Jump to content

Jesaya Nyamu

Go tswa ko Wikipedia

Jesaya Nyamu ( o o tshotsweng ka Mopitlo a le malatsi a a masome mabedi ngwaga wa 1942) ke mopolotiki wa kwa Namibia.[1] Ke leloko la phathi ya Rally for Democracy and Progress (RDP), e ne e le leloko la maemo a ntlha la SWAPO go tswa ka 1964, fa a ne a iphalotsa go fitlha ka 2002, fa a kobelwa go tlhoka go nna kutlo mo phathing.[2]E ne e le leloko la komiti ya legare ya SWAPO go tswa ka 1975 go fitlhelela a lelekiwa mo phathing ka 2002. Ka ngwaga wa 2007, o ne a kwadisa phathi e ntsha ya polotiki ya Rally for Democracy and Progress, ga dumalanwa ka mowa o mongwe fela gore a nne mokwaledi mogolo wa phathi ka 2008.[3] O ne a tlhophiwa go nna mopalamente mo ditlhophong tsa lefatshe tsa 2009, a ntse a le ka fa tlase ga RDP.

Ka botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Nyamu o tshotswe ka Mopitlo a le malatsi a a masome mabedi ngwaga wa 1942 kwa Oshigambo, kwa kgaolong ya Oshikoto (e e kwa Ovamboland) batsadi ba gagwe e le Abyatar Nyamu le Albertine Shipanga.

Go iphalotsa

[fetola | Fetola Motswedi]

Nyamu o ne a tshaba a na le SWAPO ka 1964. Pele o ne a tshabela kwa Tanganyika (kwa e leng Tanzania gompieno), a tloga a ya United States, Nyamu o ithutetse itsholelo kwa University of California kwa Berkeley. Morago ga go aloga, Nyamu o ne a ya kwa Soviet Union, kwa a ithutetseng go loga maano a itsholelo teng. Morago ga thuto ya gagwe, o ne a nna moemedi wa SWAPO kwa mafatsheng,wa tlhwatlhwa mo Aforika; ditiro tsa gagwe di ne di akaretsa go amanya SWAPO le mafatshe a Tanzania le Zambia. Go tswa ka 1976 go tsena 1989, Nyamu e ne e le mothusa mokwaledi wa ditshedimosetso kwa Luanda,Angola, go tswa ka 1989 go tsena 1985 a nna moemedi was SWAPO kwa Addis Ababa, Ethiopia.

Nyamu o ne a nna mothusa mokwaledi wa sennela ruri kwa lephateng la mafatshe a sele ka boipuso ka ngwaga wa 1990. Ka 1991, Nyamu o ne a fudusediwa kwa lephateng la meepo le kgothetso, kwa a neng a le mothusa tona go tswa ka 1991 go tsena 1999, a nna tona go tswa ka 1999 go tsena 2002.

Go kobiwa le go tlhamiwa ga RDP

[fetola | Fetola Motswedi]

Nyamu o ne a lelekwa kwa SWAPO ka 2002 go bo a ne a sena kutlo, fa go itsewe gore Nyamu o kwadile mokwalo ka gore o ka senya jang taolo ya ga Sam Nujoma, go akaretsa go tlhama phathi e ntsha ya sepolotiki. Ka ngwaga wa 2007,Nyamu o ne a kwadisa phathi e ntsha ya sepolotikj ya Rally for Democracy and Progress, e maikaelelo a yone e leng go nyenyafatsa SWAPO mo palamenteng, kwa SWAPO e nang le ditilo di le masome a matlhano le botlhano mo go tse di masome a supa le bobedi. Ka Ngwanatsele 2007, motshabi o mongwe wa SWAPO Hidipo Hamutenya o ne a ikopanya le Nyamu go nna baeteledipele ba phathi e ntsha; Nyamu o ne a tlhomamisiwa go nna mokwaledi wa phathi kwa bokopanong jwa yone jwa ngwaga le ngwaga ka 2008.

Ka Lwetse 2010, Nyamu le mapolotiki a mangwe a kganetso a robabobedi a ne a ikanisiwa jaaka maloko a palamente morago ga go gana go tsaya karolo dikgwedi di le thataro ka ntlha ya ditlhopho tse di sa lolamang tsa 2009.[4]

  1. KlausDierks.com biographies I–Q
  2. Former Swapo stalwart launches new political party Mail & Guardian, 18 November 2007
  3. Hamutenya Elected RDP President New Era, 9 December 2008
  4. Full house The Namibian, 15 September 2010