Jo-Anne Reyneke
Jo-Anne Reyneke (yo tshotsweng ka di 2 tsa ga Seetebosigo 1988) Ke modiragaditsi wa ditshwantsho tsa motshikhinyego,gape ele motswedi wa letswe wa ko Aforika Borwa ,yo o itsegeng thata ka karolo e a e tshamekileng mo motshamekong o o neng o supiwa mo SABC 2 o o bidiwang Muvhango ele Pearl, ga mmogo le mo go wa e.tv o o bidiwang Rhythm City , ele ene Prudence Oliphant wa mookamedi wa ofisi ko Redemption Records.[1]
Botshelo Jwa Gagwe ele mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Jo-Anne Reyneke o tsholetswe ko Vereeniging, kwa kgaolong ya Gauteng, a tsalwa ke mme mmaagwe wa motho montsho wa letso la seZulu le rre rragwe wa motho mosweu.[2] O godisitswe le kgaitsadie ko Pietermaritzburg,mo kgaolong ya KwaZulu-Natal ke mme mmaagwe ale nosi. O kile a bua ka fa a neng a romulwa ka teng ko a goletseng teng ka ane ale mmala o moswaana ga mmogo le dikarolo tse dingwe tsa gagwe tse di supang go tlhakana ga letso ga gagwe. O tsene sekolo ko Russel High School,ko a kgatlhegetseng tsa bodiragatsi teng. e rile a fetsa dithuto tsa gagwe tsa mophato wa lesome le bobedi, a ya go ikwadisa ko sekolong sa Movietech Film and Televison School ko Durban ko a ithutileng go diragatsa ga mmogo le tsa mmino.[3]
Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Mme Reyneke o simolotse tiro ya gagwe ya bodiragatsi ko The Playhouse Company ko Durban, fa a ne a le mo motshamekong wa ga Duma Ndlovu wa The Game, a nale Mary Twala,Lucia Mthiyane ga mmogo le Sindi Dlathu. Yaanong,ka Duma Ndlovu e ne ele ene mong wa motshameko, mme e bile ele mookamedi wa tsa tlhagiso ya Muvhango, Reyneke o ne a nna le monyetla wa go tsaya karolo ya ga Pearl mo motshamekong o, e le mookamedi wa baeng. Karolo e, ke yone e mo phunyeleditseng mo tirong ya gagwe, ka a ne a kgona go lemogiwa.[4] Ka ngwaga wa 2013, a tswa mo Muvhango, a ya kwa Intercexions, pele ga ya go iponagatsa mo Rhythm City, mo ngwageng ole mongwe fela. O ne a tswelela ka go iponagatsa gape a tshameka dikarolo tse di tlotlegileng mo metshamekong ka go farologana ga yone jaaka: High Rollers, Isidingo le Scandal!. Ka 2018, a nna moanelwamogolo a bidiwa Sli, mo motshamekong wa SABC 1 yo o bidiwang Side Dish. Ka 2019 gone, a iponagatsa mo bodiragatsing jwa tsa metlae ko mafaratlhatlheng a BET, mo motshamekong o bidiwa Black Tax a nale Jason Goliath le Mamodibe Ramodibe.[5] Mo nakong ya gompieno, ke mongwe wa baanelwa ba ba botlhokwa ene le Aubrey Poolo mo motshamekong wa TheEstate mo SABC 3.
Botshelo Jwa Gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2018, Reyneke o ne a tsena mo botsalanong jwa lerato le Thami Mngqolo, yo o neng a tshameka karolo ya ga Senzo Dlomo mo Generations nako ya teng. Bobedi jo, jwa nna le bana bale babedi eleng Uvolwethu yo tsetsweng ka 2013, le Lungelo yo ene a tsetsweng ka 2015. Ya re ka 2018,morago ga dingwaga di le lesome ba le mmogo, ba bo ba kgaogana.[6][7]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- "Jo-anne Reyneke". TVSA. 7 June 2016. Retrieved 24 April 2020.
- "10 Things You Didn't Know About Joanne Reyneke". Youth Village. 7 June 2016. Archived from the original on 17 October 2020. Retrieved 24 April 2020.
- "10 Things You Didn't Know About Joanne Reyneke". Times Live. 28 March 2018. Retrieved 24 April 2020.
- Mgujulwa, Nolusindiso (3 December 2019). "Jo-Anne Reyneke bags role in new BET comedy show". Drum. Retrieved 23 August 2020.
- "Jo-Anne Reyneke sets the record straight on marriage rumors". W24. 8 July 2019. Retrieved 24 April 2020.
- "Jo-Anne Reyneke on dating as a single mother: "Once kids are involved, everything changes"". parent24. 31 January 2020. Retrieved 24 April 2020.
- ↑ "Jo-anne Reyneke". TVSA. 7 June 2016. Retrieved 24 April 2020.
- ↑ "10 Things You Didn't Know About Joanne Reyneke". Youth Village. 7 June 2016. Archived from the original on 17 October 2020. Retrieved 24 April 2020.
- ↑ "10 Things You Didn't Know About Joanne Reyneke". Times Live. 28 March 2018. Retrieved 24 April 2020.
- ↑ "WATCH: Jo-Anne Reyneke Secures Lead Role On New Comedy Series". Zalebs. 4 December 2019. Retrieved 24 April 2020.[permanent dead link]
- ↑ Mgujulwa, Nolusindiso (3 December 2019). "Jo-Anne Reyneke bags role in new BET comedy show". Drum. Retrieved 23 August 2020.
- ↑ "Jo-Anne Reyneke sets the record straight on marriage rumors". W24. 8 July 2019. Retrieved 24 April 2020.
- ↑ "Jo-Anne Reyneke on dating as a single mother: "Once kids are involved, everything changes"". parent24. 31 January 2020. Retrieved 24 April 2020.[dead link]