Jessica Motaung
Jessica Kaizer Motaung (o tshotswe ka kgwedi ya Phatwe ele masome amabedi le boraro(23) ka ngwaga wa 1973) ke motho wa mo sesupaditswantsho wa Aforika Borwa, motsamaisi wa metshameko, le mofenyi wa kgaisano ya bontle.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Motaung o ne a tlhophiwa go nna motsamaisi wa papatso wa Kaizer Chiefs Football Club ka ngwaga wa 2003.[1]
Ka ngwaga wa 2023 o ne a tlhophiwa go nna motlatsa-moporesidente wa CAF African Clubs Association (ACA).[2]
Ka ngwaga wa 2025 o ne a tlhophiwa go nna leloko la FIFA Men's Football Stakeholders Committee. [3]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Motaung o belegwe ke mogokgo wa kgwele ya dinao Kaizer Motaung le mosadi wa gagwe Valeta (née Julegka) kwa Johannesburg mme ke ngwana wa boraro mo baneng ba le batlhano.[4] Jessica Motaung o na le bomonnawe ba le bararo Thabo (1969 - 2012), Bobby (yo o tshotswe ka ngwaga wa 1970), Kaizer Jnr (yo o tshotswe ka ngwaga wa 1981), le kgaitsadie yo mmotlana Kemiso (yo o tshotswe ka ngwaga wa 1979).[5]
Mmabontle
[fetola | Fetola Motswedi]Mohumagadi Gauteng
O ne a fenya serwalo sa Miss Gauteng ka ngwaga wa 1997.[6]
Mohumagadi Afrika Borwa
Motaung e ne e le kgarebe ya ntlha ya mmampodi wa Miss South Africa 1997 Kerishnie Naicker. Ka ntlha ya fa Naicker a ne a sa kgone go tsenela kgaisano ya Miss World, o ne a tlhophiwa go emela Afrika Borwa kwa Miss World 1997.
Mohumagadi wa Lefatshe
O ne a tlhophiwa go nna kgosigadi ya bobedi ya Miss World 1997 e bong Diana Hayden wa kwa India. O ne a fenya leina la Miss World Africa 1997.[7]
Kgwele ya Dinao
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 1998 e ne e le motshwaramegolo wa Speak Out, lenaneo la dikgang la dipatlisiso le le dirilweng ke South African Broadcasting Corporation.
Dietsele/Dimpho
[fetola | Fetola Motswedi]- Miss World 1997: Second Princess
- Miss South Africa 1997: First Princess
- Miss Gauteng 1997
- Women's Day Awards, seven most influential women in South Africa. (2014)[8]
- Top Ten, South Africa's most influential women (2015)[9]
- Honoured by Protea Glen Secondary School as one of South Africa's most influential women (2020)[10]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Online, Central News (27 June 2025). "Kaizer Chiefs Ready to Invest in Talent, Says Jessica Motaung | Central News South Africa". Retrieved 31 October 2025
- ↑ Mkhwanazi, Keletso. "Kaizer Chiefs' Jessica Motaung shines in Arica". Daily Sun. Retrieved 31 October 2025
- ↑ Biyela, Lunga (26 August 1972). "Kaizer Chiefs' powerhouse Jessica Motaung kicks off a new chapter at FIFA". The Star. Retrieved 31 October 2025
- ↑ Eze, chidimma (9 July 2021). "Inside Kaizer Motaung's Large Family With Wife Valeta Motaung and Their Five Children". AnswersAfrica.com. Retrieved 31 October 2025
- ↑ Seleme, Rae (14 November 2022). "Jessica Motaung shares challenges of working with siblings, father". The South African. Retrieved 31 October 2025
- ↑ Reporter, Staff (8 August 1997). "Anatomy of a queen". The Mail & Guardian. Retrieved 31 October 2025
- ↑ [permanent dead link
- ↑ "Protea Glen Secondary awards influential women of SA". Soweto Urban. 12 September 2014. Retrieved 14 February 2021
- ↑ "Top 10: South Africa's most influential women". Northern Natal News. 8 August 2015. Retrieved 14 February 2021.
- ↑ "PGSS honours Jessica Motaung". Soweto Urban. 17 March 2015. Retrieved 14 February 2021