Johannes Nakwafila
Johannes Kamati Nakwafila (o o tshotsweng ka Phatwe a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 1957 kwa kgaolong ya Ohangwena) ke mopolotiki wa kwa Namibia. Ke morutabana ka tiro, o sale a nna leloko la khansele ya Namibia fa e sale ka 2004 le mokhanselara wa kgaolo ya botlhophi ya Epembe fa e sale ka 1999.[1]
Thuto le Pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Nakwafila ke sealogane sa sekolo se segolwane sa Ongwediva High School ka 1977 le sa ithutelo ditiro sa Ongwediva College ka 1979. Go tswa ka 1980 go tsena 1992, Nakwafila o berekile e le morutabana le motsamaisi wa sekolo sa Epembe sa Nehale, le a le mogokgo kwa sekolong se sebotlana sa Omishe ka 1992. O ne a tsena mo sepolotiking a bereka mo khanseleng ya ohangwena go tswa ka 1992 go tsena 1998; a nna leloko la komiti ya khansele ya Ohangwena go tswa ka 1999 go tsena 2004; e ne e le morulaganyi wa kgaolo wa SWAPO go tswa ka 1993 go tsena 1998, gape e le leloko la khansele ya boraro ya lefatshe ya kgaolo ya Ohangwena go tswa ka 2004 go tsena 2010; a nna leloko la khansele ya bone gape go tswa ka 2010 go tsena 2015. Nakwafila o berekile e le mokhanselara wa Epembe fa e sale ka 1999; a nna mo komiting ya madi a setśhaba le itsholelo go tswa ka 2005 go tsena 2010; mothusa modulasetilo wa komiti ya madi a setśhaba le itsholelo go tswa ka 2011 go tsena 2015.[2]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Johannes Nakwafila Archived 2011-06-11 at the Wayback Machine at Namibian Institute for Democracy, 2007
- ↑ "Home".