Jestina Mukoko

Jestina Mukoko ke molwela-ditshwanelo tsa setho wa kwa Zimbabwe e bile ke mokaedi wa Porojekete ya Kagiso ya kwa Zimbabwe. Ke mmegadikgang ka katiso e bile e kile ya bo e le mmadi wa dikgang wa Koporase ya Kgaso ya Zimbabwe .
Ka Mopitlo 2010, Mukoko e ne e le mongwe wa basireletsi ba le lesome ba ditshwanelo tsa setho ba ba neng ba tlotliwa mo Kabodietseleng ya Boditšhabatšhaba tsa Basadi ba ba Bopelokgale tsa Lephata la Merero ya Mafatshe la Amerika go basadi ba ba bontshitseng bopelokgale le boeteledipele jo bo kgethegileng mo go tswelediseng ditshwanelo tsa basadi. Gape o ne a tlhophiwa go nna moithuti ka 2010 wa Setheo sa Oak sa Thuto ya Ditshwanelo Tsa Setho sa Boditšhabatšhaba kwa Colby College.[1]
Go thopiwa le go tshwarwa
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Sedimonthole a thola malatsi a mararo ka ngwaga wa 2008, Mukoko o ne a thopiwa bosigo go tswa kwa legaeng la gagwe kwa bokone jwa Harare. Dumisani Muleya wa Business Day o begile gore o "thopilwe ke baemedi ba go belaelwang e le ba puso ka ntlha ya go bo gotwe o ne a amega mo maanong a ditshupegetso tse di kgatlhanong le puso."
Morago ga moo o ne a bolelela lekwalodikgang la The Independent gore o ne a isiwa go ya go botsolodiwa ka ga mokgatlho wa gagwe o e seng wa puso, e leng Porojeke ya Kagiso, e ka nako eo a neng a latofadiwa ka go thapa basha go katisediwa bosole le Mokgatlho wa kganetso wa Movement for Democratic Change. O ne a itewa mo dikgatong tsa dinao tsa gagwe ka dithupa tsa raba (tse go bolelwang gore e ne e le sedirisiwa se se ratiwang thata sa go tlhokofatsa sa puso kwa Zimbabwe ka gonne ga di tlogele matshwao ape a a ka nnang a bonala fa a tlhagelela kwa kgotlatshekelong moragonyana).[2]
Morago ga malatsi a le mararo, o ne a neelwa setlhopha se sengwe sa babotsolotsi ba ba neng ba re ke badiredi ba "molao le tolamo". O ne a tshosediwa ka "go ka nyelediwa" fa a ka tlhopha go se nne mosupi wa dikgetsi tse go tweng di dirilwe tsa katiso ya sesole.[2]
Batho ba ba tlhageletseng mo lefatsheng go akaretsa Gordon Brown le Condoleezza Rice ba ne ba gatelela gore a gololwe.[2] Se se bidiwang "Setlhopha sa Bagolwane", go akaretsa Jimmy Carter, Kofi Annan le Graça Machel, ba ka nako eo ba neng ba sa letelelwe go tsena kwa Zimbabwe, ba ne ba dira boikuelo jwa gore Mukoko a gololwe kwa bokopanong jwa babegadikgang kwa Aforika Borwa.[2]
Kgotlakgolo ya ditsheko ya Zimbabwe e ne ya laela Mapodisi a lefatshe la Zimbabwe go batla Mukoko. Taelo e ne ya tlhokomologiwa ke mapodisi a a neng a ganela gore ga a itse gore o kae.[2]
Go sa le jalo, Mukoko o ne a patelesega go khubama mo godimo ga matlapa dioura di le dintsi fa a ntse a botsolodiwa go leka go mo pateletsa go saena pego ya gore o thapile lepodise la pele mo dipaakanyetsong tseo. Boemo jwa gagwe jwa botsogo bo ne jwa nna maswe le go feta mme kgabagare o ne a newa melemo ya go alafa diallergy tse di masisi. O ne a patelesega go bala mokwalo mo setshwantshong le gatelelwa go dumela gore o na le kgolagano le lepodise la pele Fidelis Mudimu. O ne a utlwa mongwe a re ba kwa ntlong ya masole a ga Kgosi George VI kwa ntle ga Harare.[2]
O ne a feleletsa a boleletswe gore ene le motho yo mongwe yo o neng a thopilwe, modirikaene, Broderick Takawera, ba ne ba le mo diatleng tsa mapodisi. O ne a tsamaisiwa fa gare ga diteishene tse di farologaneng tsa mapodise mme a patelesega go tsamaya le mapodise fa ba phuruphutsha legae la gagwe le ofisi. [2]
Ka Sedimonthole a le masome a mabedi le bone, lekwalodikgang la puso Herald le ne la bega gore Mukoko o ne a tlhagelela kwa kgotlatshekelong kwa Harare ka ditatofatso tsa go leka go thapa batho go katisediwa bosole go leka go menola puso.[3] O ne a ise a kgone go buisana le babueledi. O ne a tlhagelela kwa kgotlatshekelong le batho ba bangwe ba le supa ba ba neng ba thopilwe, go akaretsa le monna wa dingwaga di le masome a supa le bobedi le mosimane wa dingwaga di le pedi yo rraagwe le mmaagwe, Violet Mupfuranhehwe le Collen Mutemagawo, le bone ba neng ba golegilwe.[2]
Ka Mopitlo wa 2009, dikgwedi di le tharo morago ga go thopiwa ga gagwe, Mukoko o ne a gololwa go ya go letela tsheko kwantle. Maemo a gagwe a go letlela tsheko kwa ntle ga kgolegelo a ne a mo tlhoka gore a ipege kwa seteisheneng sa mapodise sa lefelo la gaabo kwa Norton beke le beke le go neela pasa ya gagwe ya mesepele.
Ka Lwetse a le masome a mabedi le motso ka 2009, Kgotlakgolo ya ditsheko ya Zimbabwe e ne ya laela gore ditsheko tsa bosenyi kgatlhanong le Mukoko di emisetswe ruri. Amnesty International e ne ya amogela tshwetso eo, e tshwaela ka gore ditatofatso tseo di dumelwa thata fa di dirilwe ka boferefere ke puso ya ga Mugabe jaaka karolo ya leano le le anameng la go didimatsa baganetsi ba sepolotiki ba ba akanyediwang. Ka fa tlase ga sekhurumelo sa thulaganyo ya go nna batsadi ba dipalamente tsa Jeremane ya balwela-ditshwanelo tsa setho, lepolotiki la Mojeremane e bong Marina Schuster o ntse a lemotsha batho ka tiro ya ga Mukoko.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "2010 Oak Fellow: Jestina Mukoko". oakinstitute.colby.edu. Retrieved 4 December 2024.
- 1 2 3 4 5 6 7 8 Howden, Daniel (17 January 2009). "Jestina Mukoko: 'Mugabe's henchmen came for me before dawn'". The Independent. https://www.independent.co.uk/news/world/africa/jestina-mukoko-mugabes-henchmen-came-for-me-before-dawn-1418260.html. Cite error: Invalid
<ref>tag; name "Independent Howden 17.1.2009" defined multiple times with different content. - ↑ "Seized Zimbabwe activist in court". BBC Online. 24 December 2008. https://news.bbc.co.uk/2/hi/africa/7798600.stm.