Jump to content

John Kamyuka

Go tswa ko Wikipedia

John Kamyuka (o tshotswe ka kgwedi ya Ferikgong e thola lesome le bongwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le borobabongwe (1989) ke motshameki wa Botswana wa go thuma, yo o itsegeng thata ka go thuma ka mokgwa wa go thuma o le nosi. [1]O ne a nna mongwe wa baithuting ba ntlha ba Botswana, mmogo le Samantha Paxinos go gaisana mo metshamekong ya Di-Olimpiki tsa ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi (2008) tsa Selemo, a feleletsa a le mo gare ga ba ba masome a supa le botlhano (75) ba maemo a a kwa godimo mo metshamekong ya banna ya 50m freestyle . [2] 2]

Kamyuka o ne a amogela taletso ya FINA go tsenela dikgaisano tsa go thuma a le nosi mo setlhopheng sa Botswana sa 50 m freestyle kwa Metshamekong ya Di-Olimpiki tsa ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi (2008) kwa Beijing. [2]Kamyuka o ne a thuma mo heat 5 mme a fitlha mo maemong a borataro ka go taboga ka lobelo lwa metsotswana e 25,54. Kamyuka o ne a retelelwa ke go tsenela makgaolakgang, ka a ne a beilwe mo maemong a bosupa le bobedi mo go ba le masome a robongwe le bosupa ba ba neng ba thuma mo dikgaisanong tsa makgaolakgang.[3]

  1. Evans, Hilary; Gjerde, Arild; Heijmans, Jeroen; Mallon, Bill; et al. "John Kamyuka". Olympics at Sports-Reference.com. Sports Reference LLC. Archived from the original on 18 April 2020. Retrieved 3 December 2012.
  2. Botswana's first ever strong Olympic medal hopefuls". Sunday Standard. 8 October 2008. Retrieved 20 April 2016.[permanent dead link]
  3. Swimming: Men's 50m Freestyle Heat 5". Beijing 2008. NBC Olympics. Archived from the original on 21 August 2012. Retrieved 24 December 2012