John Ya-Otto
John Ya-Otto | |
|---|---|
| Tsalo | Tlhakole a le lesome, ngwaga wa 1938 |
| Leso | Motsheganong a le masome mabedi le botlhano, ngwaga wa 1994 |
John Ya-Otto (o o tshotsweng ka Tlhakole a le lesome ngwaga wa 1938 a tlhokafala ka Moranang a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 1994) e ne e le morutabana, mopolotiki, mokwadi le moemedi kwa mafatsheng wa kwa Namibia.
A tsholetswe kwa Ovamboland, lefelo le le seegetsweng kwa thoko beng gae kwa South West Africa kwa go neng go eteletswe pele ke Aforika Borwa ka molao wa League of Nations, o ne a tsenngwa kwa Keetmanshoop ke mmangwaneagwe ka bokukuntshwane kwa Borwa jwa Namibia, mme a supa fa a tsholetswe koo.[1] Se se ne sa mo letla go rutiwa le go bereka ga sennela ruri mo lefelong le le neng le tshwenngwa ke mapodisi kwa batho bantsho ba neng ba letlelelwa fela fa ba tsile go dira tiro nngwe ka boagedi jwa nakwana.
O tsene sekolo kwa Rhenish School kwa Tsumeb le sekolo se segolwane sa Augustineum kwa Okahandja, kwa a neng a aloga ka setlankana sa borutabana. O ne a ruta kwa sekolong sa BaHerero kwa Old Location kwa Windhoek. Ya-Otto o simolotse pereko mo go tsa sepolotiki morago ga kganyaolo ya Old Location ya 1959. Ya-Otto o ne a nna bontlha jwa mokgatlho o mosha wa SWAPO, a tloga a nna bontlha jwa baeteledipele ba lekgotla leo a le mo maemong a motshwarelela mokwaledi, le e le morulaganyi wa pampiri ya dikgang ya SWAPO, fa bontsi jwa baeteledipele ba SWAPO ba akaretsa tautona Sam Nujoma, ba ne ba tshabile.[2]
O ne a tshwarwa ka 1966 morago ga ntwa ya Ongulumbashe, e e neng e le ya ntlha ya sesole gareng ga SWAPO le sesole sa Aforika Borwa le mapodise kwa bokone jwa Namibia. Ene le ba bangwe ba le masome mararo le borataro, o ne a lebisiwa molato wa go tshosetsa baagi mo molaong o mosha wa Aforika Borwa. Jaaka mongwe wa ba ba neng ba tshwerwe ba itse puo ya Sekgowa le Afrikaans, o ne a na le seabe mo go baakanyeng tsheko ya go ipuelela le mmueledi wa bone Joel Carson.[3] Bontsi jwa ba ba neng ba lebisitswe molato ba ne ba atlholelwa dingwaga di le masome mabedi mo kgolegelong kwa Robben Island. Le fa go ntse jalo, Ya-Otto ga a nna ke seabe sepe mo kgololesegong ya sesole, o ne a seegelwa kwa thoko dingwaga di le tlhano,[4] a tloga a bulelwa.[1]
Ka dingwaga tsa 1970 o ne a le teng ka nako ya mogwanto wa 1971 go tsena 1972 wa babereki ba dikonteraka kwa Namibia. O ne a tswelela ka go rulaganyetsa SWAPO, mme a tshwarwe gangwe le gape. Ya-Otto o ne a felela a tshaba a ya go bereka e le mokwaledi wa SWAPO kwa Lusaka go fitlhelela ka 1979 le kwa Luanda.[5] O ne a dira botsalano le makgotla a bagwebi mo lefatsheng ka bophara.
Ka ngwaga wa 1976, o ne a nna modulasetilo wa komiti ya Ya Otto e e neng e tlhotlhomisa go sa dumalane ka dikakanyo mo SWAPO. Ka 1981, o ne a gatisa buka ya gagwe e e nosi ya Battlefront Namibia, e e neng e ikaegile ka dipuisano tse di tseneletseng tsa ga Ole Gjerstad le go kgaratlhela boipuso. Fa a baakanyetsa ditlhopho tse di neng di eteletswe pele ke UN tsa boipuso, o ne a boela kwa Namibia ka Seetebosigo 1989 a tlhophiwa mo palamenteng ya Namibia e e kwadileng molaomotheo wa Namibia o o ikemetseng, le morago ga go tsaya boipuso ka Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 1990, o ne a tswelela ka go nna mo palamenteng ya Namibia. Morago o ne a bewa moemedi wa Angola.
O tlhokafetse ka Motsheganong a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 1994.[6] Ka 2010, Ya-Otto o ne a neelwa tlotla a sena go tlhokafala ya "Yo o gaisistseng".[7]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Ya-Otto, John (1981). Battlefront Namibia : an autobiography. Internet Archive. Westport, Ct : L. Hill & Co. ISBN 978-0-88208-132-8.
- ↑ Liswaniso, Mwaka (31 October 2014). "John Ya-Otto: Trade Unionist, Politician, Author and Diplomat". New Era.
- ↑ Joel Carlson: No neutral ground. New York: Crowell, 1973
- ↑ "Suppression of Communism Act, No. 44 of 1950 approved in Parliament | South African History Online". www.sahistory.org.za. Retrieved 2025-09-10.
- ↑ Pütz, Von Egidy, Caplan: Namibian handbook and political Who's Who. Windhoek: The Magus Company, 1979
- ↑ Obituary: John Ya-Otto Independent, 15 June 1994
- ↑ "Honouring Ya Otto", New Era (Windhoek) 13 September 2010