Jessica Alupo
Jessica Rose Epel Alupo (o tshotswe ka kgwedi ya Motsheganong ale masome amabedi le boraro(23) ka ngwaga wa 1974) o itsege thata ka Jessica Alupo, ke mmadipolotiki wa kwa Uganda yo e leng motlatsa Tautona wa borobongwe le wa ga jaana wa Uganda go tloga ka ngwaga wa 2021. Gape ke morutabana e bile e kile ya bo e le modiredimogolo wa sesole. O kile a direla mo kabineteng ya Uganda jaaka Tona ya Thuto magareng ga ngwaga wa 2011 le ngwaga wa 2016. Gape ke leloko la palamente le le tlhophilweng jaaka moemedi wa basadi wa Kgaolo ya Katakwi mo Palamenteng ya bolesome le bongwe ya Uganda. [1]
Botshelo le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Jessica Alupo o belegwe kwa Kgaolong ya Katakwi ka kgwedi ya Motsheganong ele masome a mabedi le boraro(23) ka ngwaga a 1974. O ne a tsena sekolo sa Apuuton Primary School. O ne a ya kwa Sekolong sa Basetsana sa Kangole go ithutela dithuto tsa gagwe tsa O-Level. O ne a ya go ithutela dithuto tsa gagwe tsa A-Level kwa Sekolong se Segolo sa Ngora. Alupo o ne a katisitswe jaaka motlhokomedi wa kantini ya sekolo se segolwane pele a tsenela khoso ya batlhankedi kwa Uganda Junior Staff College kwa Jinja. O na le dikirii ya Bachelor of Arts mo go tsa saense ya dipolotiki le tsa puo, e a e boneng ka ngwaga wa 1997 kwa Yunibesithing ya Makerere. O ne a bona dikirii ya gagwe ya ntlha ya master, e leng ya Master of Arts mo dikamanong tsa boditšhabatšhaba le tsa bodipolomasi, kwa Yunibesithing ya Makerere ka ngwaga wa 2008. O na gape le Dipoloma ya Tsamaiso ya Setšhaba le Tsamaiso, e a e boneng ka ngwaga wa 2008 go tswa kwa Uganda Management Institute (UMI). Dikerii ya gagwe ya bobedi ya master ke Masters in public administration and management, e a e boneng ka ngwaga wa 2009, gape go tswa kwa Yunibesithing ya Makerere.[2]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Mo dingwageng tse di fetileng, Jessica o ne a bereka ditiro tse di farologaneng, go akaretsa: Ke le mogokgo wa Sekolo sa Katakwi Primary School kwa toropong ya Katakwi, Kgaolo ya Katakwi, kwa Kgaolong ya Botlhaba jwa Uganda Ke motlhatlheledi kwa Uganda Urban Warfare Training School, Singo, Nakaseke District, Central Region of Uganda Jaaka motlhankedi wa matlhale kwa Chieftaincy of Military Intelligence kwa Kampala, motsemogolo wa Uganda.[3]
Ka ngwaga wa 2001, o ne a tsena mo dipolotiking jaaka moemedi wa basadi wa kgaolo ya Katakwi. O ne a tsenela tlhopho ka thekete ya National Resistance Movement (NRM). O ne a fenya mme a tlhophiwa gape ka ngwaga wa 2006. Ka ngwaga wa 2009, o ne a tlhophiwa go nna tona wa puso wa dikgang tsa bašwa le bana. Ka ngwaga wa 2011, o ne a tlhophiwa gape go nna moemedi wa palamente ya gagwe. Ka phetolo ya kabinete ya kgwedi ya Motsheganong ele masome a mabedi le boraro(23) ka ngwaga wa 2011, o ne a tlhatlosediwa maemo a go nna Tona ya Thuto le Metshameko. [4]O ne a tsaya maemo a ga Namirembe Bitamazire, yo o neng a ntshiwa mo kabineteng.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Alupo o nyetswe ke Innocent Tukashaba.[5]Go begwa fa a rata go bala, go dira ditiro tsa setšhaba le go eta.[6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Samuel Muhimba (14 June 2021). "Parliament approves Jessica Alupo as Vice President of Uganda". Nile Post Uganda. Kampala. Retrieved 16 June 2021.
- ↑ Uganda Parliament (2011). "Profile of Alupo Jessica Rose Epel". Parliament of Uganda. Archived from the original on 4 March 2016. Retrieved 6 December 2014.
- ↑ Vision Reporters (17 February 2009). "New Appointees Excited About Jobs". New Vision (Kampala). Archived from the original on 11 December 2014. Retrieved 6 December 2014.
- ↑ Mukasa, Henry (28 May 2011). "Museveni Names New Cabinet". New Vision (Kampala). Archived from the original on 11 December 2014. Retrieved 6 December 2014.
- ↑ Katende, Norman (9 July 2011). "Minister Jessica Alupo Introduces Today". New Vision (Kampala). Archived from the original on 11 December 2014. Retrieved 6 December 2014.
- ↑ "Minister Jessica Alupo introduces today". www.newvision.co.ug. Retrieved 2019-06-01