John Redcliffe-Maud, Baron Redcliffe-Maud
John Primatt Redcliffe Redcliffe-Maud, Baron Redcliffe-Maud, GCB, CBE [1] (o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi ale mararo ka ngwaga wa 1906 – o tlhokafetse ka kgwedi ya Ngwanatsele e le malatsi a masome mabedi ka ngwaga wa 1982), e ne e le modireladipuso wa Borithane le modipolomate.[2][3]
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Maud o tsholetswe kwa Bristol,o tsene sekolo kwa sekolong se segololwane sa Eton le ko New College kwa Oxford. O ne a tsaya maemo a bobedi mo dithutong tsa bogologolo ka ngwaga wa 1928 le a ntlha mo dikwalong tsa botho ('Bagaka') ka ngwaga wa 1928.[4] Kwa Oxford e ne e le leloko la Mokgatlho wa bodiragatsi wa Yunibesithi ya Oxford (OUDS). Ka ngwaga wa 1928, o ne a bona thuso ya madi a ngwaga o le mongwe ya ga Henry P. Davison kwa Yunibesithing ya Harvard[5] kwa a neng a newa setlankana sa A.B. ka ngwaga wa 1929.[6] Go tloga ka ngwaga wa 1929 go fitlha ka ngwaga wa 1932 e ne e le mmatlisisi yo mmotlana wa Kholetšhe ya Yunibesithi, Oxford mme go tloga ka ngwaga wa 1932 go fitlha ka 1939 e ne e le mmatlisisi (Motlhophi wa Dipolotiki)[7] le mogogi wa sekolo se segololwane. O ne a neelwa Scholarship sa go Tsamaya sa Rhodes go ya kwa Aforika ka ngwaga wa 1932 mme a nna motlhatlheledi wa yunibesithi wa Dipolotiki kwa Yunibesithing ya Oxford, mo dingwageng tsa 1938–1939.[6]
Tirelosetšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]Ka nako ya ntwa ya mafatshe ya bobedi (II),e ne e le Mogolo wa Kholetšhe ya Birkbeck, Lontone (go simolola ka ngwaga wa 1939– go ya ko ngwageng wa 1943)[8] mme gape o ne a tlhomilwe kwa Reading Gaol, a direla mo Lephateng la Dijo. O ne a tlhomiwa go nna Molaodi wa Taolo ya Mmusomogolo wa Borithane ka ngwaga wa 1942,[9] mme morago ga ntwa o ne a direla kwa Lephateng la Thuto (go simolola ka ngwaga wa 1945– go ya ko ngwageng wa 1952), a tlhatloga go nna mokwaledi wa sennela ruri gone koo,o ile gape a tswelelela kwa Lephateng la Leokwane le Motlakase go fitlhelela ka ngwaga wa 1958. O ne a dirwa Molaodi wa Mogogoro wa Mokgatlho wa Bath ka ngwaga wa 1946,[10] o ne a tlhatlosediwa kwa Sefapaanong se Segolo sa Knight ka ngwaga wa 1955.[11] Gareng ga tse dingwe, Maud o ne a tlhagelela mo thulaganyong ya BBC ya The Brains Trust ka ngwaga wa 1958. E ne e le Moemedi Mogolo wa Kopano ya Aforika Borwa go tloga ka ngwaga wa 1959 go fitlha ka ngwaga wa 1961, le Moemedi go tloga ka ngwaga wa 1961, fa lefatshe le ikemela ka bo nosi le tswa mo Mafatsheng a Selekane. Ka ngwaga wa 1963, o ne a nna Master wa Kholetšhe ya Yunibesithi, kwa Oxford, kwa a neng a le moithuti pele ga ntwa.
Komiti ya Maud
[fetola | Fetola Motswedi]
Ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 1964, Maud o ne a tlhomiwa ke Tona ya Matlo le Puso ya selegae Sir Keith Joseph, ka kopo ya mekgatlho ya khansele ya selegae, gore a etelele pele komiti ya lephata le le lebileng botsamaisi jwa puso ya selegae. Komiti ya ga Maud e ne ya bega dingwaga di le tharo moragonyana.[12] Mo tsamaisong ya dipatlisiso, Maud o ne a tlhophiwa go etelela pele khomišene ya segosi ka ga phetogo ya puso yotlhe ya selegae kwa Enyelane. O ne a neelwa sekao sa botshelo, a pataganya maina a gagwe[13] go nna Baron Redcliffe-Maud, wa Toropo le Kgaolo ya Bristol ka ngwaga wa 1967.[1]
Pego ya Khomišene ya Segosi ya Puso ya selegae kwa Enyelane, e e neng e itsege thata jaaka Pego ya Redcliffe-Maud, e ne ya gatisiwa ka ngwaga wa 1969. E ne e buelela go fetolwa ga melelwane ya khansele ya selegae ka bontsi le setheo sa makgotla a magolo a a nang le kutlwano e e theilweng mo molaomotheong wa go tlhakanya magae le ditoropo. E ile ya amogelwa ke puso ya Badiri ya ga Harold Wilson e nale diphetogo tse dinnye,kganetso e e ileng ya tswa kwa metseselegaeng e ne ya dira gore kganetso ya poloko e e ganetse mme ga go a tsewa kgato epe e nngwe morago ga gore Ba-Poloko ba fenye ditlhopho ka kakaretso tsa ngwaga wa 1970.[14]
Go tlogela tiro
[fetola | Fetola Motswedi]O ne a tlogela tiro e le Master of University College ka ngwaga wa 1976, mme a tlhatlhangwa ke mmueledi yo o eteletseng pele ebong Lord Goodman. Setshwantsho sa gagwe sa 1973 se se tshwatshitsweng ke Ruskin Spear se ka bonwa kwa Lefelong la Bosetšhaba la Pontsho, London.[16][17] Setshwantsho se sengwe se lepeleditswe kwa ntlolehalahala kwa Kholetšheng ya Yunibesithi kwa Oxford.
