Jump to content

Jesesi Mungoshi

Go tswa ko Wikipedia

Jesesi Mungoshi (also Jesese Mungoshi) Ke modiragatsi wa difilimi wa kwa Zimbabwe. O simolotse tiro ye ka 1989, mo filiminge e bidiwang, African journey.[1]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo ponatshegong ya pele, Mungoshi o ne a tlhagelela mo kgatisong ya 1989 le mo go tse pedi tsa 1990 tsa filimi ya lelapa ya thelebišene ya ga George Bloomfield, African Journey, eo gape e neng e na le: Jason Blicker, Katja Blomquist, Allan Jordan, Ulla Mahaka le ba bangwe.[ 1]

Ka 1991, o ne a tlhagelela mo filiming ya ga Godwin Mawuru e e bidiwang, Neria, mo a neng a tshameka karolo ya "Neria". Ditokololo tse dingwe tsa batshameki di akaretsa Dominic Kanaveli le Violet Ndlovu gareng ga ba bangwe.[ 2][3]

Gape, o ne a tlhagisiwa mo filiming e khutshwane ya 1993 ya ga Farai Sevenzo e e bitswang, Rwendo, e e neng e na le Yemi Goodman Ajibade, Ben Daniels, Eldinah Tshatedi le Frank Windsor.[ 4]

Ka ngwaga wa 2017, o ne a tlhagelela mo filiming ya metlae ya marato, Cook Off, e e neng ya tsamaisiwa ke Tomas Brickhill, mo a neng a tshameka karolo ya botlhokwa jaaka "Gogo". Filimi e, e ne e le ya ntlha go tlhagisiwa kwa Zimbabwe morago ga puso e telele ya ga Robert Mugabe, e ne ya tlhagisiwa kwa UK ka di 27 Phukwi 2019.[ 9]

Ka go lemoga seabe sa gagwe mo indasetering ya difilimi tsa Zimbabwe, o ne a tlotliwa ka Lifetime Achievement Award ke Yunibesiti ya Great Zimbabwe ka Motsheganong 2017 kwa Masvingo.[1] [10]

Filimi ya 2020, Shaina, eo a neng a tshameka le ba bangwe ba ba tswang kwa Zimbabwe jaaka: Marian Kunonga, Charmaine Mujeri le ba bangwe, e ne ya akgolwa thata kwa moseja. [11][12][13][14]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O ne a nyetswe ke mokwadi wa kwa Zimbabwe, motshameki le mmoki, Charles Mungoshi, yo, go ya ka The Zimbabwe Mail le This is Africa, a tlhokafala ka 16 Tlhakole 2019 kwa Harare, Zimbabwe morago ga go lwala dingwaga di le 10 a le dingwaga di le 71. Ba ne ba na le bana ba le batlhano: Farai, Graham, Nyasha, Charles, le Tsitsi, mme ka nako ya loso lwa gagwe ba ne ba na le ditlogolo di le supa.[ [17] [18] Balekane mmogo le morwa wa bone, Farai ba ne ba rata go dira difilimi.[ 19]

[1] "African Journey (1989)". IMDb. Retrieved 19 November 2020.

[2] "Neria (1991)". IMDb. Retrieved 18 November 2020.

[3] "Neria (1993)". Letterboxd. Retrieved 19 November 2020.

[4] "Rwendo (1993)". IMDb. Retrieved 18 November 2020.

[5] "Cook Off (2017)". IMDb. Retrieved 18 November 2020.

[6] Dray, Kayleigh. "Netflix's Cook Off: everything you need to know about this record-breaking film". Stylist. Retrieved 19 November 2020.

[7] "Film Review | Cook Off". New Frame. Retrieved 19 November 2020.

[8] "DURBAN: Rising star Tendai Chitima and veteran Jesesi Mungoshi in Zim's first post-Mugabe film". New Zimbabwe. Africa News Agency. 22 July 2018. Retrieved 19 November 2020.

[9] "Zimbabwe's first post-Mugabe feature film – to premiere in the UK". Bulawayo24. 25 July 2019. Retrieved 19 November 2020.

[10] Kachiko, Tafadzwa (22 May 2017). "GZU honours Jesesi Mungoshi". NewsDay Zimbabwe. Retrieved 19 November 2020.

[11] Makuwe, Munashe (22 August 2020). "US embassy praises Zimbabwe film production, Shaina". London: New Zimbabwe. Retrieved 19 November 2020.

[12] "NEW MOVIE "SHAINA" DELIVERS POWERFUL HEALTH MESSAGES THROUGH A COMPELLING STORY ABOUT YOUNG ZIMBABWEANS". USAID. 21 August 2020. Archived from the original on 23 May 2021. Retrieved 19 November 2020.

[13] Darmalingum, Yuveshen (20 August 2020). "ZTV TO AIR NEW MOVIE 'SHAINA' IN ZIMBABWE". NextTV Africa. Archived from the original on 27 November 2020. Retrieved 19 November 2020.

[14] Zimoyo, Tafadzwa (21 August 2020). "Zimbabwe: Shaina Premières On ZBCTV Today". All Africa. Harare: The Herald. Retrieved 19 November 2020.

[15] "Danai Gurira play comes to Harare". The Zimbabwe Mail. 18 September 2019. Retrieved 19 November 2020.

[16] "African Journey (1990)". IMDb. Retrieved 18 November 2020.

[17] "Author and actor Charles Mungoshi dead at 71, family announces". The Zimbabwe Mail. 16 February 2019. Retrieved 19 November 2020.

[18] Chatora, Andrew (18 February 2019). "Zimbabwe: Charles Lovemore Mungoshi – Eulogy to Greatness". All Africa. Hilversum: This is Africa. Retrieved 19 November 2020.

[19] Moyo, Andrew (12 October 2015). "Charles Mungoshi does the big screen". Mahanda Radio. Retrieved 19 November 2020.