mothusa tona go fitlhelela ka 2004. Mo ditlhophong tse di latelang o ne a rata go latlhegelwa ke lefelo la gagwe kwa palamenteng, e le wa masome matlhano le borataro mo lenaaneng la SWAPO ka ditilo di le masome matlhano le botlhano tse di fentsweng. O ne a tsenga gape e le ba ditilo tse di kwa morago fa Philemon Malima a ithola marapo moragonyana ga ditlhopho.[1]
Nambinga o ithotse marapo ka Ngwanatsele 2007 morago ga go lebisiwa molato wa go atla go nna mmusomogolo kwa bokopanong jwa SWAPO. Ka Mopitlo 2008, Nambinga o ne a nna leloko la phathi e ntśha ya Rally for Democracy and Progress (RDP).[2] Pele ga ditlhopho tsa ntlha tsa RDP ka Lwetse 2009, Nambinga o ne a nna mo maemong a lesome le bone mo go a le masome a supa le bobedi a a neng a le mo lenaaneng la palamente.[3] O ne a nna tautona wa RDP ka 2015. o ne a tlhophololwa ka tlhopho ya go tlhoka go nna le tumelo mo go ene ka 2017 mme a lwantsha maduo kwa kgotlatshekelong, a fenya. Ka Phatwe 2018 o ne a ithola marapo mo botautoneng jwa phati.[4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Jeremia Nambinga Archived 2011-06-11 at the Wayback Machine at Namibia Institute for Democracy
- ↑ Nambinga joins RDP The Namibian, 13 March 2008
- ↑ RESULTS OF RDP ELECTORAL COLLEGE: MY ANALYSIS Archived 2010-11-16 at the Wayback Machine by Phil Ya Nangoloh, Namrights previously National Society for Human Rights of Namibia (NSHR), 22 September 2009
- ↑ Tjitemisa, Kuzeeko (10 August 2018). "Nambinga resigns as RDP president…vows to never join Swapo". New Era. p. 1.