Lelwapa
[fetola | Fetola Motswedi]Redcliffe-Maud o ne a nyalane le Mme Jean Hamilton, yo o tseneng kwa Kholetšheng ya Somerville, kwa Oxford. Ngwana wa gagwe ebong Humphrey Maud, e ne e le mongwe wa basimane ba Benjamin Britten a neng a ba rata thata fa a ne a santse a le kwa Eton. Sir John o ne a tswa ka metlhale ya go fokotsa ketelo ya ga Humphrey kgapetsakgapetsa go nna le Britten a le esi. Tiragalo eno e tlhalosiwa mo mokwalong wa ga John Bridscut ka Britten's Children.[18]
Loso le Boswa
[fetola | Fetola Motswedi]John Redcliffe-Maud o bokoketswe kwa mabitleng a Holywell, kwa Oxford. Polokelo ya gagwe e tshwerwe ke metlobo ya dibuka ya Sekolo sa Itsholelo sa London.[19] Redcliffe-Maud House kwa Kholetšheng ya Yunibesithi e e bidiwang "Stavertonia" kwa Oxford Bokone e bidiwa ka ene go mo tlotla.[15]
Dibuka
[fetola | Fetola Motswedi]- Redcliffe-Maud, John, Experiences of an Optimist: The Memoirs of John Redcliffe-Maud. London: Hamish Hamilton, 1981. (ISBN 0-241-10569-2.)[20]
- Redcliffe-Maud, Lord, & Wood, Bruce, English Local Government Reformed. Oxford University Press, 1974. ISBN 0-198-88091-X.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "No. 44362". The London Gazette. 11 July 1967. p. 7641.
- ↑ "Maud, John Primatt Redcliffe Redcliffe-, 1906–1982, Baron Redcliffe-Maud of Bristol, civil servant and diplomat". AIM25. UK. Retrieved 19 January 2015
- ↑ "The Oxford Dictionary Of National Biography". Oxford Dictionary of National Biography (online ed.). Oxford University Press. 2004. doi:10.1093/ref:odnb/31427. (Subscription or UK public library membership required
- ↑ Oxford University Calendar 1932, Oxford : Oxford University Press, 1932, pp. 263, 312
- ↑ Oxford University Calendar 1932, Oxford : Oxford University Press, 1932, p.344
- 1 2 Who's Who, 1965, London : A. & C. Black, 1965, p.2063
- ↑ Oxford University Calendar 1935, Oxford : Oxford University Press, 1935, p.274
- ↑ Principals and Masters". Birkbeck University of London. Retrieved 3 October 2019.
- ↑ No. 35586". The London Gazette (Supplement). 5 June 1942. p. 2489.
- ↑ No. 37598". The London Gazette (Supplement). 4 June 1946. p. 2759.
- ↑ "No. 40366". The London Gazette (Supplement). 31 December 1954. p. 3.
- ↑ "Management of Local Government", Committee on the Management of Local Government, HMSO, 1967.
- ↑ "No. 44349". The London Gazette. 23 June 1967. p. 7032.
- ↑ Wood, Bruce (1976). The Process of Local Government Reform 1966–74. George Allen & Unwin. pp. 74–75.
- 1 2 "A short history of Stavertonia". University College, Oxford. Retrieved 9 Phalane 2025.
- ↑ John Primatt Redcliffe-Maud, Baron Redcliffe-Maud". National Portrait Gallery, London. Retrieved 6 December 2012.
- ↑ John Primatt Redcliffe-Maud, Baron Redcliffe-Maud by Ruskin Spear". Art UK. Retrieved 19 January 2015.
- ↑ John Bridcut, Britten's Children, Faber and Faber, 2006. ISBN 0-571-22839-9.
- ↑ "Redcliffe-Maud". LSE Archives. London School of Economics. Retrieved 6 December 2012.
- ↑ Sisson, C.H. (6 August 1981). "The company he keeps". London Review of Books. 3 (14): 15–16. Retrieved 9 Phalane 2025.