Jump to content

John Mutorwa

Go tswa ko Wikipedia
Motlotlegi
John Mutorwa
Mopalamente
Mothusa tona wa Namibia
In office
Tlhakole a robabongwe ngwaga wa 2024  Mopitlo a le masome mabedi ngwaga wa 2025
Prime MinisterSaara Kuugongelwa
Pele Ga GagweNetumbo Nandi-Ndaitwah
Morago Ga GagweNatangwe Ithete
Tona wa tsa pereko le dipalamo
Assumed office
Tlhakole 2018
PresidentHage Geingob
Pele Ga GagweAlpheus !Naruseb
Tona wa temothuo kwa Namibai
In office
2010–2018
PresidentHage Geingob
Pele Ga GagweNickey Iyambo
Morago Ga GagweAlpheus !Naruseb
Tona wa banana le metshameko
Assumed office
2005
PresidentHifikepunye Pohamba Hage Geingob
Morago Ga GagweWillem Konjore
Tona wa thuto go tswa kwa moding
In office
1995–2004
PresidentSam Nujoma
Pele Ga GagweNahas Angula
Morago Ga GagweNangolo Mbumba
Ka Ga Ena
O tsetswePhatwe a le lesome le bosupa ngwaga wa 1957
South West Africa
Mosetshaba waNamibian
MokgatlhoSouth West Africa people's Organization (SWAPO
Mo/BakapeloAgnes Mutorwa ka 1991
BonnoWindhoek
Alma materUnivesrity of Fort Hare University of Namibia
TiroMopolotiki
TiroMorutabana

John Mutorwa (o o tshotsweng ka Phatwe a le lesome le bosupa ngwaga wa 1957) ke mopolotiki wa kwa Namibia o o berekileng e le mothusa tonakgolo le tona wa dipalalamo.[1] Ke leloko la SWAPO, o berekile mo palamenteng ya Namibia le e le tona go tswa ka 1992 go tsena 2020.[1]

Botshelo jwa a le mmotlana le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

A tsholetswe kwa Nyangana kwa kgaolong ya Okavango, Mutorwa o tsene sekolo kwa University of Fort Hare, kwa a neng a aloga ka 1984. O ne a dira B.A ka 1995 kwa University of Namibia. Ka 2002, a dira masters degree kwa University of Montana.[2]

Morago ga thuto ya gagwe kwa Fort Hare, Mutorwa o ne a boela kwa Kavangoland, kwa a berekileng e le morutabana le mogokgo go tswa ka 1985 go tsena 1990. O bereketse le le makgotla a lekang go baakanya botsalano jwa malgotla, e le mokwaledi wa phimolo dikeledi, phuduso le tshidilo maikutlo ya komiti ya kereke ya Roma ya tshiamiso le kagiso go tswa ka 1988 go tsena 1989.[3]

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga boipuso jwa Namibia ka 1990, Mutorwa o ne a tsena mo pusong e le molaodi wa kgaolo ya Kavango, Omega le Tsumkwe. Ka 1992, o ne a nna leloko la palamente gape e le tona. O ne a tlhomiwa mothusa tona wa lephata la metsi mo ofising ya ga tautona ka 1992 le mothusa tona wa go tshwara ditlhapi le didirisiwa tsa metsi ka 1994.[2]

Ka 1995 o ne a tlhatlosiwa maemk go etelela pele lephata la thuto go tswa kwa moding, ngwao le metshameko, a nna mo lephateng leo go fitlhelela ka 2005. Fa lephata leo le kgaoganngwa ka 2005, o ne a ne a sala ka lekalana la banana, ditirelo tsa lefatshe, metshameko le ngwao, ka 2010 o ne a fudusediwa kwa maemong a tona wa temothuo,metsi le dikgwa. Mo botautoneng jwa ga Hage Geingob,Mutorwa o ne a tswelela a nna mo maemong a tona wa temothuo,metsi le dikgwa ka Mopitlo 2015.[4] Ka Tlhakole 2018, Mutorwa o ne a tlhomiwa tona wa tsa ditiro le dipalamo.[5] Ka Tlhakole 2024, Mutorwa o ne a thapiwa ke tautona wa pele Nangolo Mbumba go nna mothusa tonakgolo le tona wa ditiro le dipalamo, maemo a a nnileng mo go one go fitlhelela ka Mopitlo 2025.[1]

Mutorwa o ne a fiwa tlotla a o o gaisitseng, wa maemo a ntlha, ka botswerere mo tirong ka Phatwe 2024, ke tautona Nangolo Mbumba.[6]

  1. 1 2 3 Petersen, Shelleygan (2024-02-09). "Mutorwa is new deputy PM, as Mbumba shuffles Cabinet". The Namibian. Retrieved 2025-10-20.
  2. 1 2 John Mutorwa at Namibia Institute for Democracy Archived June 11, 2011, at the Wayback Machine
  3. "John Mutorwa – profile". Parliament of Namibia. Retrieved 20 October 2025
  4. "Geingob announces Cabinet". The Namibian. 20 March 2015.
  5. Immanuel, Shinovene; Kahiurika, Ndanki (9 February 2018). "Geingob recycles his problems". The Namibian. p. 1.
  6. "President Mbumba confers national honours | nbc". www.nbcnews.na. Retrieved 2025-20-10